LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Lefitiko 19
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Lefitiko

      • Melao e e amanang le se se boitshepo (1-37)

        • Go roba ka tsela e e tshwanetseng (9, 10)

        • Go akanyetsa bosusu le difofu (14)

        • Go senya motho leina (16)

        • O se ka wa tshwara sekgopi (18)

        • Maselamose le go dirisana le badimo ga di amogelesege (26, 31)

        • Go ikwala matshwao mo mmeleng ga go amogelesege (28)

        • Go tlotla batho ba ba tsofetseng (32)

        • Go dirisana le batswakwa (33, 34)

Lefitiko 19:2

Ditshupiso

  • +Lef 11:44; Isa 6:3; 1Pe 1:15, 16; Tsh 4:8

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    7/1/2009, ts. 9

Lefitiko 19:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “boife.”

Ditshupiso

  • +Ek 20:12; Bae 6:2; Bah 12:9
  • +Ek 20:8, 11; 31:13; Luk 6:5

Lefitiko 19:4

Ditshupiso

  • +Lef 26:1; Pes. 96:5; Hab 2:18; 1Bk 10:14
  • +Ek 20:4, 23; Dut 27:15

Lefitiko 19:5

Ditshupiso

  • +Lef 3:1
  • +Lef 7:11, 12

Lefitiko 19:6

Ditshupiso

  • +Lef 7:17, 18

Lefitiko 19:9

Ditshupiso

  • +Lef 23:22; Dut 24:19

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    6/15/2006, ts. 22-23

    12/1/2003, ts. 17

Lefitiko 19:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “diterebe; moretlwa.”

  • *

    Kgotsa “bogisiwang.”

Ditshupiso

  • +Dut 15:7

Lefitiko 19:11

Ditshupiso

  • +Ek 20:15; Bae 4:28
  • +Lef 6:2; Dia 12:22; Bae 4:25

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo⁠,

    12/2016⁠, ts. 11-⁠12

Lefitiko 19:12

Ditshupiso

  • +Ek 20:7; Mat 5:33, 37; Jak 5:12

Lefitiko 19:13

Ditshupiso

  • +Dia 22:16; Mar 10:19
  • +Dia 22:22
  • +Dut 24:15; Jer 22:13; Jak 5:4

Lefitiko 19:14

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “hutsa.”

Ditshupiso

  • +Dut 27:18
  • +Lef 25:17; Neh 5:15; Dia 1:7; 8:13; 1Pe 2:17

Lefitiko 19:15

Ditshupiso

  • +Ek 23:3; Dut 1:16, 17; 16:19; 2Dt 19:6; Bar 2:11; Jak 2:9

Lefitiko 19:16

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa gongwe “Ga o a tshwanela go ema fela fa botshelo jwa motho yo mongwe bo le mo kotsing.”

Ditshupiso

  • +Pes. 15:1, 3
  • +Ek 20:16; 1Dk 21:13

Lefitiko 19:17

Ditshupiso

  • +Dia 10:18; 1Jo 2:9; 3:15
  • +Pes. 141:5; Dia 9:8; Mat 18:15

Lefitiko 19:18

Ditshupiso

  • +Dia 20:22; Bar 12:19
  • +Mat 5:43, 44; 22:39; Bar 13:9; Bag 5:14; Jak 2:8

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    4/15/2011, ts. 22

    12/1/2006, ts. 26-⁠27

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 29

Lefitiko 19:19

Ditshupiso

  • +Dut 22:9
  • +Dut 22:11

Lefitiko 19:21

Ditshupiso

  • +Lef 6:6, 7

Lefitiko 19:23

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “a ntse jaaka letlalo la bonna.”

  • *

    Seheb., “a sa rupa.”

Lefitiko 19:24

Ditshupiso

  • +Dut 26:1, 2; Dia 3:9

Lefitiko 19:26

Ditshupiso

  • +Lef 3:17; 17:13; Dut 12:23; Dit 15:20, 29
  • +Ek 8:7; Dut 18:10-12; Bag 5:19, 20; Tsh 21:8

Lefitiko 19:27

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “poma; kgaola.”

  • *

    Kgotsa “go kgaola moriri o o mo dithoko.”

Ditshupiso

  • +Lef 21:1, 5

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    5/15/2004, ts. 24

    Tsogang!,

    2/8/2000, ts. 22-⁠24

Lefitiko 19:28

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ne′phesh.”

  • *

    Kgotsa “go itira tattoo.”

Ditshupiso

  • +Dut 14:1

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    7/15/2003, ts. 27

    Tsogang!,

    8/8/2000, ts. 16-⁠17

Lefitiko 19:29

Ditshupiso

  • +Dut 23:17
  • +Bah 13:4; 1Pe 4:3

Lefitiko 19:30

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “sisimoga.” Seheb., “boifa.”

Ditshupiso

  • +Ek 20:10; 31:13

Lefitiko 19:31

Ditshupiso

  • +Lef 20:6; Dut 18:10-12; 1Dt 10:13; Isa 8:19
  • +Lef 20:27; Dit 16:16

Lefitiko 19:32

Ditshupiso

  • +Dia 16:31; 20:29
  • +Job 32:6; Dia 23:22; 1Ti 5:1
  • +Job 28:28; Dia 1:7; 8:13; 1Pe 2:17

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    10/15/2008, ts. 21

    6/15/2000, ts. 21

    Tsogang!,

    10/8/2004, ts. 16-⁠17

    Boitumelo mo Lelapeng, ts. 149

Lefitiko 19:33

Ditshupiso

  • +Ek 23:9

Lefitiko 19:34

Ditshupiso

  • +Ek 12:49
  • +Ek 22:21

Lefitiko 19:35

Ditshupiso

  • +Dut 25:13, 15; Dia 20:10

Lefitiko 19:36

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ifa e e tlhomameng.” Bona Dintlha B14.

  • *

    Seheb., “hine e e tlhomameng.” Bona Dintlha B14.

Ditshupiso

  • +Dia 11:1

Lefitiko 19:37

Ditshupiso

  • +Lef 18:5; Dut 4:6

Ditemana Tse dingwe

Lefi. 19:2Lef 11:44; Isa 6:3; 1Pe 1:15, 16; Tsh 4:8
Lefi. 19:3Ek 20:12; Bae 6:2; Bah 12:9
Lefi. 19:3Ek 20:8, 11; 31:13; Luk 6:5
Lefi. 19:4Lef 26:1; Pes. 96:5; Hab 2:18; 1Bk 10:14
Lefi. 19:4Ek 20:4, 23; Dut 27:15
Lefi. 19:5Lef 3:1
Lefi. 19:5Lef 7:11, 12
Lefi. 19:6Lef 7:17, 18
Lefi. 19:9Lef 23:22; Dut 24:19
Lefi. 19:10Dut 15:7
Lefi. 19:11Ek 20:15; Bae 4:28
Lefi. 19:11Lef 6:2; Dia 12:22; Bae 4:25
Lefi. 19:12Ek 20:7; Mat 5:33, 37; Jak 5:12
Lefi. 19:13Dia 22:16; Mar 10:19
Lefi. 19:13Dia 22:22
Lefi. 19:13Dut 24:15; Jer 22:13; Jak 5:4
Lefi. 19:14Dut 27:18
Lefi. 19:14Lef 25:17; Neh 5:15; Dia 1:7; 8:13; 1Pe 2:17
Lefi. 19:15Ek 23:3; Dut 1:16, 17; 16:19; 2Dt 19:6; Bar 2:11; Jak 2:9
Lefi. 19:16Pes. 15:1, 3
Lefi. 19:16Ek 20:16; 1Dk 21:13
Lefi. 19:17Dia 10:18; 1Jo 2:9; 3:15
Lefi. 19:17Pes. 141:5; Dia 9:8; Mat 18:15
Lefi. 19:18Dia 20:22; Bar 12:19
Lefi. 19:18Mat 5:43, 44; 22:39; Bar 13:9; Bag 5:14; Jak 2:8
Lefi. 19:19Dut 22:9
Lefi. 19:19Dut 22:11
Lefi. 19:21Lef 6:6, 7
Lefi. 19:24Dut 26:1, 2; Dia 3:9
Lefi. 19:26Lef 3:17; 17:13; Dut 12:23; Dit 15:20, 29
Lefi. 19:26Ek 8:7; Dut 18:10-12; Bag 5:19, 20; Tsh 21:8
Lefi. 19:27Lef 21:1, 5
Lefi. 19:28Dut 14:1
Lefi. 19:29Dut 23:17
Lefi. 19:29Bah 13:4; 1Pe 4:3
Lefi. 19:30Ek 20:10; 31:13
Lefi. 19:31Lef 20:6; Dut 18:10-12; 1Dt 10:13; Isa 8:19
Lefi. 19:31Lef 20:27; Dit 16:16
Lefi. 19:32Dia 16:31; 20:29
Lefi. 19:32Job 32:6; Dia 23:22; 1Ti 5:1
Lefi. 19:32Job 28:28; Dia 1:7; 8:13; 1Pe 2:17
Lefi. 19:33Ek 23:9
Lefi. 19:34Ek 12:49
Lefi. 19:34Ek 22:21
Lefi. 19:35Dut 25:13, 15; Dia 20:10
Lefi. 19:36Dia 11:1
Lefi. 19:37Lef 18:5; Dut 4:6
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
  • 32
  • 33
  • 34
  • 35
  • 36
  • 37
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Lefitiko 19:1-37

Lefitiko

19 Jehofa o ne a tswelela a bua le Moshe a re: 2 “Bua le phuthego yotlhe ya Baiseraele mme o ba reye o re, ‘Lo nne boitshepo ka gonne nna Jehofa, Modimo wa lona, ke boitshepo.+

3 “‘Mongwe le mongwe wa lona a tlotle* mmaagwe le rraagwe,+ mme lo boloke bosabata+ ba me. Ke nna Jehofa, Modimo wa lona. 4 Lo se ka lwa ikobela medimo e e se nang mosola+ e bile lo se ka lwa itirela medimo epe.+ Ke nna Jehofa, Modimo wa lona.

5 “‘Jaanong fa lo ntshetsa Jehofa setlhabelo sa go abelana,+ lo se ntshe ka tsela e e tla dirang gore a lo amogele.+ 6 Se jewe mo letsatsing le go ntshitsweng setlhabelo ka lone le mo letsatsing le le latelang, mme se se salang go fitlha mo letsatsing la boraro se fisiwe ka molelo.+ 7 Le fa go ntse jalo, fa sengwe sa sone se jewa mo letsatsing la boraro, ke selo se se kgopisang se se ka se kang sa amogelwa. 8 Motho yo o se jang o tla otlhaelwa phoso ya gagwe ka gonne o leswafaditse selo se se boitshepo sa ga Jehofa, mme motho yoo o tshwanetse go bolawa.

9 “‘Fa lo roba thobo ya lefatshe la lona, ga lo a tshwanela go roba matlhakore a tshimo ya lona gotlhelele e bile ga lo a tshwanela go sela se se setseng mo tshimong ya lona.+ 10 Gape, ga lo a tshwanela go phutha se se salang mo tshimong ya lona ya morara* kgotsa lwa sela morara o o gasameng mo tshimong. Lo di tlogelele yo o humanegileng*+ le motswakwa. Ke nna Jehofa, Modimo wa lona.

11 “‘Ga lo a tshwanela go utswa,+ ga lo a tshwanela go tsietsa+ e bile ga lo a tshwanela go akelana. 12 Ga lo a tshwanela go ikana ka leina la me lo ikanela se e leng maaka+ mme lwa leswafatsa leina la Modimo wa lona. Ke nna Jehofa. 13 Ga o a tshwanela go direla motho yo mongwe boferefere,+ gape ga o a tshwanela go kgothosa.+ O se ka wa baya tuelo ya motho yo o thapilweng kwa go wena bosigo jotlhe go fitlha mo mosong.+

14 “‘Ga o a tshwanela go tlhapatsa* motho yo o susu kgotsa wa baya sekgopi fa pele ga sefofu,+ mme o tshwanetse go boifa Modimo wa gago.+ Ke nna Jehofa.

15 “‘Ga o a tshwanela go dira tshiamololo fa o atlhola. Ga o a tshwanela go tlhaola mohumanegi kgotsa wa tseela motho yo o humileng kwa godimo.+ O atlhole motho yo mongwe ka tshiamiso.

16 “‘Ga o a tshwanela go tsamaya o senya motho leina mo bathong ba gaeno.+ Ga o a tshwanela go tsenya botshelo jwa motho yo mongwe mo kotsing.*+ Ke nna Jehofa.

17 “‘Ga o a tshwanela go tlhoa morwarrago mo pelong ya gago.+ O dire sotlhe se o ka se kgonang go kgalemela motho yo mongwe+ gore o se ka wa nna le molato wa boleo jaaka ene.

18 “‘Ga o a tshwanela go ipusolosetsa+ kgotsa go tshwarela bomorwa batho bagaeno sekgopi, mme o tshwanetse go rata motho yo mongwe jaaka o ithata.+ Ke nna Jehofa.

19 “‘Lo boloke melao ya me: Ga o a tshwanela go dira gore diruiwa tsa gago tsa mefuta e mebedi di gwelane. Ga o a tshwanela go jala tshimo ya gago ka dipeo tsa mefuta e mebedi+ e bile ga o a tshwanela go apara seaparo se se dirilweng ka ditlhale tsa mefuta e mebedi, di tlhakantswe.+

20 “‘Jaanong fa monna a tlhakanela dikobo le mosadi mme e le lelata le le tlhophetsweng monna yo mongwe, mme gone a ise a rekololwe kgotsa a ise a newe kgololesego, ba tshwanetse go otlhaiwa. Le fa go ntse jalo, ba se ka ba bolawa ka gonne mosadi yoo o ne a ise a gololwe. 21 Monna yoo a tlise setlhabelo sa gagwe sa molato kwa go Jehofa kwa kgorong ya tente ya bokopanelo, phelefu ya setlhabelo sa molato.+ 22 Moperesiti o tla mo ntshetsa setlhabelo sa go itshwarelwa maleo ka phelefu ya setlhabelo sa molato fa pele ga ga Jehofa ka ntlha ya boleo jo a bo dirileng, mme o tla itshwarelwa boleo jo a bo dirileng.

23 “‘Fa lo tsena mo lefatsheng lo bo lo jala setlhare sepe fela sa dijo, lo tshwanetse go tsaya maungo a sone e le a a sa itshekang e bile a ileditswe.* A tla nna a ileditswe* ka dingwaga di le tharo. Ga a tshwanela go jewa. 24 Mme mo ngwageng wa bonê, maungo a sone otlhe a tla nna boitshepo mme e tla bo e le nako ya go itumela fa pele ga ga Jehofa.+ 25 Mme mo ngwageng wa botlhano, lo ka nna lwa ja maungo a sone gore lo tle lo oketse thobo ya lona ka maungo a sone. Ke nna Jehofa, Modimo wa lona.

26 “‘Ga lo a tshwanela go ja sepe se se nang le madi.+

“‘Ga lo a tshwanela go batla ditshupo kgotsa go dira maselamose.+

27 “‘Ga lo a tshwanela go beola* moriri o o mo matlhakoreng a ditlhogo tsa lona* kgotsa lwa fetola tsela e dintlha tsa ditedu tsa lona di lebegang ka yone.+

28 “‘Ga lo a tshwanela go itshega mo nameng ka ntlha ya motho yo o suleng*+ e bile ga lo a tshwanela go ikwala matshwao mo mmeleng.* Ke nna Jehofa.

29 “‘O se ka wa tlontlolola morwadio ka go mo dira seaka,+ gore lefatshe le se ka la dira boaka mme la tlala ka boitsholo jo bo maswe.+

30 “‘Lo tshwanetse go boloka bosabata+ ba me, gape lo tshwanetse go tlotla* lefelo la me le le boitshepo. Ke nna Jehofa.

31 “‘Lo se ka lwa ya kwa go ba ba buang le badimo+ e bile lo se ka lwa kopa kgakololo mo go ba ba bolelelang ditiragalo pele,+ ka gonne ba tla lo itshekolola. Ke nna Jehofa, Modimo wa lona.

32 “‘O eme fa pele ga moriri o mosweu,+ mme o tshwanetse go tlotla motho yo o tsofetseng,+ gape o tshwanetse go boifa Modimo wa gago.+ Ke nna Jehofa.

33 “‘Fa motswakwa a nna mo lefatsheng la lona, ga lo a tshwanela go mo sotla.+ 34 Motswakwa yo o agileng le lona a nne fela jaaka motho wa mo lefatsheng la lona;+ mme o tshwanetse go mo rata jaaka o ithata ka gonne lo ne lwa nna batswakwa kwa lefatsheng la Egepeto.+ Ke nna Jehofa, Modimo wa lona.

35 “‘Ga lo a tshwanela go dirisa dilekanyo tsa go tsietsa fa lo lekanya boleele, bokete kgotsa sepe fela.+ 36 Lo dirise dikale tse di tlhomameng, dilekanyabokete tse di tlhomameng, didirisiwa tse di tlhomameng tsa go lekanya dilo tse di sa eleleng* le didirisiwa tse di tlhomameng tsa go lekanya dilo tse di elelang.*+ Ke nna Jehofa, Modimo wa lona, yo o lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto. 37 Ka jalo, lo tshwanetse go boloka melao ya me yotlhe le ditshwetso tsa me tsotlhe tsa boatlhodi, mme lo tshwanetse go di latela.+ Ke nna Jehofa.’”

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela