LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Esekiele 31
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Esekiele

      • Egepeto, setlhare sa mosedara se se golelang kwa godimo se a wa (1-18)

Esekiele 31:2

Ditshupiso

  • +Jer 46:2; Esk 29:2

Esekiele 31:8

Ditshupiso

  • +Ge 2:8; Esk 28:12, 13

Esekiele 31:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “o.”

Esekiele 31:11

Ditshupiso

  • +Esk 30:10, 11; Hab 1:6

Esekiele 31:12

Ditshupiso

  • +Esk 32:5, 6

Esekiele 31:13

Ditshupiso

  • +Esk 29:5; 32:4

Esekiele 31:15

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Esekiele 31:16

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

  • *

    Kgotsa “mo lebitleng.”

Ditshupiso

  • +Esk 31:9

Esekiele 31:17

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa setlhare sa mosedara sa kwa Lebanona.

  • *

    Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

  • *

    Seheb., “le lebogo la gagwe.”

Ditshupiso

  • +Esk 32:18, 20
  • +Esk 30:6; 32:31

Esekiele 31:18

Ditshupiso

  • +Esk 31:9; 32:19

Ditemana Tse dingwe

Esek. 31:2Jer 46:2; Esk 29:2
Esek. 31:8Ge 2:8; Esk 28:12, 13
Esek. 31:11Esk 30:10, 11; Hab 1:6
Esek. 31:12Esk 32:5, 6
Esek. 31:13Esk 29:5; 32:4
Esek. 31:16Esk 31:9
Esek. 31:17Esk 32:18, 20
Esek. 31:17Esk 30:6; 32:31
Esek. 31:18Esk 31:9; 32:19
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Esekiele 31:1-18

Esekiele

31 Mo ngwageng wa bo11, mo kgweding ya boraro, mo letsatsing la ntlha la kgwedi eo, Jehofa o ne a bua le nna gape a re: 2 “Morwa motho, raya Faro kgosi ya Egepeto le mephato ya gagwe o re,+

‘O tshwana le mang ka bogolo?

 3 Go ne go na le Moasiria, setlhare sa mosedara sa kwa Lebanona,

Se na le dikala tse dintle tse di tshwanang le ditlhatshana tse di kitlaneng tsa moriti, se goletse kwa godimo;

Setlhoa sa sone se ne se le kwa marung.

 4 Metsi a ne a dira gore se gole thata, metswedi e e boteng ya metsi e ne ya dira gore se golele kwa godimo.

Melatswana e ne e dikologile mo se neng se jadilwe gone;

Mesele ya yone e ne e nosetsa ditlhare tsotlhe tsa naga.

 5 Ke gone ka moo se neng sa nna seleele go feta ditlhare tse dingwe tsotlhe tsa naga.

Dikala tsa sone tse dikgolo di ne tsa ntsifala, le dikala tsa sone di ne tsa nna ditelele

Ka ntlha ya metsi a mantsi a a mo metsweding ya sone.

 6 Dinonyane tsotlhe di ne di aga dintlhaga tsa tsone mo dikaleng tsa sone tse dikgolo,

Diphologolo tsotlhe tsa naga di ne di tsalela ka fa tlase ga dikala tsa sone,

Le ditšhaba tsotlhe tse di nang le batho ba bantsi di ne di nna mo moriting wa sone.

 7 Se ne sa nna sentle thata e bile dikala tsa sone di ne tsa nna ditelele thata,

Gonne medi ya sone e ne e le mo metsing a mantsi thata.

 8 Go ne go se na ditlhare tse dingwe tsa mosedara mo tshingwaneng ya Modimo+ tse di neng di tshwana le sone.

Go ne go se na ditlhare dipe tsa mofira tse di neng di na le dikala tse dikgolo jaaka sone,

E bile go ne go se na ditlhare dipe tsa mopolane tse di neng di ka tshwana le dikala tsa sone.

Go ne go se na setlhare sepe se sengwe mo tshingwaneng ya Modimo se se neng se ka nna sentle jaaka sone.

 9 Ke ne ka dira gore se nne sentle, se na le matlhare a mantsi,

Mme ditlhare tse dingwe tsotlhe tsa Edene, e leng tshingwana ya Modimo, di ne di se tswela pelo.’

10 “Ka jalo, seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘E re ka se* ne sa nna seleele thata, sa tsholeletsa setlhoa sa sone kwa marung e bile pelo ya sone e ne ya ikgodisa ka gonne se le kwa godimo thata, 11 ke tla se tsenya mo seatleng sa mmusi yo o maatla go gaisa ditšhaba tse dingwe.+ Eleruri o tla se otlhaya, mme ke tla se latlha ka ntlha ya bosula jwa sone. 12 Mme batswakwa, batho ba ba setlhogo thata mo ditšhabeng, ba tla se rema, mme ba tla se latlhela mo dithabeng, mme matlhare a sone a tla wela mo mekgatšheng yotlhe, e bile dikala tsa sone di tla namalala mo melatswaneng yotlhe e e mo nageng di robagantswe.+ Ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tla tswa mo moriting wa sone di bo di se tlogela. 13 Dinonyane tsotlhe di tla nna mo kutung ya sone e e oleng, mme diphologolo tsotlhe tsa naga di tla nna mo dikaleng tsa sone.+ 14 Seno se tla direga gore go se ka ga nna le setlhare sepe se se gaufi le metsi se se golang se nna seleele thata kgotsa se tsholeletsa setlhoa sa sone kwa marung le gore go se ka ga nna le setlhare sepe se se nosediwang sentle se se ka golelang kwa godimo jaaka tsone. Gonne tsotlhe di tla swa, di tla boela kwa tlase kwa lefatsheng, mmogo le bomorwa batho, ba ba fologelang mo lebitleng.’

15 “Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘Mo letsatsing la fa se fologela mo Lebitleng,* ke tla baka khutsafalo. Ka jalo, ke tla khurumetsa metsi a a boteng ke bo ke thibela melatswana gore metsi a mantsi a se ka a elela. Ke tla dira gore Lebanona e nne lefifi ka ntlha ya sone, mme ditlhare tsotlhe tsa naga di tla omelela. 16 Ke tla roromisa ditšhaba fa go utlwala modumo wa go wa ga sone fa ke se folosetsa mo Lebitleng* mmogo le botlhe ba ba fologelang mo khuting,* mme ditlhare tsotlhe tsa Edene,+ tse dintle thata le tse di di gaisang tsotlhe mo Lebanona, tsotlhe tse di nosediwang sentle, di tla gomodiwa kwa tlase kwa lefatsheng. 17 Di fologetse le ene* mo Lebitleng,* kwa go ba ba bolailweng ka tšhaka,+ mmogo le ba ba mo emang nôkeng* ba ba neng ba nna mo moriting wa gagwe mo ditšhabeng.’+

18 “‘Ke setlhare sefe sa Edene se se neng se tshwana le wena ka kgalalelo le bogolo?+ Le fa go ntse jalo, ruri o tla folosediwa kwa tlase kwa lefatsheng le ditlhare tsa Edene. O tla namalala mo gare ga ba ba sa rupang, le ba ba bolailweng ka tšhaka. Seno se tla diragalela Faro le mephato yotlhe ya gagwe,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.”

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela