LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Esekiele 23
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Esekiele

      • Barwadi ba babedi ba ba sa ikanyegeng (1-49)

        • Ohola le Asiria (5-10)

        • Oholiba le Babelona le Egepeto (11-35)

        • Barwadi ba babedi ba a otlhaiwa (36-49)

Esekiele 23:2

Ditshupiso

  • +Jer 3:6, 7

Esekiele 23:3

Ditshupiso

  • +Lef 17:7; Dut 29:16, 17; Jos 24:14; Esk 20:8

Esekiele 23:4

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Mo go kayang “Tente ya Gagwe.”

  • *

    Mo go kayang “Tente Ya me E mo Go Ene.”

Ditshupiso

  • +1Dk 16:23, 24

Esekiele 23:5

Ditshupiso

  • +1Dk 14:16; 21:25, 26
  • +Hos 2:5
  • +2Dk 15:19; 17:3; Hos 5:13; 7:11

Esekiele 23:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Polelwana eno ka Sehebera e ka tswa e amana le lefoko le le kayang “boloko” mme e dirisitswe e le go bontsha letlhoo.

Ditshupiso

  • +Hos 5:3

Esekiele 23:8

Ditshupiso

  • +Ek 32:1, 4; 1Dk 12:28, 29; 2Dk 10:29

Esekiele 23:9

Ditshupiso

  • +2Dk 15:29; 1Dt 5:26

Esekiele 23:10

Ditshupiso

  • +Hos 2:10
  • +2Dk 17:6; 18:11

Esekiele 23:11

Ditshupiso

  • +Jer 3:6-8; Esk 16:46, 47

Esekiele 23:12

Ditshupiso

  • +2Dk 16:7

Esekiele 23:13

Ditshupiso

  • +2Dk 17:19

Esekiele 23:16

Ditshupiso

  • +Esk 16:29

Esekiele 23:18

Ditshupiso

  • +Jer 3:2; Esk 16:36, 37
  • +Pes. 106:39, 40; Jer 6:8; 12:8

Esekiele 23:19

Ditshupiso

  • +Esk 16:25
  • +Esk 20:7

Esekiele 23:21

Ditshupiso

  • +Jos 24:14
  • +Esk 23:3

Esekiele 23:22

Ditshupiso

  • +Esk 16:37; Hab 1:6
  • +Jer 6:22; 12:9

Esekiele 23:23

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ba ba biditsweng.”

Ditshupiso

  • +Esk 21:19
  • +2Dk 24:2
  • +Jer 50:21

Esekiele 23:24

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Thebe e nnye e gantsi e neng e tsholwa ke bahulametswi.

Ditshupiso

  • +Jer 39:5

Esekiele 23:25

Ditshupiso

  • +Esk 15:7; 20:47

Esekiele 23:26

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “mekgabisa.”

Ditshupiso

  • +Jer 13:22; Tsh 17:16
  • +Isa 3:18-23; Jer 4:30; Esk 16:39

Esekiele 23:27

Ditshupiso

  • +Isa 27:9; Esk 16:41; 22:15
  • +Esk 23:3

Esekiele 23:28

Ditshupiso

  • +Jer 21:7

Esekiele 23:29

Ditshupiso

  • +Dut 28:49, 51
  • +Esk 16:36, 37, 39

Esekiele 23:30

Ditshupiso

  • +Jer 2:18
  • +Pes. 106:35, 36; Esk 6:9; 23:7

Esekiele 23:31

Ditshupiso

  • +Jer 3:8; Esk 16:46, 47
  • +2Dk 21:13; Jer 25:15; Dan 9:12

Esekiele 23:32

Ditshupiso

  • +Isa 51:17
  • +Dut 28:37; 1Dk 9:7; Dik 2:15

Esekiele 23:34

Ditshupiso

  • +Pes. 75:8

Esekiele 23:35

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “o ntatlhetse kwa morago ga gago.”

Ditshupiso

  • +1Dk 14:9; Neh 9:26; Isa 17:10; Jer 2:32; 13:25

Esekiele 23:36

Ditshupiso

  • +Esk 23:4

Esekiele 23:37

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa boaka jwa tshwantshetso.

Ditshupiso

  • +Hos 1:2; Jak 4:4
  • +Lef 18:21; 2Dk 17:17, 18; Esk 16:36

Esekiele 23:39

Ditshupiso

  • +Jer 7:31
  • +Lef 20:3

Esekiele 23:40

Ditshupiso

  • +Isa 57:9
  • +Jer 4:30

Esekiele 23:41

Ditshupiso

  • +Isa 57:7
  • +Isa 65:11
  • +Esk 8:10, 11
  • +Esk 16:17, 18

Esekiele 23:45

Ditshupiso

  • +Lef 20:10
  • +Ge 9:6; Esk 16:38
  • +2Dk 24:3, 4; Pes. 106:38; Esk 23:37

Esekiele 23:46

Ditshupiso

  • +Jer 15:4; 25:9; Esk 16:40

Esekiele 23:47

Ditshupiso

  • +Lef 20:2
  • +2Dt 36:17
  • +2Dk 25:9, 10; Jer 39:8

Esekiele 23:48

Ditshupiso

  • +2Pe 2:6

Esekiele 23:49

Ditshupiso

  • +Esk 6:13

Ditemana Tse dingwe

Esek. 23:2Jer 3:6, 7
Esek. 23:3Lef 17:7; Dut 29:16, 17; Jos 24:14; Esk 20:8
Esek. 23:41Dk 16:23, 24
Esek. 23:51Dk 14:16; 21:25, 26
Esek. 23:5Hos 2:5
Esek. 23:52Dk 15:19; 17:3; Hos 5:13; 7:11
Esek. 23:7Hos 5:3
Esek. 23:8Ek 32:1, 4; 1Dk 12:28, 29; 2Dk 10:29
Esek. 23:92Dk 15:29; 1Dt 5:26
Esek. 23:10Hos 2:10
Esek. 23:102Dk 17:6; 18:11
Esek. 23:11Jer 3:6-8; Esk 16:46, 47
Esek. 23:122Dk 16:7
Esek. 23:132Dk 17:19
Esek. 23:16Esk 16:29
Esek. 23:18Jer 3:2; Esk 16:36, 37
Esek. 23:18Pes. 106:39, 40; Jer 6:8; 12:8
Esek. 23:19Esk 16:25
Esek. 23:19Esk 20:7
Esek. 23:21Jos 24:14
Esek. 23:21Esk 23:3
Esek. 23:22Esk 16:37; Hab 1:6
Esek. 23:22Jer 6:22; 12:9
Esek. 23:23Esk 21:19
Esek. 23:232Dk 24:2
Esek. 23:23Jer 50:21
Esek. 23:24Jer 39:5
Esek. 23:25Esk 15:7; 20:47
Esek. 23:26Jer 13:22; Tsh 17:16
Esek. 23:26Isa 3:18-23; Jer 4:30; Esk 16:39
Esek. 23:27Isa 27:9; Esk 16:41; 22:15
Esek. 23:27Esk 23:3
Esek. 23:28Jer 21:7
Esek. 23:29Dut 28:49, 51
Esek. 23:29Esk 16:36, 37, 39
Esek. 23:30Jer 2:18
Esek. 23:30Pes. 106:35, 36; Esk 6:9; 23:7
Esek. 23:31Jer 3:8; Esk 16:46, 47
Esek. 23:312Dk 21:13; Jer 25:15; Dan 9:12
Esek. 23:32Isa 51:17
Esek. 23:32Dut 28:37; 1Dk 9:7; Dik 2:15
Esek. 23:34Pes. 75:8
Esek. 23:351Dk 14:9; Neh 9:26; Isa 17:10; Jer 2:32; 13:25
Esek. 23:36Esk 23:4
Esek. 23:37Hos 1:2; Jak 4:4
Esek. 23:37Lef 18:21; 2Dk 17:17, 18; Esk 16:36
Esek. 23:39Jer 7:31
Esek. 23:39Lef 20:3
Esek. 23:40Isa 57:9
Esek. 23:40Jer 4:30
Esek. 23:41Isa 57:7
Esek. 23:41Isa 65:11
Esek. 23:41Esk 8:10, 11
Esek. 23:41Esk 16:17, 18
Esek. 23:45Lef 20:10
Esek. 23:45Ge 9:6; Esk 16:38
Esek. 23:452Dk 24:3, 4; Pes. 106:38; Esk 23:37
Esek. 23:46Jer 15:4; 25:9; Esk 16:40
Esek. 23:47Lef 20:2
Esek. 23:472Dt 36:17
Esek. 23:472Dk 25:9, 10; Jer 39:8
Esek. 23:482Pe 2:6
Esek. 23:49Esk 6:13
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
  • 32
  • 33
  • 34
  • 35
  • 36
  • 37
  • 38
  • 39
  • 40
  • 41
  • 42
  • 43
  • 44
  • 45
  • 46
  • 47
  • 48
  • 49
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Esekiele 23:1-49

Esekiele

23 Jehofa o ne a bua le nna gape a re: 2 “Morwa motho, go ne go na le basadi ba babedi ba e neng e le barwadi ba mosadi a le mongwe.+ 3 Ba ne ba nna bagwebakammele kwa Egepeto;+ go tloga fela ba sa le basha, ba ne ba gweba ka mmele. Mabele a bone a ne a tamolwa gone koo, e bile dihuba tsa bone tsa bokgarebane di ne tsa tshwarwatshwarwa gone koo. 4 Leina la yo mogolwane e ne e le Ohola,* mme monnawe e ne e le Oholiba.* Ba ne ba nna ba me mme ba tshola bana ba basimane le ba basetsana. Leina la ga Ohola le emela Samarea,+ mme leina la ga Oholiba le emela Jerusalema.

5 “Ohola o ne a simolola go gweba ka mmele+ a sa ntse a le mo taolong ya me. O ne a nna le keletso e kgolo ya tlhakanelodikobo mo go ba ba mo ratang thata,+ e leng baagelani ba gagwe ba Baasiria.+ 6 E ne e le babusi ba ba apereng diaparo tse di botala jwa loapi le balaodi, botlhe e le makawana a mantle a a palameng dipitse. 7 O ne a tswelela a gweba ka mmele le barwa ba bantle thata ba Asiria, mme o ne a iteswafatsa+ ka medingwana e e ferosang sebete* ya batho ba a neng a eletsa go tlhakanela dikobo le bone. 8 Ga a ka a tlogela boaka jo a neng a bo dira kwa Egepeto, ka gonne ba ne ba robala le ene a sa ntse a le mosha, mme ba ne ba tshwaratshwara sehuba sa gagwe sa bokgarebane ba bo ba tlhakanela dikobo le ene ka tsela e e sa siamang le e e sa laolesegeng.+ 9 Ka jalo, ke ne ka mo tsenya mo seatleng sa ba ba mo ratang thata, barwa ba Asiria,+ ba a neng a na le keletso e kgolo ya go tlhakanela dikobo le bone. 10 Ba ne ba mo apola gore a sale a sa apara+ ba bo ba tshwara bomorwawe le bomorwadie,+ mme ba ne ba mmolaya ka tšhaka. O ne a itsege ka boitsholo jo bo sa siamang mo basading, mme o ne a otlhaiwa.

11 “E rile monnawe e bong Oholiba a bona seo, keletso ya gagwe ya tlhakanelodikobo e ne ya nna kgolo thata, e bile boaka jwa gagwe bo ne jwa nna maswe thata go feta jwa ga mogolowe.+ 12 O ne a eletsa go tlhakanela dikobo le baagelani ba gagwe, barwa ba Asiria,+ babusi le balaodi ba ba neng ba apere diaparo tse dintlentle e bile ba palame dipitse, botlhe e le makawana a mantle. 13 Fa a ne a iteswafatsa, ke ne ka lemoga gore boobabedi ba ne ba le mo tseleng e e tshwanang.+ 14 Mme o ne a nna a oketsa ditiro tsa gagwe tsa boaka. O ne a bona banna ba gabilwe mo loboteng, ditshwantsho tsa Bakaladia di gabilwe ka pente e khibidu, 15 ba ipofile ka mabanta mo dinôkeng, ba rwele dituku tse di lepelelang mo ditlhogong, ba lebega jaaka batlhabani, botlhe fela ba ne ba emela Bababelona ba ba tsholetsweng kwa lefatsheng la Bakaladia. 16 Fela fa a ba bona, o ne a simolola go nna le keletso e kgolo ya go tlhakanela dikobo le bone, mme o ne a roma barongwa kwa go bone kwa Kaladia.+ 17 Ka jalo, barwa ba Babelona ba ne ba nna ba tla go robala le ene mo bolaong jwa gagwe, mme ba ne ba mo leswafatsa ka keletso ya bone e kgolo ya tlhakanelodikobo. Fa ba sena go mo leswafatsa, o ne a kgaogana le bone a ferogile sebete.

18 “Fa a ne a tswelela ka go dira boaka a sa kgathale e bile a ikapola,+ ke ne ka mo latlha ke ferogile sebete fela jaaka ke ne ka latlha mogolowe ke ferogile sebete.+ 19 Mme o ne a nna a oketsa ditiro tsa gagwe tsa boaka,+ a gakologelwa malatsi a fa a ne a sa le mosha fa a ne a nna seaka kwa lefatsheng la Egepeto.+ 20 O ne a na le keletso e kgolo ya go tlhakanela dikobo le dinyatsi tsa gagwe. O ne a tshwana le bagadingwana ba banna ba bone ba neng ba na le keletso e kgolo ya go tlhakanela dikobo jaaka ditonki le dipitse. 21 O ne wa tlhologelelwa boitsholo jo bo maswe thata jo o neng o bo dira fa o sa le mosha kwa Egepeto+ fa ba ne ba tshwaratshwara sehuba sa gago, e leng mabele a gago a bosha.+

22 “Ka jalo, wena Oholiba, seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘Jaanong ke tlhotlheletsa batho ba o neng o ba rata+ ba o kgaoganeng le bone o ferogile sebete, mme ke tla dira gore ba go tlhasele ba tswa mo dikarolong tse di farologaneng,+ 23 barwa ba Babelona+ le Bakaladia+ botlhe, banna ba Pekode+ le Shoa le Koa, mmogo le barwa botlhe ba Asiria. Botlhe fela ke makawana a mantle, babusi le balaodi, batlhabani le ba ba tlhophilweng ka kelotlhoko,* botlhe ba palame dipitse. 24 Ba tla go tlhasela ka dikara tsa ntwa tse di dirang modumo o mogolo, le ka mophato o mogolo wa masole, ba tshotse thebe e kgolo le thebe e nnye* e bile ba rwele tlhoro ya phemelo. Ba tla ema mo maemong a bone go go dikologa, mme ke tla ba naya taolo ya gore ba ntshe katlholo, mme ba tla go atlhola jaaka ba rata.+ 25 Ke tla dira gore go bonale gore ke go shakgaletse, mme ba tla go lwantsha ba galefile. Ba tla go kgaola nko le ditsebe, mme ba ba setseng mo go wena ba tla bolawa ka tšhaka. Ba tla tsaya bomorwao le bomorwadio, mme ba ba setseng mo go wena ba tla lailwa ke molelo.+ 26 Ba tla go apola diaparo+ ba bo ba tsaya dibenyane* tsa gago tse dintle.+ 27 Ke tla fedisa boitshwaro jwa gago jo bo maswe thata le boaka jwa gago,+ jo bo simologileng kwa lefatsheng la Egepeto.+ O tla kgaotsa go ba leba, e bile ga o kitla o tlhola o gakologelwa Egepeto.’

28 “Gonne seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘Jaanong ke tloga ke go tsenya mo seatleng sa ba o ba tlhoileng, ba o neng wa kgaogana le bone o ferogile sebete.+ 29 Ba tla go tlhoa ba bo ba tsaya se o se bereketseng ka natla+ mme ba tla go tlogela o sa apara gotlhelele. Ditiro tsa gago tse di tlhabisang ditlhong tsa fa o ne o dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le boitshwaro jo bo maswe thata le boaka di tla senolwa.+ 30 O tla diragalelwa ke dilo tseno ka gonne o ne wa taboga fa morago ga ditšhaba jaaka seaka,+ ka gonne o ne wa iteswafatsa ka medingwana ya bone e e ferosang sebete.+ 31 O latetse tsela ya ga mogoloo,+ mme ke tla go naya senwelo se se tshwanang le se ke se mo neileng.’+

32 “Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang:

‘O tla nwa senwelo se se boteng le se se atlhameng sa ga mogoloo,+

Mme o tla nna selo se se tshegiwang le se se sotliwang, e leng tsone dilo tse di tletseng mo senwelong seno.+

33 O tla nwa senwelo sa ga mogoloo e bong Samarea,

O tla tagwa e bile o tla hutsafala,

O tla nna selo se batho ba se gakgamalelang e bile o tla senngwa.

34 O tla tshwanelwa ke go se nwa o bo o se minolosa,+ mme o tla phura dikapetla tsa sone tsa letsopa

Go tswa foo, o bo o kumola mabele a gago.

“Gonne nna ke buile,” go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.’

35 “Ka jalo, seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘E re ka o ntebetse e bile o ntlontlolotse thata,*+ o tla rwala ditlamorago tsa boitshwaro jwa gago jo bo maswe thata le tsa ditiro tsa gago tsa boaka.’”

36 Foo Jehofa o ne a nthaya a re: “Morwa motho, a o tla bolelela Ohola le Oholiba+ molaetsa wa katlholo e bile a o tla nna le bopelokgale jwa go ba bolelela ditiro tsa bone tse di ferosang sebete? 37 Ba dirile boaka,*+ e bile diatla tsa bone di tletse madi. Ga ba a dira boaka le medingwana ya bone e e ferosang sebete fela, mme gape barwa ba bone ba ba neng ba ba ntsholetse ba ne ba ba fisa mo molelong gore e nne dijo tsa medingwana ya bone.+ 38 Mo godimo ga moo, seno ke se ba se ntirileng: Ba ne ba leswafatsa lefelo la me le le boitshepo mo letsatsing leo, e bile ba ne ba dira gore bosabata ba me ba se ka ba nna boitshepo. 39 Fa ba sena go bolaya bomorwaabone ba ntshetsa medingwana ya bone e e ferosang sebete ditlhabelo ka bone,+ ba ne ba tla mo lefelong la me le le boitshepo mo go lone letsatsi leo ba tla go dira gore le se ka la nna boitshepo.+ Seo ke se ba neng ba se dira mo teng ga ntlo ya me. 40 Ba ne ba bo ba roma morongwa gore a ye go bitsa banna ba ba tswang kgakala.+ Fa ba ne ba le mo tseleng, o ne wa tlhapa, wa penta matlho a gago o bo o ikgabisa ka mekgabisa.+ 41 Mme o ne wa nna mo setulong sa maemo,+ se go neng go beilwe tafole fa pele ga sone,+ e o neng o baya maswalo+ a me le leokwane la me mo go yone.+ 42 Go ne ga utlwala modumo wa banna ba bantsintsi ba ba sa tshwenyegeng ka sepe gone koo, ba mo gare ga bone go neng go na le matagwa a a neng a tswa kwa nageng. Ba ne ba rwesa basadi maseka mo diatleng le dirwalo tse dintle mo ditlhogong.

43 “Foo ke ne ka bua jaana ka mosadi yo o neng a onaditswe ke boaka: ‘Jaanong o tla tswelela a dira boaka jwa gagwe.’ 44 Ka jalo, ba ne ba nna ba ya kwa go ene fela jaaka fa motho a ya kwa mosading yo o gwebang ka mmele. Eo ke tsela e ba neng ba ya kwa go Ohola le Oholiba ka yone, basadi ba ba dirang boitshwaro jo bo maswe thata. 45 Le fa go ntse jalo, banna ba ba siameng ba tla mo atlhola ka katlholo e e tshwanelang boaka+ le polao;+ gonne ke basadi ba ba dirang boaka, e bile diatla tsa bone di tletse madi.+

46 “Gonne seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘Go tla romelwa masole gore a tle go ba tlhasela gore a ba dire selo se se tshosang le sengwe sa go gapiwa.+ 47 Masole ao a tla ba konopa ka maje+ e bile a tla ba kgemetha ka ditšhaka. A tla bolaya bomorwaabone le bomorwadiabone,+ e bile a tla fisa matlo a bone ka molelo.+ 48 Ke tla fedisa boitshwaro jo bo maswe thata mo lefatsheng leno, mme basadi botlhe ba tla ithuta thuto ya botlhokwa mme ga ba kitla ba dira boitshwaro jo bo maswe thata jo lo bo dirang.+ 49 A tla lo tlisetsa ditlamorago tsa boitshwaro jwa lona jo bo maswe thata le tsa maleo a lo a dirileng ka go obamela medingwana ya lona e e ferosang sebete; mme lo tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Morena Molaodimogolo Jehofa.’”+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela