LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Dikgosi 15
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Dikgosi

      • Asaria, kgosi ya Juda (1-7)

      • Dikgosi tsa bofelo tsa Iseraele: Sekarea (8-12), Shalume (13-16), Menaheme (17-22), Pekahia (23-26), Peka (27-31)

      • Jothame, kgosi ya Juda (32-38)

2 Dikgosi 15:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa Jeroboame II.

  • *

    Mo go kayang “Jehofa o Thusitse.” O bidiwa Usia mo go 2Dik 15:13; 2Dit 26:1-23; Isa 6:1; le Sek 14:5.

Ditshupiso

  • +2Dk 14:21
  • +2Dk 14:1
  • +2Dt 26:1, 3

2 Dikgosi 15:3

Ditshupiso

  • +2Dt 26:4, 5

2 Dikgosi 15:4

Ditshupiso

  • +Dip 33:52
  • +Dut 12:13, 14; 1Dk 22:41, 43; 2Dk 14:1, 4

2 Dikgosi 15:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ntlo ya segosi.”

Ditshupiso

  • +Dip 12:10; 2Dk 5:27
  • +Lef 13:45, 46
  • +2Dk 15:32
  • +2Dt 26:16-21

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    4/15/2015, ts. 17

    8/1/2005, ts. 11

2 Dikgosi 15:6

Ditshupiso

  • +2Dt 26:22, 23

2 Dikgosi 15:7

Ditshupiso

  • +Isa 6:1

2 Dikgosi 15:8

Ditshupiso

  • +2Dk 14:21
  • +2Dk 14:29

2 Dikgosi 15:9

Ditshupiso

  • +1Dk 12:28-30; 13:33; 14:16

2 Dikgosi 15:10

Ditshupiso

  • +Hos 1:4; Amo 7:9
  • +Jos 17:11

2 Dikgosi 15:12

Ditshupiso

  • +2Dk 13:1, 10; 14:23, 29
  • +2Dk 10:30

2 Dikgosi 15:13

Ditshupiso

  • +2Dt 26:1

2 Dikgosi 15:14

Ditshupiso

  • +1Dk 14:17; 15:21; 16:8, 17
  • +2Dk 15:10

2 Dikgosi 15:18

Ditshupiso

  • +1Dk 12:28-30; 13:33; 14:16

2 Dikgosi 15:19

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Talenta e lekana le 34,2 kg. Bona Dintlha B14.

Ditshupiso

  • +1Dt 5:26
  • +2Dk 12:18; 16:8

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 69

2 Dikgosi 15:20

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Shekele e lekana le 11,4 g. Bona Dintlha B14.

Ditshupiso

  • +2Dk 23:35

2 Dikgosi 15:21

Ditshupiso

  • +2Dk 15:14

2 Dikgosi 15:24

Ditshupiso

  • +1Dk 12:28-30; 13:33; 14:16

2 Dikgosi 15:25

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ntlo ya segosi.”

Ditshupiso

  • +2Dt 28:6

2 Dikgosi 15:27

Ditshupiso

  • +2Dt 28:6; Isa 7:1, 4

2 Dikgosi 15:28

Ditshupiso

  • +1Dk 12:28-30; 13:33; 14:16

2 Dikgosi 15:29

Ditshupiso

  • +2Dk 16:7; 1Dt 5:6, 26; 2Dt 28:19, 20
  • +1Dk 15:20
  • +Jos 20:7, 9
  • +Dip 32:40
  • +Isa 9:1
  • +Lef 26:38; Dut 28:64; 2Dk 17:22, 23; Isa 8:4

2 Dikgosi 15:30

Ditshupiso

  • +2Dk 17:1
  • +2Dt 27:1

2 Dikgosi 15:32

Ditshupiso

  • +2Dt 27:7; Mat 1:9
  • +2Dk 14:21

2 Dikgosi 15:33

Ditshupiso

  • +2Dt 27:1

2 Dikgosi 15:34

Ditshupiso

  • +2Dt 27:2

2 Dikgosi 15:35

Ditshupiso

  • +Dip 33:52; Dut 12:14
  • +2Dt 27:3

2 Dikgosi 15:37

Ditshupiso

  • +2Dk 15:27; 2Dt 28:6
  • +2Dk 16:5; Isa 7:1, 2

Ditemana Tse dingwe

2 Dikg. 15:12Dk 14:21
2 Dikg. 15:12Dk 14:1
2 Dikg. 15:12Dt 26:1, 3
2 Dikg. 15:32Dt 26:4, 5
2 Dikg. 15:4Dip 33:52
2 Dikg. 15:4Dut 12:13, 14; 1Dk 22:41, 43; 2Dk 14:1, 4
2 Dikg. 15:5Dip 12:10; 2Dk 5:27
2 Dikg. 15:5Lef 13:45, 46
2 Dikg. 15:52Dk 15:32
2 Dikg. 15:52Dt 26:16-21
2 Dikg. 15:62Dt 26:22, 23
2 Dikg. 15:7Isa 6:1
2 Dikg. 15:82Dk 14:21
2 Dikg. 15:82Dk 14:29
2 Dikg. 15:91Dk 12:28-30; 13:33; 14:16
2 Dikg. 15:10Hos 1:4; Amo 7:9
2 Dikg. 15:10Jos 17:11
2 Dikg. 15:122Dk 13:1, 10; 14:23, 29
2 Dikg. 15:122Dk 10:30
2 Dikg. 15:132Dt 26:1
2 Dikg. 15:141Dk 14:17; 15:21; 16:8, 17
2 Dikg. 15:142Dk 15:10
2 Dikg. 15:181Dk 12:28-30; 13:33; 14:16
2 Dikg. 15:191Dt 5:26
2 Dikg. 15:192Dk 12:18; 16:8
2 Dikg. 15:202Dk 23:35
2 Dikg. 15:212Dk 15:14
2 Dikg. 15:241Dk 12:28-30; 13:33; 14:16
2 Dikg. 15:252Dt 28:6
2 Dikg. 15:272Dt 28:6; Isa 7:1, 4
2 Dikg. 15:281Dk 12:28-30; 13:33; 14:16
2 Dikg. 15:292Dk 16:7; 1Dt 5:6, 26; 2Dt 28:19, 20
2 Dikg. 15:291Dk 15:20
2 Dikg. 15:29Jos 20:7, 9
2 Dikg. 15:29Dip 32:40
2 Dikg. 15:29Isa 9:1
2 Dikg. 15:29Lef 26:38; Dut 28:64; 2Dk 17:22, 23; Isa 8:4
2 Dikg. 15:302Dk 17:1
2 Dikg. 15:302Dt 27:1
2 Dikg. 15:322Dt 27:7; Mat 1:9
2 Dikg. 15:322Dk 14:21
2 Dikg. 15:332Dt 27:1
2 Dikg. 15:342Dt 27:2
2 Dikg. 15:35Dip 33:52; Dut 12:14
2 Dikg. 15:352Dt 27:3
2 Dikg. 15:372Dk 15:27; 2Dt 28:6
2 Dikg. 15:372Dk 16:5; Isa 7:1, 2
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
  • 32
  • 33
  • 34
  • 35
  • 36
  • 37
  • 38
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Dikgosi 15:1-38

Dikgosi wa Bobedi

15 Mo ngwageng wa bo27 wa ga Kgosi Jeroboame* wa Iseraele, Asaria*+ morwa Kgosi Amasia+ wa Juda o ne a nna kgosi.+ 2 O ne a na le dingwaga di le 16 fa a nna kgosi, mme o ne a busa dingwaga di le 52 mo Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Jekolia wa kwa Jerusalema. 3 O ne a tswelela a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa, fela jaaka rraagwe e bong Amasia a ne a dirile.+ 4 Le fa go ntse jalo, mafelo a a kwa godimo a a boitshepo ga a ka a tlosiwa,+ mme batho ba ne ba sa ntse ba ntsha ditlhabelo e bile ba kuisa mosi wa setlhabelo mo mafelong ao a a kwa godimo.+ 5 Jehofa o ne a dira gore kgosi eo e tshwarwe ke lepero, mme o ne a tswelela e le molepero+ go fitlha a swa; mme o ne a nna mo ntlong e e kwa thoko,+ fa morwawe e bong Jothame+ ene a ne a okametse ntlo,* a atlhola batho ba lefatshe leo.+ 6 Fa e le pego yotlhe ya botshelo jwa ga Asaria,+ sotlhe se a se dirileng, a ga e a kwalwa mo bukeng ya dipego tsa metlha ya dikgosi tsa Juda? 7 Go tswa foo, Asaria o ne a swa jaaka borraagwemogolo,+ mme ba ne ba mo fitlha le borraagwemogolo mo Motseng wa ga Dafide; mme morwawe e bong Jothame o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.

8 Mo ngwageng wa bo38 wa ga Kgosi Asaria+ wa Juda, Sekarea+ morwa Jeroboame o ne a nna kgosi ya Iseraele mo Samarea, mme o ne a busa dikgwedi di le thataro. 9 O ne a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, fela jaaka borraagwemogolo ba ne ba dirile. O ne a se ka a fapoga mo maleong a Jeroboame morwa Nebate a neng a dirile gore Baiseraele ba a dire.+ 10 Go tswa foo, Shalume morwa Jabeshe o ne a mo logela leano la boferefere a bo a mmolaya+ kwa Ibeleame.+ Fa a sena go mmolaya, o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. 11 Mme pego yotlhe ya botshelo jwa ga Sekarea, e kwadilwe mo bukeng ya dipego tsa metlha ya dikgosi tsa Iseraele. 12 Seo se ne se diragatsa lefoko la ga Jehofa le a neng a le boleletse Jehu a re: “Dikokomana di le nnê tsa bomorwao+ di tla nna mo setulong sa bogosi sa Iseraele.”+ Mme go ne ga direga fela jalo.

13 Shalume morwa Jabeshe o ne a nna kgosi mo ngwageng wa bo39 wa ga Kgosi Usia+ wa Juda, mme o ne a busa kgwedi e le nngwe mo Samarea. 14 Go tswa foo, Menaheme morwa Gadi o ne a tswa kwa Tiresa+ mme a tla mo Samarea a bo a bolaya Shalume+ morwa Jabeshe mo Samarea. Fa a sena go mmolaya, o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. 15 Mme pego yotlhe ya botshelo jwa ga Shalume le leano la boferefere le a neng a le loga, e kwadilwe mo bukeng ya dipego tsa metlha ya dikgosi tsa Iseraele. 16 Ke ka yone nako eo mo Menaheme a neng a tswa kwa Tiresa a bo a kgemetha Tifesa le botlhe ba ba neng ba le mo go yone le mo kgaolong ya yone, ka gonne ga e a ka ya mmulela dikgoro tsa yone. O ne a e kgemetha mme basadi ba yone ba ba imileng a ba phunya dimpa.

17 Mo ngwageng wa bo39 wa ga Kgosi Asaria wa Juda, Menaheme morwa Gadi o ne a nna kgosi ya Iseraele, mme o ne a busa dingwaga di le lesome mo Samarea. 18 O ne a tswelela a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa. O ne a se ka a fapoga mo maleong otlhe a Jeroboame morwa Nebate a neng a dirile gore Baiseraele ba a dire,+ malatsi otlhe a gagwe. 19 Kgosi Pule+ wa Asiria o ne a tla mo lefatsheng leo, mme Menaheme o ne a naya Pule ditalenta* tsa selefera di le 1 000 ka gonne o ne a mo thusitse go nonotsha bogosi jwa gagwe.+ 20 Ka jalo, Menaheme o ne a kokoanya selefera mo Iseraele ka go pateletsa banna ba ba tumileng, ba ba humileng gore ba e ntshe.+ O ne a naya kgosi ya Asiria dishekele* tsa selefera di le 50 tsa monna mongwe le mongwe. Go tswa foo, kgosi ya Asiria e ne ya boela morago, mme ya se ka ya nna mo lefatsheng leo. 21 Fa e le pego yotlhe ya botshelo jwa ga Menaheme,+ sotlhe se a se dirileng, a ga e a kwalwa mo bukeng ya dipego tsa metlha ya dikgosi tsa Iseraele? 22 Go tswa foo, Menaheme o ne a swa jaaka borraagwemogolo; mme morwawe e bong Pekahia o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.

23 Mo ngwageng wa bo50 wa ga Kgosi Asaria wa Juda, Pekahia morwa Menaheme o ne a nna kgosi ya Iseraele mo Samarea, mme o ne a busa dingwaga di le pedi. 24 O ne a tswelela a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa. O ne a se ka a fapoga mo maleong a Jeroboame morwa Nebate a neng a dirile gore Baiseraele ba a dire.+ 25 Go tswa foo, lesole le le neng le mo direla e bong Peka+ morwa Remalia o ne a mo logela leano la boferefere mme a mo kgemetha mo Samarea mo toreng e e sireletsegileng ya ntlo ya kgosi* a na le Aregoba le Arie. O ne a na le banna ba le 50 ba Gileade; mme fa a sena go mmolaya o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. 26 Mme pego yotlhe ya botshelo jwa ga Pekahia, sotlhe se a se dirileng, e kwadilwe mo bukeng ya dipego tsa metlha ya dikgosi tsa Iseraele.

27 Mo ngwageng wa bo52 wa ga Kgosi Asaria wa Juda, Peka+ morwa Remalia o ne a nna kgosi ya Iseraele mo Samarea, mme o ne a busa dingwaga di le 20. 28 O ne a tswelela a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, mme o ne a se ka a fapoga mo maleong a Jeroboame morwa Nebate a neng a dirile gore Baiseraele ba a dire.+ 29 Mo motlheng wa ga Kgosi Peka wa Iseraele, Kgosi Tigelathe-pilesere+ wa Asiria o ne a tlhasela a bo a gapa Ijone, Abele-bethe-maaka,+ Janoa, Kedeshe,+ Hasore, Gileade+ le Galalea, e leng lefatshe lotlhe la Nafetali,+ mme o ne a tsaya baagi ba teng a ba isa botshwarwa kwa Asiria.+ 30 Go tswa foo, Hoshea+ morwa Ela o ne a logela Peka morwa Remalia leano la boferefere, mme o ne a mo kgemetha a bo a mmolaya; o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe mo ngwageng wa bo20 wa ga Jothame+ morwa Usia. 31 Mme pego yotlhe ya botshelo jwa ga Peka, sotlhe se a se dirileng, e kwadilwe mo bukeng ya dipego tsa metlha ya dikgosi tsa Iseraele.

32 Mo ngwageng wa bobedi wa ga Peka morwa Remalia kgosi ya Iseraele, Jothame+ morwa Kgosi Usia+ wa Juda o ne a nna kgosi. 33 O ne a na le dingwaga di le 25 fa a nna kgosi, mme o ne a busa dingwaga di le 16 mo Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Jerusha, morwadia Sadoke.+ 34 Jothame o ne a tswelela a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa, fela jaaka rraagwe e bong Usia a ne a dirile.+ 35 Le fa go ntse jalo, mafelo a a kwa godimo a a boitshepo ga a ka a tlosiwa, mme batho ba ne ba sa ntse ba ntsha ditlhabelo e bile ba kuisa mosi wa setlhabelo mo mafelong ao a a kwa godimo.+ Ke ene yo o neng a aga kgoro e e kwa godimo ya ntlo ya ga Jehofa.+ 36 Fa e le pego yotlhe ya botshelo jwa ga Jothame, se a se dirileng, a ga e a kwalwa mo bukeng ya dipego tsa metlha ya dikgosi tsa Juda? 37 Mo metlheng eo, Jehofa o ne a simolola go romela Resine kgosi ya Siria le Peka+ morwa Remalia gore ba ye go tlhasela Juda.+ 38 Go tswa foo, Jothame o ne a swa jaaka borraagwemogolo mme o ne a fitlhwa le borraagwemogolo mo Motseng wa ga Dafide rraagwemogolo. Mme morwawe e bong Ahase o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela