Dipesalema
Go mokaedi; e opelwe ka molodi wa “O se Ka wa Ntshenya.” Pesalema ya ga Dafide. Miketame.* Fa Saulo a ne a romela banna gore ba ye go disa ntlo ya ga Dafide gore ba mmolaye.+
2 Nkgolole mo go ba ba dirang bosula,
O bo o nnamole mo bathong ba ba dikgoka.*
3 Ba ntlhasela ke sa solofela;+
Banna ba ba maatla ba ntlhasetse
Mme e se ka gonne ke tlhanogile kgotsa ke leofile+ tlhe Jehofa.
4 Le fa ke sa dira phoso epe, ba a siana ba bo ba ipaakanyetsa go ntlhasela.
Fa ke kopa gore o nthuse, nthuse mme o bone gore ba dira eng.
5 Gonne Jehofa Modimo wa masomosomo, o Modimo wa Iseraele.+
Tsoga gore o tlhatlhobe ditšhaba tsotlhe.
O se ka wa utlwela batsietsi bape ba ba setlhogo botlhoko.+ (Selah)
6 Maitseboa mangwe le mangwe ba a tla;+
Ba bogola jaaka dintša+ e bile ba tsamayatsamaya go dikologa motse.+
7 Bona se se tswang mo melomong ya bone;
Mafoko a bone a tshwana le ditšhaka,+
Gonne ba re: “Ke mang yo o reeditseng?”+
9 Nonofo ya me, ke tla nna ke go letetse;+
Gonne Modimo ke lefelo la me la botshabelo le le sireletsegileng.*+
10 Modimo yo o mpontshang lorato lo lo sa kgaotseng o tla nthusa;+
Modimo o tla dira gore ke itumelele go bona baba ba me ba fenngwa.+
11 O se ka wa ba bolaya gore batho ba gaetsho ba tle ba se ka ba lebala seno.
Dirisa maatla a gago gore ba kgarakgatshege;
Ao tlhe Jehofa, wena thebe ya rona,+ dira gore ba we.
12 E re ka ba leofile ka se ba se buang,
E kete ba ka tshwarwa ke boikgogomoso jwa bone,+
Ka gonne ba a tlhapatsa e bile ba a tsietsa.
13 Ba fedise ka bogale jwa gago;+
Ba fedise, gore ba se ka ba tlhola ba nna teng;
Dira gore ba itse gore Modimo o busa mo go Jakobe le go ya kwa dikhutlong tsa lefatshe.+ (Selah)
14 Ba letle gore ba boe maitseboa;
Ba letle gore ba bogole jaaka dintša ba bo ba tsamayetsamaye go dikologa motse.+
15 Dira gore ba kgarakgatshege ba batle se ba ka se jang;+
O se ka wa dira gore ba kgotsofale kgotsa ba bone lefelo le ba ka robalang mo go lone.
16 Mme nna, ke tla opela ka ga nonofo ya gago;+
Mo mosong ke tla bua ka lorato lwa gago lo lo sa kgaotseng ke itumetse.