LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Samuele 23
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Samuele

      • Dafide o lwela motse wa Keila (1-12)

      • Saulo o lelekisa Dafide (13-15)

      • Jonathane o nonotsha Dafide (16-18)

      • Dafide o falola Saulo ka soba la nnale (19-29)

1 Samuele 23:1

Ditshupiso

  • +Jos 15:20, 44

1 Samuele 23:2

Ditshupiso

  • +1Sa 30:8; 2Sa 5:19; Pes. 37:5

1 Samuele 23:3

Ditshupiso

  • +1Sa 22:5
  • +1Sa 13:5; 14:52

1 Samuele 23:4

Ditshupiso

  • +Baa 6:39
  • +1Sa 14:6; 2Sa 5:19

1 Samuele 23:5

Ditshupiso

  • +1Sa 23:1

1 Samuele 23:6

Ditshupiso

  • +1Sa 22:20

1 Samuele 23:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “o mo rekiseditse mo seatleng sa me.”

Ditshupiso

  • +1Sa 23:14

1 Samuele 23:9

Ditshupiso

  • +Dip 27:21; 1Sa 30:7

1 Samuele 23:10

Ditshupiso

  • +1Sa 22:19

1 Samuele 23:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa gongwe “beng ba naga.”

1 Samuele 23:13

Ditshupiso

  • +1Sa 22:1, 2; 25:13; 30:9

1 Samuele 23:14

Ditshupiso

  • +Jos 15:20, 55; 1Sa 23:19; 26:1
  • +1Sa 18:29; 20:33; 27:1

1 Samuele 23:15

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa gongwe “o ne a boifa ka gonne.”

1 Samuele 23:16

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “o ne a nonotsha seatla sa gagwe.”

Ditshupiso

  • +Pes. 37:5; Dia 17:17

1 Samuele 23:17

Ditshupiso

  • +1Sa 16:13; 2Sa 2:4; 5:3
  • +1Sa 20:31; 24:17, 20

1 Samuele 23:18

Ditshupiso

  • +1Sa 18:3; 20:42

1 Samuele 23:19

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ka fa letlhakoreng la moja la.”

  • *

    Kgotsa gongwe “sekaka; naga.”

Ditshupiso

  • +1Sa 10:26
  • +1Sa 26:1; Pes. 54:Maf
  • +1Sa 23:15
  • +1Sa 26:3
  • +1Sa 23:24

1 Samuele 23:20

Ditshupiso

  • +Pes. 54:3

1 Samuele 23:23

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “diketeng.”

1 Samuele 23:24

Ditshupiso

  • +1Sa 23:14
  • +Jos 15:20, 55; 1Sa 25:2, 3
  • +Dut 1:7

1 Samuele 23:25

Ditshupiso

  • +1Sa 26:2; Pes. 54:3
  • +1Sa 23:28

1 Samuele 23:26

Ditshupiso

  • +Pes. 31:22
  • +Pes. 17:9

1 Samuele 23:28

Ditshupiso

  • +Pes. 54:7

1 Samuele 23:29

Ditshupiso

  • +Jos 15:20, 62; Sfl 1:14

Ditemana Tse dingwe

1 Sam. 23:1Jos 15:20, 44
1 Sam. 23:21Sa 30:8; 2Sa 5:19; Pes. 37:5
1 Sam. 23:31Sa 22:5
1 Sam. 23:31Sa 13:5; 14:52
1 Sam. 23:4Baa 6:39
1 Sam. 23:41Sa 14:6; 2Sa 5:19
1 Sam. 23:51Sa 23:1
1 Sam. 23:61Sa 22:20
1 Sam. 23:71Sa 23:14
1 Sam. 23:9Dip 27:21; 1Sa 30:7
1 Sam. 23:101Sa 22:19
1 Sam. 23:131Sa 22:1, 2; 25:13; 30:9
1 Sam. 23:14Jos 15:20, 55; 1Sa 23:19; 26:1
1 Sam. 23:141Sa 18:29; 20:33; 27:1
1 Sam. 23:16Pes. 37:5; Dia 17:17
1 Sam. 23:171Sa 16:13; 2Sa 2:4; 5:3
1 Sam. 23:171Sa 20:31; 24:17, 20
1 Sam. 23:181Sa 18:3; 20:42
1 Sam. 23:191Sa 10:26
1 Sam. 23:191Sa 26:1; Pes. 54:Maf
1 Sam. 23:191Sa 23:15
1 Sam. 23:191Sa 26:3
1 Sam. 23:191Sa 23:24
1 Sam. 23:20Pes. 54:3
1 Sam. 23:241Sa 23:14
1 Sam. 23:24Jos 15:20, 55; 1Sa 25:2, 3
1 Sam. 23:24Dut 1:7
1 Sam. 23:251Sa 26:2; Pes. 54:3
1 Sam. 23:251Sa 23:28
1 Sam. 23:26Pes. 31:22
1 Sam. 23:26Pes. 17:9
1 Sam. 23:28Pes. 54:7
1 Sam. 23:29Jos 15:20, 62; Sfl 1:14
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Samuele 23:1-29

Samuele wa Ntlha

23 Fa nako e ntse e tsamaya, Dafide o ne a bolelelwa jaana: “Bafilisitia ba lwa le Keila+ e bile ba tlhasela mafelo a go phothelwang mo go one.” 2 Ka jalo, Dafide o ne a botsa Jehofa+ a re: “A ke tsamaye mme ke ye go kgemetha Bafilisitia bano?” Jehofa o ne a raya Dafide a re: “Tsamaya o kgemethe Bafilisitia mme o golole Keila.” 3 Le fa go ntse jalo, banna ba ga Dafide ba ne ba mo raya ba re: “Re boifa re ntse re le fano mo Juda;+ ruri re tla boifa le go feta fa re ka ya kwa Keila go ya go lwantsha mola wa tlhabano wa Bafilisitia!”+ 4 Ka jalo, Dafide o ne a botsa Jehofa gape.+ Jaanong Jehofa o ne a mo araba a re: “Tsamaya; ya kwa Keila ka gonne ke tla tsenya Bafilisitia mo seatleng sa gago.”+ 5 Ka jalo, Dafide o ne a tsamaya le banna ba gagwe kwa Keila mme a tlhabana le Bafilisitia; o ne a tsaya leruo la bone a bo a ba kgemetha ba le bantsi thata, mme Dafide o ne a golola banni ba Keila.+

6 Jaanong fa Abiathare+ morwa Ahimeleke a ne a tshabela kwa go Dafide kwa Keila, o ne a tshotse khiba. 7 Saulo o ne a bolelelwa jaana: “Dafide o tlile mo Keila.” Foo Saulo o ne a re: “Modimo o mo nneile,*+ ka gonne o itsentse mo seraing ka go tsena mo motseng o o nang le ditswalo le mephakalego.” 8 Ka jalo, Saulo o ne a bitsa batho botlhe gore ba ye ntweng, ba ye kwa Keila mme ba tlhasele Dafide le banna ba gagwe. 9 E rile Dafide a utlwa gore Saulo o mo logela leano, o ne a raya moperesiti Abiathare a re: “Tlisa khiba kwano.”+ 10 Go tswa foo, Dafide o ne a re: “Ao tlhe Jehofa, Modimo wa Iseraele, ruri nna motlhanka wa gago ke utlwile gore Saulo o ikaeletse go tla mo Keila gore a tle go senya motse ono ka ntlha ya me.+ 11 A baeteledipele* ba Keila ba tla ntsenya mo seatleng sa gagwe? A Saulo o tla tla fela jaaka ke utlwile? Ao tlhe Jehofa, Modimo wa Iseraele, tsweetswee ke kopa gore o mpolelele.” Fa a rialo, Jehofa o ne a re: “O tla tla.” 12 Dafide o ne a botsa jaana: “A baeteledipele ba Keila ba tla tsenya nna le banna ba me mo seatleng sa ga Saulo?” Jehofa o ne a araba a re: “Ba tla lo tsenya.”

13 Ka yone nako eo, Dafide o ne a tsamaya le banna ba gagwe, ba ka nna 600,+ mme ba ne ba tswa mo Keila ba bo ba ya gongwe le gongwe kwa ba neng ba ka ya teng. E rile Saulo a bolelelwa gore Dafide o tshabile kwa Keila, ga a ka a tswa a ya go mo lelekisa. 14 Dafide o ne a nna mo nageng mo mafelong a go leng thata go ya kwa go one, mo kgaolong e e dithaba kwa nageng ya Siife.+ Saulo o ne a mmatla ka metlha,+ le fa go ntse jalo Jehofa o ne a se ka a mo tsenya mo seatleng sa gagwe. 15 Fa Dafide a ntse a le kwa nageng ya Siife kwa Horeshe, o ne a itse gore* Saulo o ne a dule letsholo a batla go mmolaya.

16 Jaanong Jonathane morwa Saulo o ne a ya kwa go Dafide kwa Horeshe, mme o ne a mo thusa gore a bone maatla* mo go Jehofa.+ 17 O ne a mo raya a re: “O se ka wa boifa, ka gonne rre ga a kitla a go bona; wena o tla nna kgosi ya Iseraele,+ mme nna ke tla nna wa bobedi fa morago ga gago; mme rre e bong Saulo le ene o itse seo.”+ 18 Go tswa foo, boobabedi ba ne ba dira kgolagano+ fa pele ga ga Jehofa, mme Dafide o ne a nna kwa Horeshe, mme Jonathane a ya kwa legaeng la gagwe.

19 Moragonyana banna ba Siife ba ne ba tlhatlogela kwa go Saulo kwa Gibea+ mme ba re: “Dafide o iphitlhile gaufi le rona+ mo mafelong a go leng thata go ya kwa go one kwa Horeshe,+ mo thoteng ya Hakila,+ e e kwa borwa jwa* Jeshimone.*+ 20 Nako epe fela fa o rata go tla kwano, wena kgosi, o tle, mme re tla mo tsenya mo seatleng sa kgosi.”+ 21 Fa ba rialo, Saulo o ne a re: “E kete Jehofa a ka lo segofatsa, ka gonne lo ntlhomogetse pelo. 22 Tsweetswee tsamayang, mme lo leke go bona gore tota o kwa kae le gore o bonwe ke mang koo, ka gonne ke boleletswe gore o boferefere thata. 23 Lo tlhomamise ka kelotlhoko gore mafelo otlhe a a iphitlhang mo go one a kwa kae lo bo lo boela mo go nna ka bosupi. Go tswa foo, ke tla tsamaya le lona mme fa a le mo nageng, ke tla mmatla mo dikgotleng* tsotlhe tsa Juda.”

24 Ka jalo, ba ne ba tsamaya mme ba ya kwa Siife+ ba etelela Saulo pele, fa Dafide le banna ba gagwe bone ba ne ba le kwa nageng ya Maone,+ kwa Araba+ kwa borwa jwa Jeshimone. 25 Go tswa foo, Saulo o ne a tla le banna ba gagwe a tlile go mmatla.+ Fa Dafide a bolelelwa ka gone, ka yone nako eo o ne a ya kwa lefikeng+ mme a nna mo nageng ya Maone. E rile Saulo a utlwa seno, o ne a lelekisa Dafide go ya go fitlha kwa nageng ya Maone. 26 Fa Saulo a ne a tla mo letlhakoreng le lengwe la thaba, Dafide le banna ba gagwe ba ne ba le ka fa letlhakoreng le lengwe la thaba. Dafide o ne a itlhaganela gore a tswe+ fa go Saulo, le fa go ntse jalo, Saulo le banna ba gagwe ba ne ba ya kwa go Dafide le banna ba gagwe gore ba ba tshware.+ 27 Mme morongwa o ne a tla mo go Saulo a re: “Tla kwano ka bonako, ka gonne Bafilisitia ba tlhasetse lefatshe!” 28 Foo Saulo o ne a tlogela go lelekisa Dafide+ mme a ya go tlhabana le Bafilisitia. Ke gone ka moo lefelo leo le neng la bidiwa Lefika la Dikgaogano.

29 Go tswa foo, Dafide o ne a tlhatloga a tswa koo mme a nna kwa mafelong a go leng thata go a atamela kwa Ene-gedi.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela