LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Esekiele 37
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Esekiele

      • Ponatshegelo ya mokgatšha wa marapo a a omeletseng (1-14)

      • Dithobane tse pedi di a kopanngwa (15-28)

        • Setšhaba se le sengwe se busiwa ke kgosi e le nngwe (22)

        • Kgolagano ya kagiso e tla nnela ruri (26)

Esekiele 37:1

Ditshupiso

  • +Tsh 21:10

Esekiele 37:2

Ditshupiso

  • +Esk 37:11

Esekiele 37:3

Ditshupiso

  • +Dut 32:39; 1Sa 2:6

Esekiele 37:5

Ditshupiso

  • +Ge 2:7; Esk 37:14

Esekiele 37:9

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “mohemo; moya.”

Esekiele 37:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “moya.”

Ditshupiso

  • +Tsh 11:11

Esekiele 37:11

Ditshupiso

  • +Esk 36:10
  • +Isa 49:14

Esekiele 37:12

Ditshupiso

  • +Isa 66:14
  • +Esk 11:17; Amo 9:14

Esekiele 37:13

Ditshupiso

  • +Pes. 126:2

Esekiele 37:14

Ditshupiso

  • +Isa 32:14, 15; Esk 36:27

Esekiele 37:16

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ba e leng balekane ba gagwe.”

  • *

    Kgotsa “ba e leng balekane ba gagwe.”

Ditshupiso

  • +2Dt 15:9; 30:11
  • +1Dk 11:31; 12:20

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo⁠,

    7/2016⁠, ts. 31-⁠32

Esekiele 37:17

Ditshupiso

  • +Isa 11:13; Jer 3:18

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo⁠,

    7/2016⁠, ts. 31-⁠32

Esekiele 37:18

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “bomorwa batho ba gaeno.”

Esekiele 37:19

Ditshupiso

  • +Jer 50:4; Sek 10:6

Esekiele 37:21

Ditshupiso

  • +Dut 30:3; Isa 11:12; Jer 16:14, 15; Amo 9:14

Esekiele 37:22

Ditshupiso

  • +Jer 3:18; Hos 1:11
  • +Ge 49:10; Pes. 2:6; Isa 9:6; Jer 23:5; Luk 1:32
  • +Esk 37:19; Sek 10:6

Esekiele 37:23

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Polelwana eno ka Sehebera e ka tswa e amana le lefoko le le kayang “boloko” mme e dirisitswe e le go bontsha letlhoo.

Ditshupiso

  • +Isa 2:18; Esk 11:18; Hos 14:8; Sek 13:2
  • +Jer 31:33; Esk 36:28

Esekiele 37:24

Ditshupiso

  • +Jer 23:5; 30:9; Hos 3:5; Luk 1:32
  • +Joh 10:16; 1Pe 5:4
  • +Dut 30:8-10; Jer 32:39; Esk 36:27

Esekiele 37:25

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “barwa.”

Ditshupiso

  • +Jer 30:3
  • +Joe 3:20
  • +Isa 60:21; Amo 9:15
  • +Esk 34:24; Luk 1:32

Esekiele 37:26

Ditshupiso

  • +Esk 34:25
  • +Jer 30:19; Sek 8:5

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    3/15/2010, ts. 27-⁠28

Esekiele 37:27

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “Lefelo le ke nnang mo go lone; Legae la me.”

  • *

    Kgotsa “mo godimo ga.”

Ditshupiso

  • +Lef 26:12; Esk 11:19, 20; 43:7; Hos 2:23; Tsh 21:3

Esekiele 37:28

Ditshupiso

  • +Esk 36:23

Ditemana Tse dingwe

Esek. 37:1Tsh 21:10
Esek. 37:2Esk 37:11
Esek. 37:3Dut 32:39; 1Sa 2:6
Esek. 37:5Ge 2:7; Esk 37:14
Esek. 37:10Tsh 11:11
Esek. 37:11Esk 36:10
Esek. 37:11Isa 49:14
Esek. 37:12Isa 66:14
Esek. 37:12Esk 11:17; Amo 9:14
Esek. 37:13Pes. 126:2
Esek. 37:14Isa 32:14, 15; Esk 36:27
Esek. 37:162Dt 15:9; 30:11
Esek. 37:161Dk 11:31; 12:20
Esek. 37:17Isa 11:13; Jer 3:18
Esek. 37:19Jer 50:4; Sek 10:6
Esek. 37:21Dut 30:3; Isa 11:12; Jer 16:14, 15; Amo 9:14
Esek. 37:22Jer 3:18; Hos 1:11
Esek. 37:22Ge 49:10; Pes. 2:6; Isa 9:6; Jer 23:5; Luk 1:32
Esek. 37:22Esk 37:19; Sek 10:6
Esek. 37:23Isa 2:18; Esk 11:18; Hos 14:8; Sek 13:2
Esek. 37:23Jer 31:33; Esk 36:28
Esek. 37:24Jer 23:5; 30:9; Hos 3:5; Luk 1:32
Esek. 37:24Joh 10:16; 1Pe 5:4
Esek. 37:24Dut 30:8-10; Jer 32:39; Esk 36:27
Esek. 37:25Jer 30:3
Esek. 37:25Joe 3:20
Esek. 37:25Isa 60:21; Amo 9:15
Esek. 37:25Esk 34:24; Luk 1:32
Esek. 37:26Esk 34:25
Esek. 37:26Jer 30:19; Sek 8:5
Esek. 37:27Lef 26:12; Esk 11:19, 20; 43:7; Hos 2:23; Tsh 21:3
Esek. 37:28Esk 36:23
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Esekiele 37:1-28

Esekiele

37 Maatla a ga Jehofa a ne a le mo go nna, mme Jehofa o ne a ntsaya ka moya wa gagwe a bo a mpaya fa fatshe mo gare ga mokgatšha,+ mme o ne o tletse marapo. 2 O ne a dira gore ke tsamaye mo gare ga one, mme ke ne ka lemoga gore go ne go na le marapo a mantsi thata a a gasameng mo mokgatšheng oo, mme a ne a omeletse thata.+ 3 O ne a mpotsa jaana: “Morwa motho, a marapo ano a ka tshela?” Mme ke ne ka re: “Morena Molaodimogolo Jehofa, tota ke wena o itseng.”+ 4 Ka jalo, o ne a nthaya a re: “Porofetela marapo ano, mme o a reye o re, ‘Lona marapo a a omeletseng, utlwang lefoko leno la ga Jehofa:

5 “‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se bolelelang marapo ano: “Ke tla dira gore mohemo o tsene mo go lona, mme lo tla tshela.+ 6 Ke tla tsenya mesifa le nama mo go lona, e bile ke tla lo apesa letlalo ke bo ke tsenya mohemo mo go lona, mme lo tla tshela; lo tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa.”’”

7 Foo ke ne ka porofeta fela jaaka ke ne ke laetswe. Fela fa ke porofeta, go ne ga utlwala modumo wa go tlharakana, mme marapo a ne a simolola go kopana mmogo. 8 Go tswa foo, ke ne ka bona mesifa le nama di tla mo go one, mme letlalo le ne la a apesa. Le fa go ntse jalo, go ne go sa ntse go se na mohemo mo go one.

9 Foo o ne a nthaya a re: “Porofetela phefo. Porofeta wena morwa motho, mme o reye phefo o re, ‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Wena phefo,* tlaa o tswa kwa dikarolong tse nnê, mme o budulele batho bano ba ba bolailweng, gore ba tle ba tshele.”’”

10 Ka jalo, ke ne ka porofeta fela jaaka a ne a ntaetse, mme mohemo* o ne wa tsena mo go bone, mme ba ne ba simolola go tshela ba bo ba ema ka dinao,+ e ne e le mophato o mogolo thata wa masole.

11 Foo o ne a nthaya a re: “Morwa motho, marapo ano ke batho botlhe ba Iseraele.+ Jaanong ba re, ‘Marapo a rona a omeletse, e bile tsholofelo ya rona e nyeletse.+ Re kgaotswe mo go sengwe le sengwe.’ 12 Ka jalo, porofeta mme o ba reye o re, ‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Ke tla bula mabitla a lona+ ke bo ke lo ntsha mo go one, lona batho ba me, mme ke tla lo tlisa mo lefatsheng la Iseraele.+ 13 Mme lo tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa fa ke bula mabitla a lona le fa ke lo ntsha mo go one, lona batho ba me.”’+ 14 ‘Ke tla tsenya moya wa me mo go lona, mme lo tla tshela,+ e bile ke tla dira gore lo nne mo lefatsheng la lona; mme lo tla tshwanelwa ke go itse gore nna Jehofa, ke buile e bile ke dirile seo,’ go bua Jehofa.”

15 Jehofa o ne a bua le nna gape a re: 16 “Mme wena morwa motho, tsaya thobane mme o kwale jaana mo go yone, ‘Ya ga Juda le ya batho ba Iseraele ba ba nang le ene.’*+ Go tswa foo, o tseye thobane e nngwe o bo o kwala jaana mo go yone, ‘Ya ga Josefa, thobane ya ga Eferaime, le botlhe ba Iseraele ba ba nang le ene.’*+ 17 Morago ga moo, o di pataganye gore e nne thobane e le nngwe fela mo seatleng sa gago.+ 18 Fa batho ba gaeno* ba go raya ba re, ‘A ga o kitla o re bolelela gore dilo tseno di kaya eng?’ 19 o ba reye o re, ‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Ke tla tsaya thobane ya ga Josefa, e e mo seatleng sa ga Eferaime, le ditso tsa Iseraele tse di nang le ene, mme ke tla di baya mo thobaneng ya ga Juda; ke tla dira gore di nne thobane e le nngwe fela,+ mme di tla nna thobane e le nngwe fela mo seatleng sa me.”’ 20 Dithobane tse o kwalang mo go tsone di tshwanetse go nna mo seatleng sa gago gore ba di bone.

21 “Go tswa foo, o ba reye o re, ‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Ke tla ntsha Baiseraele kwa ditšhabeng tse ba neng ba gasametse kwa go tsone, mme ke tla ba phutha go tswa kwa dikarolong tse di farologaneng ke bo ke ba tlisa mo lefatsheng la bone.+ 22 Ke tla dira gore ba nne setšhaba se le sengwe fela mo lefatsheng la bone,+ mo dithabeng tsa Iseraele, mme botlhe ba tla busiwa ke kgosi e le nngwe fela.+ Ga ba kitla ba tlhola ba nna ditšhaba tse pedi e bile ga ba kitla ba tlhola ba kgaoganngwa go nna magosi a mabedi.+ 23 Ga ba kitla ba tlhola ba iteswafatsa ka medingwana ya bone e e ferosang sebete* le ka ditiro tsa bone tse di makgapha le ka melato ya bone yotlhe.+ Ke tla ba golola mo ditirong tsa bone tsa go sa ikanyege tse di neng tsa dira gore ba leofe, mme ke tla ba itshekisa. Ba tla nna batho ba me, mme nna ke tla nna Modimo wa bone.+

24 “‘“Motlhanka wa me Dafide o tla nna kgosi ya bone,+ mme botlhe ba tla nna le modisa a le mongwe fela.+ Ba tla tsamaya mo ditshwetsong tsa me tsa boatlhodi e bile ba tla ikobela melao ya me ka kelotlhoko.+ 25 Ba tla nna mo lefatsheng le ke neng ka le naya motlhanka wa me e bong Jakobe, lefatshe le borraalonamogolo ba neng ba nna kwa go lone,+ mme ba tla nna mo go lone ka bosakhutleng,+ bone le bana* ba bone le ditlogolwana tsa bone;+ mme motlhanka wa me Dafide o tla nna kgosana ya bone ka bosakhutleng.+

26 “‘“Mme ke tla dira kgolagano ya kagiso le bone;+ kgolagano e ke e dirang le bone e tla nna e e nnelang ruri. Ke tla ba baya mo lefatsheng la bone ke bo ke dira gore ba nne bantsi+ e bile ke tla baya lefelo la me le le boitshepo mo go bone ka bosakhutleng. 27 Tente ya me* e tla nna le* bone, e bile ke tla nna Modimo wa bone, mme bone ba tla nna batho ba me.+ 28 Mme ditšhaba di tla tshwanelwa ke go itse gore nna, Jehofa, ke dira gore batho ba Iseraele ba nne boitshepo fa lefelo la me le le boitshepo le tla bo le le mo gare ga bone ka bosakhutleng.”’”+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela