LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Esekiele 12
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Esekiele

      • Dilo tse di bontshang gore ba tla ya botshwarwa (1-20)

        • Morwalo o o baakanyeditsweng go ya botshwarwa (1-7)

        • Kgosana e tla tswa go le lefifi (8-16)

        • Senkgwe sa go tlhobaela, metsi a letshogo (17-20)

      • Mafoko a a tsietsang ga a boammaaruri (21-28)

        • “Ga go na lefoko lepe mo mafokong a me le le tla diegang” (28)

Esekiele 12:2

Ditshupiso

  • +Isa 6:9, 10; Jer 5:21; Bar 11:8
  • +Esk 2:3, 5

Esekiele 12:4

Ditshupiso

  • +2Dt 36:20; Jer 52:10, 11

Esekiele 12:5

Ditshupiso

  • +2Dk 25:4

Esekiele 12:6

Ditshupiso

  • +Isa 8:18; Esk 4:3; 24:24

Esekiele 12:10

Ditshupiso

  • +Jer 21:7; Esk 21:25

Esekiele 12:11

Ditshupiso

  • +Esk 24:24
  • +Jer 52:15

Esekiele 12:12

Ditshupiso

  • +2Dk 25:4; Jer 39:4

Esekiele 12:13

Ditshupiso

  • +Jer 52:9; Esk 17:20, 21
  • +2Dk 25:6, 7; Jer 34:3; 52:11; Esk 17:16

Esekiele 12:14

Ditshupiso

  • +2Dk 25:5
  • +Lef 26:33; Jer 42:15, 16

Esekiele 12:18

Ditshupiso

  • +Lef 26:26

Esekiele 12:19

Ditshupiso

  • +Isa 6:11; Sek 7:14
  • +Pes. 107:33, 34; Jer 6:7

Esekiele 12:20

Ditshupiso

  • +Isa 64:10; Jer 25:9
  • +Esk 6:13

Esekiele 12:22

Ditshupiso

  • +Isa 5:19; Amo 6:3; 2Pe 3:3, 4

Esekiele 12:23

Ditshupiso

  • +Joe 2:1; Sfn 1:14

Esekiele 12:24

Ditshupiso

  • +Jer 14:14; Dik 2:14; Esk 13:23

Esekiele 12:25

Ditshupiso

  • +Dik 2:17; Sek 1:6
  • +Jer 16:9; Hab 1:5

Esekiele 12:27

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ntlo.”

Ditshupiso

  • +Isa 5:19; 28:15; 2Pe 3:3, 4

Ditemana Tse dingwe

Esek. 12:2Isa 6:9, 10; Jer 5:21; Bar 11:8
Esek. 12:2Esk 2:3, 5
Esek. 12:42Dt 36:20; Jer 52:10, 11
Esek. 12:52Dk 25:4
Esek. 12:6Isa 8:18; Esk 4:3; 24:24
Esek. 12:10Jer 21:7; Esk 21:25
Esek. 12:11Esk 24:24
Esek. 12:11Jer 52:15
Esek. 12:122Dk 25:4; Jer 39:4
Esek. 12:13Jer 52:9; Esk 17:20, 21
Esek. 12:132Dk 25:6, 7; Jer 34:3; 52:11; Esk 17:16
Esek. 12:142Dk 25:5
Esek. 12:14Lef 26:33; Jer 42:15, 16
Esek. 12:18Lef 26:26
Esek. 12:19Isa 6:11; Sek 7:14
Esek. 12:19Pes. 107:33, 34; Jer 6:7
Esek. 12:20Isa 64:10; Jer 25:9
Esek. 12:20Esk 6:13
Esek. 12:22Isa 5:19; Amo 6:3; 2Pe 3:3, 4
Esek. 12:23Joe 2:1; Sfn 1:14
Esek. 12:24Jer 14:14; Dik 2:14; Esk 13:23
Esek. 12:25Dik 2:17; Sek 1:6
Esek. 12:25Jer 16:9; Hab 1:5
Esek. 12:27Isa 5:19; 28:15; 2Pe 3:3, 4
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Esekiele 12:1-28

Esekiele

12 Jehofa o ne a bua le nna gape a re: 2 “Morwa motho, o nna le batlhanogi. Ba na le matlho mme ga ba bone, e bile ba na le ditsebe mme ga ba utlwe,+ ka gonne ke batlhanogi.+ 3 Mme wena morwa motho, ipaakanyetse morwalo wa go ya botshwarwa. Go tswa foo, o ye botshwarwa ba ntse ba go lebile go le motshegare. O tswe mo legaeng la gago o ye botshwarwa kwa lefelong le lengwe ba ntse ba go lebile. Gongwe ba tla lemoga, le fa gone e le batlhanogi. 4 Ntsha morwalo wa gago o o o baakanyeditseng go ya botshwarwa go le motshegare ba ntse ba go lebile, mme maitseboa o tswe jaaka mongwe yo o isiwang botshwarwa ba ntse ba go lebile.+

5 “Phunya phatlha mo loboteng ba ntse ba go lebile, o bo o ntsha dithoto tsa gago ka yone.+ 6 Baya dithoto tsa gago mo legetleng mme o tswe ka tsone mo lefifing ba ntse ba go lebile. Ikhurumetse sefatlhego gore o se ka wa bona fa fatshe, ka gonne ke go dira sesupo mo bathong ba Iseraele.”+

7 Ke ne ka dira fela jaaka ke ne ke laetswe. Motshegare ke ne ka ntsha morwalo wa me jaaka morwalo wa go ya botshwarwa, mme maitseboa ke ne ka phunya phatlha mo loboteng ka seatla. Mme fa go nna lefifi, ke ne ka tsaya dithoto tsa me ke bo ke di baya mo legetleng ba ntse ba lebile.

8 Mo mosong Jehofa o ne a bua le nna gape a re: 9 “Morwa motho, a batlhanogi ba Baiseraele ga ba a ka ba go botsa gore, ‘O dira eng?’ 10 Ba reye o re, ‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Molaetsa ono o ama kgosana+ e e mo Jerusalema le Baiseraele botlhe ba ba mo motseng.”’

11 “O ba reye o re, ‘Nna ke sesupo mo go lona.+ Ba tla dirwa fela jaaka ke dirile. Ba tla ntshiwa mo nageng ya bone, ba tla isiwa botshwarwa.+ 12 Kgosana e ba nang le yone e tla rwala dithoto tsa yone mo legetleng e bo e tswa go le lefifi. E tla phunya phatlha mo loboteng e bo e ntsha dithoto tsa yone ka phatlha eo.+ E tla ikhurumetsa sefatlhego gore e se ka ya bona fa fatshe.’ 13 Ke tla tsharololela letlowa la me mo godimo ga gagwe, mme o tla tshwarwa ke letlowa la me la go tsoma.+ Go tswa foo, ke tla mo isa kwa Babelona, kwa lefatsheng la Bakaladia, mme ga a kitla a le bona; o tla swela teng koo.+ 14 Mme botlhe ba ba mo dikologileng, bathusi ba gagwe le mephato yotlhe ya gagwe ya masole, ke tla ba gasamisetsa kwa dikarolong tse di farologaneng;+ mme ke tla somola tšhaka gore ke ba lelekise.+ 15 Mme ba tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa fa ke ba phatlalaletsa kwa ditšhabeng tse dingwe e bile ke ba gasamisetsa kwa dinageng tse dingwe. 16 Le fa go ntse jalo, ke tla dira gore ba le mmalwa mo go bone ba se ka ba bolawa ke tšhaka, ke leuba le ke bolwetse jwa leroborobo, gore ba tle ba bue ka ditiro tsotlhe tsa bone tse di makgapha kwa ditšhabeng tse ba tla yang kwa go tsone; mme ba tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa.”

17 Mme Jehofa o ne a bua le nna gape a re: 18 “Morwa motho, o tshwanetse go ja senkgwe sa gago o roroma o bo o nwe metsi a gago o fuduegile e bile o tlhobaela.+ 19 O reye batho ba lefatshe leno o re, ‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se bolelelang banni ba Jerusalema ba ba mo lefatsheng la Iseraele: “Ba tla ja senkgwe sa bone ba tlhobaela, e bile ba tla nwa metsi a bone ba tshogile, ka gonne lefatshe la bone le tla kgakgabala gotlhelele+ ka ntlha ya thubakanyo ya batho botlhe ba ba nnang mo go lone.+ 20 Metse e go nniwang mo go yone e tla senngwa, le naga e tla kgakgabala;+ mme lo tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa.”’”+

21 Mme Jehofa o ne a bua le nna gape a re: 22 “Morwa motho, ke seane sa mofuta mang se lo nang le sone mo Iseraele se se reng, ‘Malatsi a a feta, mme ga go na ponatshegelo epe e e diragalang’?+ 23 Ka jalo, ba reye o re, ‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Ke tla dira gore seane seno se khutle, mme ga ba kitla ba tlhola ba se dirisa e le seane mo Iseraele.”’ Mme o ba reye o re, ‘Malatsi a atametse,+ e bile ponatshegelo nngwe le nngwe e tla diragala.’ 24 Gonne ga go kitla go tlhola go nna le ponatshegelo epe ya maaka kgotsa boitseanape jo bo tsietsang batho ba Iseraele.+ 25 ‘“Gonne nna Jehofa, ke tla bua. Lefoko lepe fela le ke tla le buang le tla diragala kwantle ga go diega.+ Ke tla bua lefoko ke bo ke le diragatsa mo motlheng wa lona,+ lona batlhanogi ke lona,” go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.’”

26 Jehofa o ne a bua le nna gape a re: 27 “Morwa motho, batho* ba Iseraele ba re, ‘Ponatshegelo e a e bonang e tla diragala morago ga lobaka lo loleele go tloga jaanong, e bile o porofeta ka dilo tse di tla diregang mo nakong e e tlang.’+ 28 Ka jalo, ba reye o re, ‘Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “‘Ga go na lefoko lepe mo mafokong a me le le tla diegang; sepe fela se ke tla se buang se tla diragala,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.”’”

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela