LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Esekiele 46
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Esekiele

      • Ditlhabelo mo malatsing a mangwe (1-15)

      • Boswa jwa naga ya kgosana (16-18)

      • Mafelo a go bedisediwang ditlhabelo mo go one (19-24)

Esekiele 46:1

Ditshupiso

  • +Esk 40:32
  • +Esk 44:1, 2
  • +Ek 20:9

Esekiele 46:2

Ditshupiso

  • +Esk 44:3

Esekiele 46:3

Ditshupiso

  • +Pes. 81:3; Isa 66:23

Esekiele 46:4

Ditshupiso

  • +Dip 28:9, 10; Esk 45:17

Esekiele 46:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “sa ifa.” Bona Dintlha B14.

  • *

    Seheb., “sa hine.” Bona Dintlha B14.

Ditshupiso

  • +Esk 46:11

Esekiele 46:6

Ditshupiso

  • +Dip 28:11-15

Esekiele 46:8

Ditshupiso

  • +Esk 46:2

Esekiele 46:9

Ditshupiso

  • +Ek 23:14; Dut 16:16
  • +Esk 40:20
  • +Esk 40:24

Esekiele 46:11

Ditshupiso

  • +Esk 45:21, 24; 46:6, 7

Esekiele 46:12

Ditshupiso

  • +Lef 1:3
  • +Esk 45:17
  • +Esk 46:1, 2

Esekiele 46:13

Ditshupiso

  • +Ek 29:38; Dip 28:3, 5

Esekiele 46:14

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “nngwethataro (1/6) ya ifa.”

Esekiele 46:17

Ditshupiso

  • +Lef 25:10

Esekiele 46:19

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “kwa matlwaneng a a boitshepo.”

Ditshupiso

  • +Esk 42:9
  • +Esk 42:1

Esekiele 46:20

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “mme ba itshepisa batho.”

Ditshupiso

  • +Lef 2:4, 5
  • +Esk 44:19

Esekiele 46:21

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “nkentshetsa.”

Esekiele 46:22

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa dikubita tse ditelele. Bona Dintlha B14.

  • *

    Kgotsa “Otlhe ka bonê le dikago tsa one tse di mo dikhoneng di ne di lekana.”

Esekiele 46:23

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “le mela.”

Esekiele 46:24

Ditshupiso

  • +2Dt 35:13

Ditemana Tse dingwe

Esek. 46:1Esk 40:32
Esek. 46:1Esk 44:1, 2
Esek. 46:1Ek 20:9
Esek. 46:2Esk 44:3
Esek. 46:3Pes. 81:3; Isa 66:23
Esek. 46:4Dip 28:9, 10; Esk 45:17
Esek. 46:5Esk 46:11
Esek. 46:6Dip 28:11-15
Esek. 46:8Esk 46:2
Esek. 46:9Ek 23:14; Dut 16:16
Esek. 46:9Esk 40:20
Esek. 46:9Esk 40:24
Esek. 46:11Esk 45:21, 24; 46:6, 7
Esek. 46:12Lef 1:3
Esek. 46:12Esk 45:17
Esek. 46:12Esk 46:1, 2
Esek. 46:13Ek 29:38; Dip 28:3, 5
Esek. 46:17Lef 25:10
Esek. 46:19Esk 42:9
Esek. 46:19Esk 42:1
Esek. 46:20Lef 2:4, 5
Esek. 46:20Esk 44:19
Esek. 46:242Dt 35:13
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Esekiele 46:1-24

Esekiele

46 “Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘Kgoro ya lolwapa lo lo ka fa teng e e lebileng kwa botlhaba+ e nne e tswetswe+ malatsi a le marataro a go berekwang ka one,+ mme ka letsatsi la Sabata le ka letsatsi la ngwedi yo mosha e bulwe. 2 Kgosana e tla tsena go tswa kwa ntle ka tsela ya mathudi a kgoro,+ mme e tla ema fa kgorong. Baperesiti ba tla isa setlhabelo sa gagwe se se fisiwang se feletse le ditlhabelo tsa gagwe tsa go abelana, mme o tla obama mo kgorong, go tswa foo a bo a tswa. Le fa go ntse jalo, kgoro eo ga e a tshwanela go tswalwa go fitlha maitseboa. 3 Batho le bone ba tla obama fa pele ga ga Jehofa fa kgorong eo ka Bosabata le ka nako ya bongwedi ba basha.+

4 “‘Setlhabelo se se fisiwang se feletse se kgosana e tla se ntshetsang Jehofa ka letsatsi la Sabata se tshwanetse go nna dikwanyana tse ditonanyana di le thataro tse di itekanetseng le phelefu e e itekanetseng.+ 5 O tla ntsha setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka sa selekanyo sa dikilogerama di ka nna 11* fa a ntsha phelefu e bile o tla ntsha sepe fela se a se kgonang fa a ntsha dikwanyana tse ditonanyana, mmogo le leokwane la selekanyo sa dilitara di le tharo le halofo* le le ntshiwang le dikilogerama di ka nna 11.+ 6 Mo letsatsing la ngwedi yo mosha go tla ntshiwa setlhabelo ka powana e e itekanetseng, dikwanyana tse ditonanyana di le thataro le phelefu; e nne tse di itekanetseng.+ 7 O tshwanetse go ntsha powana eo le setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka sa selekanyo sa dikilogerama di ka nna 11, o tshwanetse go ntsha phelefu le setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka sa selekanyo sa dikilogerama di ka nna 11, mme o tla ntsha sepe fela se a se kgonang fa a ntsha dikwanyana tse ditonanyana. Mme dikilogerama dingwe le dingwe di ka nna 11 tse a di ntshang di tshwanetse go tswa le leokwane la dilitara di le tharo le halofo.

8 “‘Fa kgosana e tsena, e tsene ka tsela ya mathudi a kgoro, go tswa foo e bo e tswa ka yone.+ 9 Mme fa batho ba tsena ba tla fa pele ga ga Jehofa ka dinako tsa meletlo,+ ba ba tsenang ka kgoro e e kwa bokone ba tla go obamela Modimo+ ba tswe ka kgoro e e kwa borwa,+ mme ba ba tsenang ka kgoro e e kwa borwa ba tswe ka kgoro e e kwa bokone. Go se ka ga nna le motho ope yo o tswang ka kgoro e a tseneng ka yone; ba tshwanetse go tswa ka kgoro e e lebaganeng le e ba tseneng ka yone. 10 Mme kgosana e tshwanetse go tsena fa ba tsena, e bile e tshwanetse go tswa fa ba tswa. 11 Ka nako ya meletlo le ka dipaka tsa meletlo go ntshiwe setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka sa selekanyo sa dikilogerama di ka nna 11 fa go ntshiwa powana, go ntshiwe setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka sa selekanyo sa dikilogerama di ka nna 11 fa go ntshiwa phelefu, mme a ntshe sengwe le sengwe se a se kgonang fa a ntsha dikwanyana tse ditonanyana, mmogo le leokwane la selekanyo sa dilitara di le tharo le halofo le le ntshiwang le dikilogerama dingwe le dingwe di ka nna 11.+

12 “‘Fa kgosana e ntsha setlhabelo se se fisiwang se feletse+ kgotsa ditlhabelo tsa go abelana e le setlhabelo se se ntshediwang Jehofa ka go rata, o tla bulelwa kgoro e e lebileng kwa botlhaba, mme o tla ntsha setlhabelo sa gagwe se se fisiwang se feletse le ditlhabelo tsa gagwe tsa go abelana fela jaaka a dira ka letsatsi la Sabata.+ Fa a sena go tswa, kgoro eo e tshwanetse go tswalwa.+

13 “‘Letsatsi le letsatsi o ntshetse Jehofa setlhabelo se se fisiwang se feletse ka kwanyana e tonanyana e e itekanetseng e e nang le ngwaga o le mongwe kgotsa kwa tlase.+ O dire seno moso mongwe le mongwe. 14 Fa o se ntsha moso mongwe le mongwe, o ntshe dikilogerama di le pedi* e le setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka, mmogo le leokwane la selekanyo se se fetang litara go se kae gore o kgatšhe bupi jo bo boleta ka lone e le setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka se se ntshediwang Jehofa ka metlha. Ono ke molao o o tla nnelang ruri. 15 Ba tshwanetse go ntsha kwanyana e tonanyana, setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka le leokwane moso mongwe le mongwe e le setlhabelo se se fisiwang se feletse sa ka metlha.’

16 “Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘Fa kgosana e naya mongwe le mongwe wa bomorwaayone mpho ya naga e le boswa, naga eo e tla nna ya bomorwaayone. Ke boswa jwa bone jo ba bo ruileng. 17 Mme fa e ka naya mongwe wa batlhanka ba yone naga go tswa mo karolong ya boswa jwa yone, e tla nna ya motlhanka yoo go fitlha ka ngwaga wa kgololesego;+ mme morago ga moo, e tla boa e nna ya kgosana gape. Boswa jo a bo fileng bomorwawe ke jone fela jo bo tla tswelelang e le jwa bone ka bosakhutleng. 18 Kgosana ga e a tshwanela go tsaya boswa bope jwa batho ka go ba pateletsa gore ba tswe mo nageng ya bone. E tshwanetse go naya bomorwaayone boswa go tswa mo nageng ya yone, gore ope wa batho ba me a se ka a tswa mo nageng ya gagwe.’”

19 Go tswa foo, o ne a ntsenya ka tsela e go tsenwang ka yone+ e e neng e le fa thoko ga kgoro e e yang kwa diphaposing tsa bojelo tse di boitshepo* tsa baperesiti, tse di neng di lebile kwa bokone.+ Fa ke le koo, ke ne ka bona lefelo lengwe kwa morago go ela kwa bophirima. 20 O ne a nthaya a re: “Leno ke lefelo le baperesiti ba tla bedisetsang setlhabelo sa molato le setlhabelo sa boleo mo go lone e bile ke lefelo le ba tla besetsang setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka mo go lone,+ gore ba se ka ba tswa ba tshotse sepe fa ba ya kwa lolwapeng lo lo ka fa ntle mme ba fetisetsa boitshepo mo bathong.”*+

21 O ne a nketshetsa* kwa lolwapeng lo lo ka fa ntle a bo a mphetisa mo dikhoneng tse nnê tsa lolwapa, mme ke ne ka bona lolwapana mo khoneng nngwe le nngwe ya lolwapa lo lo ka fa ntle. 22 Go ne go na le malwapana mo dikhoneng tse nnê tsa lolwapa a boleele jwa dikubita* di le 40 le bophara jwa dikubita di le 30. Otlhe ka bonê a ne a lekana.* 23 Malwapana ao a manê, a ne a na le dipota tse dinnye* mo teng go a dikologa, mme ka fa tlase ga dipota tseo go ne go agilwe mafelo a go bedisediwang ditlhabelo mo go one. 24 Foo o ne a nthaya a re: “Ano ke matlo a batho ba ba direlang mo tempeleng ba bedisetsang ditlhabelo tsa batho mo go one.”+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela