LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Esekiele 25
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Esekiele

      • Boporofeti ka se se tla diragalelang Amone (1-7)

      • Boporofeti ka se se tla diragalelang Moabe (8-11)

      • Boporofeti ka se se tla diragalelang Edoma (12-14)

      • Boporofeti ka se se tla diragalelang Filisitia (15-17)

Esekiele 25:2

Ditshupiso

  • +Ge 19:36, 38
  • +Jer 49:1; Amo 1:13; Sfn 2:9

Esekiele 25:4

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “dikampa tse di nang le dipota.”

Esekiele 25:5

Ditshupiso

  • +2Sa 12:26; Esk 21:20

Esekiele 25:6

Ditshupiso

  • +Dik 2:15
  • +Sfn 2:8

Esekiele 25:7

Ditshupiso

  • +Jer 49:2; Amo 1:14

Esekiele 25:8

Ditshupiso

  • +Isa 15:1; Jer 48:1; Amo 2:1
  • +Dut 2:4

Esekiele 25:9

Ditshupiso

  • +Dip 32:37, 38; Jos 13:15, 19

Esekiele 25:10

Ditshupiso

  • +Esk 25:4
  • +Esk 21:28, 32

Esekiele 25:11

Ditshupiso

  • +Jer 48:1

Esekiele 25:12

Ditshupiso

  • +2Dt 28:17; Pes. 137:7; Dik 4:22; Amo 1:11; Oba 10

Esekiele 25:13

Ditshupiso

  • +Mal 1:4
  • +Jer 49:7, 8

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 133

Esekiele 25:14

Ditshupiso

  • +Isa 11:14; 63:1
  • +Nah 1:2

Esekiele 25:15

Ditshupiso

  • +2Dt 28:18; Isa 9:11, 12; 14:29; Jer 47:1; Joe 3:4-6; Amo 1:6

Esekiele 25:16

Ditshupiso

  • +Jer 25:17, 20; Sfn 2:4
  • +Sfn 2:5
  • +Jer 47:4

Ditemana Tse dingwe

Esek. 25:2Ge 19:36, 38
Esek. 25:2Jer 49:1; Amo 1:13; Sfn 2:9
Esek. 25:52Sa 12:26; Esk 21:20
Esek. 25:6Dik 2:15
Esek. 25:6Sfn 2:8
Esek. 25:7Jer 49:2; Amo 1:14
Esek. 25:8Isa 15:1; Jer 48:1; Amo 2:1
Esek. 25:8Dut 2:4
Esek. 25:9Dip 32:37, 38; Jos 13:15, 19
Esek. 25:10Esk 25:4
Esek. 25:10Esk 21:28, 32
Esek. 25:11Jer 48:1
Esek. 25:122Dt 28:17; Pes. 137:7; Dik 4:22; Amo 1:11; Oba 10
Esek. 25:13Mal 1:4
Esek. 25:13Jer 49:7, 8
Esek. 25:14Isa 11:14; 63:1
Esek. 25:14Nah 1:2
Esek. 25:152Dt 28:18; Isa 9:11, 12; 14:29; Jer 47:1; Joe 3:4-6; Amo 1:6
Esek. 25:16Jer 25:17, 20; Sfn 2:4
Esek. 25:16Sfn 2:5
Esek. 25:16Jer 47:4
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Esekiele 25:1-17

Esekiele

25 Jehofa o ne a bua le nna gape a re: 2 “Morwa motho, lebisa sefatlhego sa gago ntlheng ya Baamone,+ mme o ba bolelele molaetsa wa katlholo.+ 3 O ba reye o re, ‘Utlwang lefoko la ga Morena Molaodimogolo Jehofa. Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “E re ka lo ile lwa re ‘Lo laegile!’ fa lefelo la me le le boitshepo le ne le dirwa gore le se ka la nna boitshepo, le fa lefatshe la Iseraele le ne le senngwa, le fa batho ba Juda ba ne ba isiwa botshwarwa, 4 ka jalo ke tla lo tsenya mo seatleng sa batho ba Botlhaba. Ba tla dira dikampa* tsa bone mo go lona e bile ba tla tlhoma ditente tsa bone mo gare ga lona. Ba tla ja maungo a lona, e bile ba tla nwa mashi a lona. 5 Ke tla dira gore Raba+ a nne mafulo a dikamela, e bile ke tla dira gore naga ya Baamone e nne lefelo le letsomane le ikhutsang mo go lone; mme lo tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa.”’”

6 “Gonne seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘E re ka o ne wa opa diatla,+ wa tiba ka dinao wa bo wa itumela ka pelo e e tletseng tshotlo fa o ne o bona se se diragaletseng lefatshe la Iseraele,+ 7 ke tla go otlololela seatla sa me gore ke go neye ditšhaba tse dingwe gore di go gape. Ke tla go kgaola mo ditšhabeng ke bo ke go senya ke go tlosa mo dinageng tse dingwe.+ Ke tla go nyeletsa, mme o tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa.’

8 “Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘E re ka Moabe+ le Seire+ ba rile, “Batho ba Juda ba tshwana fela le batho ba ditšhaba tse dingwe,” 9 jaanong ke tla letla gore metse e e kwa molelwaneng wa Moabe e tlhaselwe, go akaretsa metse ya lefatshe leo e mentlentle ya Bethe-jeshimothe, Baale-meone, tota le Kiriathaime.+ 10 Bone mmogo le Baamone, ke tla ba tsenya mo seatleng sa batho ba Botlhaba,+ gore Baamone ba se ka ba gakologelwa mo ditšhabeng.+ 11 Mme ke tla atlhola Bamoabe,+ ba tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa.’

12 “Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘Edoma o ipusoloseditse mo bathong ba Juda mme o ipaketse molato o mogolo ka go ipusolosetsa mo go bone;+ 13 ka jalo seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Gape ke tla otlololela Edoma seatla sa me ke bo ke fedisa motho le leruo mo go ene, e bile ke tla mo kgakgabatsa.+ Ba tla wa ka tšhaka go tloga kwa Temane go ya go fitlha kwa Dedane.+ 14 ‘Ke tla ipusolosetsa mo bathong ba Edoma ke dirisa batho ba me ba Iseraele.+ Ba tla tlisetsa Baedoma bogale jwa me le tšhakgalo ya me, gore ba tle ba bone gore ke a ipusolosetsa,’+ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.”’

15 “Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘E re ka Bafilisitia ba tlhoile Baiseraele thata, ba ikemiseditse go ipusolosetsa mo go bone ka tsela e e setlhogo le go ba senya.+ 16 Ka jalo, seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “Jaanong ke otlololela Bafilisitia seatla sa me,+ mme ke tla fedisa Bakeretha+ e bile ke tla senya batho ba ba setseng ba ba nnang kwa losing lwa lewatle.+ 17 Ke tla ipusolosetsa mo go bone ka ditiro tse dikgolo ke ba otlhaya ka bogale, mme ba tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa fa ke ipusolosetsa mo go bone.”’”

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela