LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Baatlhodi 8
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Baatlhodi

      • Baeferaime ba omana le Gidione (1-3)

      • Dikgosi tsa Midiana di a lelekisiwa di bo di bolawa (4-21)

      • Gidione o gana go nna kgosi (22-27)

      • Botshelo jwa ga Gidione (28-35)

Baatlhodi 8:1

Ditshupiso

  • +Baa 7:2
  • +Baa 12:1; 2Dt 25:10

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/15/2000, ts. 24

Baatlhodi 8:2

Ditshupiso

  • +Baa 7:24
  • +Baa 6:11, 34

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/15/2000, ts. 24

Baatlhodi 8:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “lefoko leno.”

  • *

    Seheb., “moya wa bone o ne wa ya kwa tlase mme wa se ka wa nna kgatlhanong le ene.”

Ditshupiso

  • +Baa 7:24, 25

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/15/2000, ts. 24

Baatlhodi 8:4

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    10/15/2004, ts. 16

Baatlhodi 8:7

Ditshupiso

  • +Baa 8:16

Baatlhodi 8:9

Ditshupiso

  • +Baa 8:17

Baatlhodi 8:10

Ditshupiso

  • +Baa 7:12

Baatlhodi 8:11

Ditshupiso

  • +Dip 32:34, 35

Baatlhodi 8:15

Ditshupiso

  • +Baa 8:5, 6

Baatlhodi 8:16

Ditshupiso

  • +Baa 8:7

Baatlhodi 8:17

Ditshupiso

  • +Baa 8:8, 9

Baatlhodi 8:21

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ka gonne fela jaaka monna a ntse, maatla a gagwe a ntse jalo.”

Ditshupiso

  • +Pes. 83:11

Baatlhodi 8:22

Ditshupiso

  • +Baa 6:14

Baatlhodi 8:23

Ditshupiso

  • +Ek 15:18; 1Sa 10:19; Isa 33:22; 43:15

Baatlhodi 8:24

Ditshupiso

  • +Ge 16:11; 25:13; 28:9; 37:28

Baatlhodi 8:26

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Shekele e lekana le 11,4 g. Bona Dintlha B14.

Ditshupiso

  • +Baa 8:21

Baatlhodi 8:27

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ba ne ba gweba ka mmele le yone ka tsela ya tshwantshetso.”

Ditshupiso

  • +Ek 28:6; Baa 17:5
  • +Baa 6:11
  • +Baa 2:17
  • +Pes. 106:36

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    7/15/2005, ts. 16

Baatlhodi 8:28

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ga ba a ka ba tlhola ba tsholetsa tlhogo ya bone.”

  • *

    Seheb., “la ikhutsa.”

Ditshupiso

  • +Baa 6:1
  • +Baa 3:11; 5:31

Baatlhodi 8:29

Ditshupiso

  • +Baa 6:32; 1Sa 12:11

Baatlhodi 8:30

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “o ne a nna rraagwe barwa ba le 70 ba ba neng ba tswa mo seropeng sa gagwe.”

Baatlhodi 8:31

Ditshupiso

  • +Baa 9:1, 2; 2Sa 11:21

Baatlhodi 8:32

Ditshupiso

  • +Baa 6:11, 24

Baatlhodi 8:33

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ba ne ba gweba ka mmele ka tsela ya tshwantshetso le.”

Ditshupiso

  • +Baa 2:17, 19; 10:6
  • +Baa 9:4

Baatlhodi 8:34

Ditshupiso

  • +Baa 3:7
  • +Pes. 106:43

Baatlhodi 8:35

Ditshupiso

  • +Baa 9:16-18

Ditemana Tse dingwe

Baatlh. 8:1Baa 7:2
Baatlh. 8:1Baa 12:1; 2Dt 25:10
Baatlh. 8:2Baa 7:24
Baatlh. 8:2Baa 6:11, 34
Baatlh. 8:3Baa 7:24, 25
Baatlh. 8:7Baa 8:16
Baatlh. 8:9Baa 8:17
Baatlh. 8:10Baa 7:12
Baatlh. 8:11Dip 32:34, 35
Baatlh. 8:15Baa 8:5, 6
Baatlh. 8:16Baa 8:7
Baatlh. 8:17Baa 8:8, 9
Baatlh. 8:21Pes. 83:11
Baatlh. 8:22Baa 6:14
Baatlh. 8:23Ek 15:18; 1Sa 10:19; Isa 33:22; 43:15
Baatlh. 8:24Ge 16:11; 25:13; 28:9; 37:28
Baatlh. 8:26Baa 8:21
Baatlh. 8:27Ek 28:6; Baa 17:5
Baatlh. 8:27Baa 6:11
Baatlh. 8:27Baa 2:17
Baatlh. 8:27Pes. 106:36
Baatlh. 8:28Baa 6:1
Baatlh. 8:28Baa 3:11; 5:31
Baatlh. 8:29Baa 6:32; 1Sa 12:11
Baatlh. 8:31Baa 9:1, 2; 2Sa 11:21
Baatlh. 8:32Baa 6:11, 24
Baatlh. 8:33Baa 2:17, 19; 10:6
Baatlh. 8:33Baa 9:4
Baatlh. 8:34Baa 3:7
Baatlh. 8:34Pes. 106:43
Baatlh. 8:35Baa 9:16-18
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
  • 32
  • 33
  • 34
  • 35
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Baatlhodi 8:1-35

Baatlhodi

8 Go tswa foo, banna ba Eferaime ba ne ba mo raya ba re: “O re dirile eng? Goreng o ne o sa re bitse fa o ya go tlhabana le Bamidiana?”+ Mme ba ne ba omana le ene mo go botlhoko.+ 2 Le fa go ntse jalo, o ne a ba raya a re: “Ke dirile eng fa ke bapisiwa le lona? A lona banna ba Eferaime+ ga lo a fitlhelela mo gontsi go feta se se fitlheletsweng ke rona banna ba ga Abiesere?+ 3 Modimo o ne a tsenya Orebe le Seebe+ dikgosana tsa Bamidiana mo seatleng sa lona, mme nna ke dirile eng fa ke bapisiwa le lona?” E rile a bua ka tsela eno,* bogale jwa bone bo ne jwa kokobela.*

4 Go tswa foo, Gidione o ne a tla mo Joredane mme a e kgabaganya. Ene le banna ba le 300 ba ba nang le ene ba ne ba lapile, le fa go ntse jalo ba ne ba nna ba ba lelekisa. 5 Ka jalo, o ne a raya banna ba Sukothe a re: “Tsweetswee nayang batho ba ba ntshetseng morago dilofo tsa senkgwe, ka gonne ba lapile mme ke lelekisa Seba le Salamuna, dikgosi tsa Bamidiana.” 6 Mme dikgosana tsa Sukothe di ne tsa re: “Goreng re tshwanetse go naya masole a gago senkgwe? A e le gore o setse o gapile Seba le Salamuna?” 7 Fa ba rialo, Gidione o ne a re: “Ka ntlha ya seo, fa Jehofa a tsenya Seba le Salamuna mo seatleng sa me, ke tlile go lo itaya ka mmitlwa le mengana ya kwa nageng.”+ 8 Mme o ne a tswa koo a ya kwa Penuele mme a ba kopa se se tshwanang, banna ba Penuele le bone ba ne ba mo araba ka tsela e e tshwanang le ya banna ba kwa Sukothe. 9 Ka jalo, banna ba Penuele le bone o ne a ba raya a re: “Fa ke boa ka kagiso, ke tlile go diga tora eno.”+

10 Jaanong Seba le Salamuna ba ne ba le kwa Karekore ba na le masole a bone, banna ba ka nna 15 000. Bano e ne e le botlhe ba ba setseng mo masoleng otlhe a batho ba kwa Botlhaba,+ ka gonne banna ba le 120 000 ba ba neng ba tshotse ditšhaka ba ne ba sule. 11 Gidione o ne a tswelela a tlhatloga ka tsela e e dirisiwang ke batho ba ba nnang mo ditenteng kwa botlhaba jwa Noba le Jogebeha+ mme a tlhasela kampa e e neng e sa disiwa. 12 E rile dikgosi tseno tse pedi tsa Bamidiana, e bong Seba le Salamuna ba tshaba, o ne a ba lelekisa a bo a ba tshwara, a dira gore botlhe mo kampeng ba tshoge.

13 Go tswa foo, Gidione morwa Joashe o ne a boa kwa ntweng a tsamaya ka tsela ya thotana e e yang kwa Herese. 14 Fa a le mo tseleng o ne a tshwara lekawana lengwe le le tswang kwa Sukothe a bo a le botsakaka dipotso. Ka jalo, lekawana leo le ne la mo kwalela maina a dikgosana le bagolwane ba Sukothe, banna ba le 77. 15 Go tswa foo, o ne a ya kwa banneng ba Sukothe mme a re: “Seba le Salamuna ke bano, ba lo neng lo nkgoba ka bone lo re, ‘A o setse o gapile Seba le Salamuna mo e leng gore re tshwanetse go naya banna ba gago ba ba lapileng senkgwe?’”+ 16 Foo o ne a tsaya bagolwane ba motse mme a tsaya mmitlwa le mengana ya kwa nageng a bo a itaya banna ba Sukothe ka yone.+ 17 Mme o ne a diga tora ya Penuele+ a bo a bolaya banna ba motse oo.

18 O ne a botsa Seba le Salamuna jaana: “Banna ba lo ba bolaileng kwa Tabore ba ne ba ntse jang?” Ba ne ba re: “Ba ne ba tshwana le wena, mongwe le mongwe wa bone o ne a tshwana le morwa wa kgosi.” 19 Mme o ne a re: “E ne e le bomorwarre, barwa ba ga mmê. Ke ikana ka Jehofa Modimo yo o tshelang, fa lo ka bo lo ba tlogetse ba tshela, ke ne nka se lo bolaye.” 20 Foo o ne a raya Jethere leitibolo la gagwe a re: “Ema o ba bolaye.” Le fa go ntse jalo, lekawana leno le ne la se ka la somola tšhaka ya lone; o ne a boifa ka gonne o ne a sa ntse a le lekawana. 21 Ka jalo, Seba le Salamuna ba ne ba re: “Wena re bolaye ka gonne monna o lemogiwa ka maatla a gagwe.”* Ka jalo, Gidione o ne a bolaya Seba le Salamuna+ a bo a tsaya mekgabisa e e bopegileng jaaka ngwedi yo o sa felelang e e neng e le mo melaleng ya dikamela tsa bone.

22 Moragonyana banna ba Iseraele ba ne ba raya Gidione ba re: “Re buse, wena le morwao mmogo le morwa wa ga morwao, ka gonne o re golotse mo seatleng sa Bamidiana.”+ 23 Le fa go ntse jalo, Gidione o ne a ba raya a re: “Nka se lo buse, le morwaake a ka se lo buse. Jehofa ke ene a tla lo busang.”+ 24 Gidione o ne a tswelela a re: “Mma ke lo kope selo se le sengwe: a mongwe le mongwe wa lona a nneye lenyena la nko go tswa mo dilong tse a di gapileng.” (Gonne ba ne ba na le manyena a nko a gauta, ka gonne e ne e le Baishemaele.)+ 25 Ba ne ba mo araba ba re: “Ruri re tla go a naya.” Foo ba ne ba phutholola seaparo se setelele mme monna mongwe le mongwe a latlhela mo go sone lenyena la nko go tswa mo go se a se gapileng. 26 Bokete jwa gauta ya manyena a nko a a neng a a kopile e ne e le dishekele* tsa gauta di le 1 700, kwantle ga mekgabisa e e bopegileng jaaka ngwedi yo o sa felelang, mekgabisa e e lepelelang, diaparo tsa wulu e phepole tse di aparwang ke dikgosi tsa Midiana le dibaga tse di neng di le mo dikameleng.+

27 Gidione o ne a dira khiba+ ka yone mme a e baya mo e neng e kgona go bonwa sentle teng mo motseng wa gagwe wa Ofera;+ mme Baiseraele botlhe ba ne ba e obamela* teng koo+ mme e ne ya nna serai mo go Gidione le mo go ba lelapa la gagwe.+

28 Ka jalo, Baiseraele ba ne ba fenya Bamidiana,+ mme ga ba a ka ba tlhola ba ba tlhasela* gape; mme lefatshe le ne la nna mo kagisong* dingwaga di le 40 mo malatsing a ga Gidione.+

29 Ka jalo, Jerubaale+ morwa Joashe o ne a boela kwa legaeng la gagwe mme a nna koo.

30 Gidione o ne a na le barwa ba le 70* ka gonne o ne a na le basadi ba le bantsi. 31 Mogadingwana wa gagwe yo o neng a le kwa Shekema le ene o ne a mo tsholela ngwana wa mosimane mme Gidione o ne a mmitsa Abimeleke.+ 32 Mme Gidione morwa Joashe o ne a swa a tsofetse thata mme o ne a fitlhelwa kwa lebitleng la ga Joashe rraagwe kwa Ofera wa Baabiesere.+

33 Fela fa Gidione a sena go swa, Baiseraele ba ne ba obamela* Bobaale+ gape, mme ba ne ba tlhoma Baale-berithe gore e nne modimo wa bone.+ 34 Baiseraele ba ne ba se ka ba gakologelwa Jehofa, Modimo wa bone,+ yo o neng a ba golotse mo seatleng sa baba botlhe ba bone ba ba neng ba ba dikologile;+ 35 e bile ba ne ba se ka ba bontsha ba lelapa la ga Jerubaale, e bong Gidione, lorato lo lo sa kgaotseng ka ntlha ya molemo otlhe o a neng a o diretse Baiseraele.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela