Dipesalema
Bakang Modimo mo lefelong la gagwe le le boitshepo.+
Mmakeng ka fa tlase ga loapi lo lo bontshang maatla a gagwe.+
2 Mmakeng ka ntlha ya ditiro tsa gagwe tse di maatla.+
Mmakeng ka ntlha ya bogolo jwa gagwe jo bo boitshegang.+
3 Mmakeng ka go letsa lonaka.+
Mmakeng ka seletswa sa megala le harepa.+
4 Mmakeng ka moropana+ le ka go bina.*
Mmakeng ka megala+ le ka fulutu.*+
5 Mmakeng ka disemebala tse di lediwang.
Mmakeng ka disemebala tse di itaaganngwang.+
6 A sengwe le sengwe se se hemang se bake Jah!