LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Baatlhodi 12
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Baatlhodi

      • Bagileade ba tlhabana le Baeferaime (1-7)

        • Ba laelwa gore ba re “Shibolethe” (6)

      • Baatlhodi Ibesane, Elone le Abedona (8-15)

Baatlhodi 12:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa gongwe “ba kgabaganyetsa kwa ntlheng ya bokone.”

Ditshupiso

  • +Baa 8:1

Baatlhodi 12:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +Baa 11:29

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    5/15/2007, ts. 10

Baatlhodi 12:4

Ditshupiso

  • +Dut 3:12, 13

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    5/15/2007, ts. 10

Baatlhodi 12:5

Ditshupiso

  • +Baa 3:28; 7:24

Baatlhodi 12:7

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    5/15/2007, ts. 10

Baatlhodi 12:8

Ditshupiso

  • +Baa 2:16

Baatlhodi 12:15

Ditshupiso

  • +Ge 36:12; Ek 17:16; Dip 13:29; 1Sa 15:2

Ditemana Tse dingwe

Baatlh. 12:1Baa 8:1
Baatlh. 12:3Baa 11:29
Baatlh. 12:4Dut 3:12, 13
Baatlh. 12:5Baa 3:28; 7:24
Baatlh. 12:8Baa 2:16
Baatlh. 12:15Ge 36:12; Ek 17:16; Dip 13:29; 1Sa 15:2
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Baatlhodi 12:1-15

Baatlhodi

12 Go tswa foo, banna ba Eferaime ba ne ba phuthega mme ba kgabaganyetsa kwa Safone* mme ba raya Jefetha ba re: “Goreng o ne o sa re bitse gore re tsamaye le wena fa o ne o kgabaganya o ya go tlhabana le Baamone?+ Re tla go fisetsa mo ntlong ya gago.” 2 Mme Jefetha o ne a ba raya a re: “Nna le batho ba me re ne ra nna le kganetsano e kgolo le Baamone. Ke ne ka lo bitsa gore lo tle go nthusa, mme ga lo a ka lwa nkgolola mo seatleng sa bone. 3 E rile ke bona gore lo ka se mpoloke, foo ke ne ka swetsa ka gore ke tsenye botshelo* jwa me mo kotsing, ka ya go tlhasela Baamone+ mme Jehofa o ne a ba tsenya mo seatleng sa me. Jaanong ke ka ntlha yang fa gompieno lo tlile go tla go tlhabana le nna?”

4 Foo Jefetha o ne a phutha banna botlhe ba Gileade+ mme ba ne ba tlhabana le Baeferaime; banna ba Gileade ba ne ba fenya Baeferaime, ba ba kileng ba re: “Lo batshabi fela ba ba tswang kwa Eferaime, lona Bagileade ba ba mo Eferaime le Manase.” 5 Gileade o ne a gapa karolo e batho ba kgabaganyang Joredane+ mo go yone kwa pele ga Eferaime; mme fa banna ba Eferaime ba ne ba leka go tshaba ba ne ba tle ba re, “Mma ke kgabaganye”; foo banna ba Gileade ba ne ba tle ba botse mongwe le mongwe wa bone ba re, “A o Moeferaime?” Fa a ne a araba a re, “Nnyaa,” 6 ba ne ba tle ba mo reye ba re, “Tsweetswee e re Shibolethe.” Mme ene o ne a re, “Sibolethe,” ka gonne a ne a sa kgone go bitsa lefoko leno sentle. Foo ba ne ba mo tshwara ba bo ba mmolaela fa karolong e batho ba kgabaganyang Joredane mo go yone. Ka jalo, ka nako eo go ne ga wa Baeferaime ba le 42 000.

7 Jefetha o ne a atlhola Iseraele dingwaga di le thataro, mme morago ga moo Jefetha wa Mogileade o ne a swa mme a fitlhelwa kwa motseng wa gagwe kwa Gileade.

8 Ibesane yo o tswang kwa Bethelehema o ne a atlhola Baiseraele morago ga gagwe.+ 9 O ne a na le barwa ba le 30 le barwadi ba le 30. O ne a romela bomorwadie gore ba nyalwe ke banna ba e seng ba kgotla ya gagwe e bile o ne a tlisetsa bomorwawe basadi ba le 30 gore ba ba nyale. O ne a atlhola Baiseraele dingwaga di le supa. 10 Go tswa foo, Ibesane o ne a swa mme a fitlhelwa kwa Bethelehema.

11 Morago ga gagwe, Elone wa Mosebulone o ne a atlhola Baiseraele; o ne a atlhola Baiseraele dingwaga di le lesome. 12 Go tswa foo, Elone wa Mosebulone o ne a swa mme a fitlhelwa kwa Aijalona mo lefatsheng la Sebulone.

13 Morago ga gagwe, Abedona morwa Hilele wa Mopirathone o ne a atlhola Baiseraele. 14 O ne a na le barwa ba le 40 le ditlogolwana tsa basimane di le 30 ba ba neng ba palama ditonki di le 70. O ne a atlhola Baiseraele dingwaga di le robedi. 15 Go tswa foo, Abedona morwa Hilele wa Mopirathone o ne a swa mme a fitlhelwa kwa Pirathone mo lefatsheng la Eferaime kwa thabeng ya Moamaleke.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela