Dipesalema
Go mokaedi; e opelwe ka diletswa tsa megala tse di ntshang molodi wa Sheminithe.* Pina ya ga Dafide.
6 Ao tlhe Jehofa, o se ka wa nkgalemela o galefile,
E bile o se ka wa nkotlhaya o shakgetse.+
2 Nkutlwele botlhoko, tlhe Jehofa, ka gonne ke a koafala.
Mphodise, tlhe Jehofa,+ ka gonne marapo a me a a roroma.
6 Ke lapisitswe ke go nna ke lela;+
Bosigo jotlhe ke kolobetsa bolao jwa me ka dikeledi;*
Fa ke lela, dikeledi tsa me di tlala mo sofeng ya me.+
7 Ke tshwenyegile thata ka gonne ke a boga;+
Ga ke tlhole ke bona sentle ka ntlha ya botlhe ba ba ntshwarang makgwakgwa.
8 Tlogang fa go nna, lona lotlhe ba lo itshwarang ka tsela e e sa siamang,
Gonne Jehofa o tla utlwa lentswe la me fa ke lela.+
9 Jehofa o tla nkutlwa fa ke mo kopa gore a nkutlwele botlhoko;+
Jehofa o tla reetsa thapelo ya me.
10 Baba ba me botlhe ba tla tlhabiwa ke ditlhong e bile ba tla welwa ke letshogo;
Ba tla boela morago ka tshoganyetso ba tlontlologile.+