LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Tshenolo 10
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Tshenolo

      • Moengele yo o nonofileng o tshotse momeno o monnye (1-7)

        • “Nako ya go leta e fedile” (6)

        • Sephiri se se boitshepo se tshwanetse go diragadiwa (7)

      • Johane o ja momeno o monnye (8-11)

Tshenolo 10:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “phuthetswe ka.”

  • *

    Seger., “dinao.”

Ditshupiso

  • +Mat 17:1, 2

Tshenolo 10:3

Ditshupiso

  • +Tsh 5:5
  • +Ek 19:16; Tsh 4:5; 11:19

Tshenolo 10:4

Ditshupiso

  • +Tsh 10:8

Tshenolo 10:6

Ditshupiso

  • +Pes. 90:2; Tsh 4:9
  • +Ek 20:11; Neh 9:6; Pes. 146:6

Tshenolo 10:7

Ditshupiso

  • +Tsh 8:6
  • +Tsh 11:15
  • +Mar 4:11
  • +Amo 3:7

Tshenolo 10:8

Ditshupiso

  • +Tsh 10:4
  • +Tsh 10:1, 2

Tshenolo 10:9

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seger., “bogalaka.”

Ditshupiso

  • +Esk 2:8

Tshenolo 10:10

Ditshupiso

  • +Jer 15:16
  • +Pes. 119:103; Esk 3:1-3

Tshenolo 10:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seger., “diteme.”

Ditemana Tse dingwe

Tshen. 10:1Mat 17:1, 2
Tshen. 10:3Tsh 5:5
Tshen. 10:3Ek 19:16; Tsh 4:5; 11:19
Tshen. 10:4Tsh 10:8
Tshen. 10:6Pes. 90:2; Tsh 4:9
Tshen. 10:6Ek 20:11; Neh 9:6; Pes. 146:6
Tshen. 10:7Tsh 8:6
Tshen. 10:7Tsh 11:15
Tshen. 10:7Mar 4:11
Tshen. 10:7Amo 3:7
Tshen. 10:8Tsh 10:4
Tshen. 10:8Tsh 10:1, 2
Tshen. 10:9Esk 2:8
Tshen. 10:10Jer 15:16
Tshen. 10:10Pes. 119:103; Esk 3:1-3
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Tshenolo 10:1-11

Tshenolo e e Yang Kwa go Johane

10 Mme ke ne ka bona moengele yo mongwe yo o nonofileng a fologa a tswa kwa legodimong, a apere* leru, e bile motshe wa godimo o ne o le mo tlhogong ya gagwe, mme sefatlhego sa gagwe se ne se tshwana le letsatsi,+ maoto* a gagwe one a ne a tshwana le dipilara tsa molelo, 2 mme o ne a tshotse momeno o monnye o o butsweng mo seatleng sa gagwe. O ne a tlhomile lonao lwa gagwe lwa moja mo lewatleng, mme lwa molema mo lefatsheng, 3 mme o ile a goa ka lentswe le le kwa godimo fela jaaka fa tau e kurutla.+ E rile a goa, ke ne ka utlwa lentswe la ditumo tsa maru tse supa.+

4 Jaanong e rile ditumo tsa maru tse supa di bua, ke ne ka ipaakanyetsa go kwala, le fa go ntse jalo, ke ne ka utlwa lentswe le tswa kwa legodimong+ le re: “Boloka dilo tse ditumo tsa maru tse supa di di buileng e le sephiri, o se ka wa di kwala.” 5 Moengele yo ke neng ka mmona a eme mo lewatleng le mo lefatsheng o ne a tsholeletsa seatla sa gagwe sa moja kwa legodimong, 6 mme o ne a ikana ka Ene yo o tshelang ka bosakhutleng le go ya go ile,+ yo o neng a bopa legodimo le dilo tse di mo go lone, le lefatshe le dilo tse di mo go lone, le lewatle le dilo tse di mo go lone+ a re: “Nako ya go leta e fedile. 7 Le fa go ntse jalo, mo malatsing a fa moengele wa bosupa+ a tloga a letsa terompeta ya gagwe,+ sephiri se se boitshepo+ se Modimo a neng a se bolelela batlhanka ba gagwe ba e leng baporofeti e le dikgang tse di molemo,+ eleruri se tla diragadiwa.”

8 Mme ke ne ka utlwa lentswe le le neng le tswa kwa legodimong+ le bua le nna gape le re: “Tsamaya, tsaya momeno o o butsweng o o mo seatleng sa moengele yo o emeng mo lewatleng le mo lefatsheng.”+ 9 Ke ne ka ya kwa moengeleng yoo mme ka mmolelela gore a mphe momeno oo o monnye. O ne a nthaya a re: “O tseye, o je,+ o o fetse mme o tla dira gore mpa ya gago e nne botlhoko,* le fa go ntse jalo, mo leganong la gago o tla nna botshe jaaka tswina ya dinotshe.” 10 Ke ne ka tsaya momeno oo o monnye mo seatleng sa moengele, ka o ja,+ ka o fetsa, mme mo leganong la me o ne o le botshe jaaka tswina ya dinotshe,+ mme e rile ke sena go o ja ke o fetsa, mpa ya me e ne ya nna botlhoko. 11 Mme ke ne ka tewa go twe: “O tshwanetse go porofeta gape ka se se tla diragalelang merafe le ditšhaba le batho ba ba buang dipuo* tse di farologaneng le dikgosi di le dintsi.”

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela