LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Lefitiko 25
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Lefitiko

      • Ngwaga wa Sabata (1-7)

      • Ngwaga wa Jubile (8-22)

      • Go busetsa batho dilo tsa bone (23-34)

      • Tsela ya go tshwara bahumanegi (35-38)

      • Melao e e amanang le bokgoba (39-55)

Lefitiko 25:2

Ditshupiso

  • +Ge 15:16
  • +Lef 26:34; 2Dt 36:20, 21

Lefitiko 25:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “diterebe; moretlwa.”

Ditshupiso

  • +Ek 23:10, 11

Lefitiko 25:9

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “mo Letsatsing la Tetlanyo.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +Lef 16:30; 23:27, 28

Lefitiko 25:10

Ditshupiso

  • +Isa 61:1, 2; Luk 4:18, 19; Bar 8:20, 21
  • +Lef 27:24; Dip 36:4; Dut 15:1

Lefitiko 25:11

Ditshupiso

  • +Lef 25:5

Lefitiko 25:12

Ditshupiso

  • +Ek 23:11; Lef 25:6

Lefitiko 25:13

Ditshupiso

  • +Lef 25:29, 30; 27:24

Lefitiko 25:14

Ditshupiso

  • +1Sa 12:3; Dia 14:31

Lefitiko 25:15

Ditshupiso

  • +Lef 27:18

Lefitiko 25:17

Ditshupiso

  • +Lef 19:13; Dia 22:22
  • +Lef 25:43; Dia 1:7; 8:13
  • +Isa 33:22

Lefitiko 25:18

Ditshupiso

  • +Dut 12:10; Pes. 4:8; Dia 1:33

Lefitiko 25:19

Ditshupiso

  • +Pes. 67:6
  • +Lef 26:3-5

Lefitiko 25:20

Ditshupiso

  • +Lef 25:4, 5; Mat 6:25

Lefitiko 25:21

Ditshupiso

  • +Ge 26:12; Dut 28:8; Mal 3:10

Lefitiko 25:23

Ditshupiso

  • +1Dk 21:3
  • +Pes. 24:1
  • +1Dt 29:15

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    11/15/2011, ts. 17

Lefitiko 25:25

Ditshupiso

  • +Ru 2:20; 4:4-6

Lefitiko 25:27

Ditshupiso

  • +Lef 25:50

Lefitiko 25:28

Ditshupiso

  • +Lef 27:24
  • +Lef 25:10, 13

Lefitiko 25:29

Ditshupiso

  • +Lef 25:25-27

Lefitiko 25:32

Ditshupiso

  • +Dip 35:2, 8

Lefitiko 25:33

Ditshupiso

  • +Lef 25:28
  • +Dip 18:20; 35:2, 4; Dut 18:1

Lefitiko 25:34

Ditshupiso

  • +Dip 35:7; Jos 14:4

Lefitiko 25:35

Ditshupiso

  • +Dut 15:7; Pes. 41:1; 112:5; Dia 3:27; 19:17; Mar 14:7; Dit 11:29; 1Ti 6:18; 1Jo 3:17
  • +Ek 22:21; 23:9; Lef 19:34; Dut 10:18

Lefitiko 25:36

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “wa mo adima madi o batla tuelo e ntsi thata.”

Ditshupiso

  • +Ek 22:25; Dut 23:19; Pes. 15:5; Dia 28:8
  • +Dia 8:13

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    5/15/2004, ts. 24

Lefitiko 25:37

Ditshupiso

  • +Dut 23:20; Luk 6:34, 35

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    5/15/2004, ts. 24

Lefitiko 25:38

Ditshupiso

  • +Ek 20:2; 1Dk 8:51
  • +Ek 6:7

Lefitiko 25:39

Ditshupiso

  • +Ek 21:2; Dut 15:12
  • +1Dk 9:22

Lefitiko 25:40

Ditshupiso

  • +Lef 25:53

Lefitiko 25:41

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “barwa.”

Ditshupiso

  • +Ek 21:3; Lef 25:10

Lefitiko 25:42

Ditshupiso

  • +Ek 1:13, 14; 19:5; Lef 25:55

Lefitiko 25:43

Ditshupiso

  • +Ek 3:7; Bae 6:9; Bak 4:1
  • +Lef 25:17; Mor 12:13

Lefitiko 25:45

Ditshupiso

  • +Ek 12:38; Jos 9:21

Lefitiko 25:46

Ditshupiso

  • +Lef 25:39, 43

Lefitiko 25:48

Ditshupiso

  • +Lef 25:25

Lefitiko 25:49

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ope wa losika lwa madi.”

Ditshupiso

  • +Lef 25:26, 27

Lefitiko 25:50

Ditshupiso

  • +Lef 25:10
  • +Lef 25:15, 16
  • +Dut 15:18

Lefitiko 25:53

Ditshupiso

  • +Lef 25:40, 43; Bak 4:1

Lefitiko 25:54

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “barwa.”

Ditshupiso

  • +Ek 21:3

Lefitiko 25:55

Ditshupiso

  • +Ek 20:2; Lef 25:42

Ditemana Tse dingwe

Lefi. 25:2Ge 15:16
Lefi. 25:2Lef 26:34; 2Dt 36:20, 21
Lefi. 25:3Ek 23:10, 11
Lefi. 25:9Lef 16:30; 23:27, 28
Lefi. 25:10Isa 61:1, 2; Luk 4:18, 19; Bar 8:20, 21
Lefi. 25:10Lef 27:24; Dip 36:4; Dut 15:1
Lefi. 25:11Lef 25:5
Lefi. 25:12Ek 23:11; Lef 25:6
Lefi. 25:13Lef 25:29, 30; 27:24
Lefi. 25:141Sa 12:3; Dia 14:31
Lefi. 25:15Lef 27:18
Lefi. 25:17Lef 19:13; Dia 22:22
Lefi. 25:17Lef 25:43; Dia 1:7; 8:13
Lefi. 25:17Isa 33:22
Lefi. 25:18Dut 12:10; Pes. 4:8; Dia 1:33
Lefi. 25:19Pes. 67:6
Lefi. 25:19Lef 26:3-5
Lefi. 25:20Lef 25:4, 5; Mat 6:25
Lefi. 25:21Ge 26:12; Dut 28:8; Mal 3:10
Lefi. 25:231Dk 21:3
Lefi. 25:23Pes. 24:1
Lefi. 25:231Dt 29:15
Lefi. 25:25Ru 2:20; 4:4-6
Lefi. 25:27Lef 25:50
Lefi. 25:28Lef 27:24
Lefi. 25:28Lef 25:10, 13
Lefi. 25:29Lef 25:25-27
Lefi. 25:32Dip 35:2, 8
Lefi. 25:33Lef 25:28
Lefi. 25:33Dip 18:20; 35:2, 4; Dut 18:1
Lefi. 25:34Dip 35:7; Jos 14:4
Lefi. 25:35Dut 15:7; Pes. 41:1; 112:5; Dia 3:27; 19:17; Mar 14:7; Dit 11:29; 1Ti 6:18; 1Jo 3:17
Lefi. 25:35Ek 22:21; 23:9; Lef 19:34; Dut 10:18
Lefi. 25:36Ek 22:25; Dut 23:19; Pes. 15:5; Dia 28:8
Lefi. 25:36Dia 8:13
Lefi. 25:37Dut 23:20; Luk 6:34, 35
Lefi. 25:38Ek 20:2; 1Dk 8:51
Lefi. 25:38Ek 6:7
Lefi. 25:39Ek 21:2; Dut 15:12
Lefi. 25:391Dk 9:22
Lefi. 25:40Lef 25:53
Lefi. 25:41Ek 21:3; Lef 25:10
Lefi. 25:42Ek 1:13, 14; 19:5; Lef 25:55
Lefi. 25:43Ek 3:7; Bae 6:9; Bak 4:1
Lefi. 25:43Lef 25:17; Mor 12:13
Lefi. 25:45Ek 12:38; Jos 9:21
Lefi. 25:46Lef 25:39, 43
Lefi. 25:48Lef 25:25
Lefi. 25:49Lef 25:26, 27
Lefi. 25:50Lef 25:10
Lefi. 25:50Lef 25:15, 16
Lefi. 25:50Dut 15:18
Lefi. 25:53Lef 25:40, 43; Bak 4:1
Lefi. 25:54Ek 21:3
Lefi. 25:55Ek 20:2; Lef 25:42
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
  • 32
  • 33
  • 34
  • 35
  • 36
  • 37
  • 38
  • 39
  • 40
  • 41
  • 42
  • 43
  • 44
  • 45
  • 46
  • 47
  • 48
  • 49
  • 50
  • 51
  • 52
  • 53
  • 54
  • 55
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Lefitiko 25:1-55

Lefitiko

25 Jehofa o ne a bua gape le Moshe mo Thabeng ya Sinai a re: 2 “Bua le Baiseraele mme o ba reye o re, ‘Fa lo fitlha mo lefatsheng le ke le lo nayang,+ foo lefatshe leo le tla bolokela Jehofa sabata.+ 3 Lo jale peo mo tshimong ya lona dingwaga di le thataro lo bo lo pome tshimo ya lona ya morara* dingwaga di le thataro mme lo phuthe thobo ya teng.+ 4 Mme mo ngwageng wa bosupa, masimo ao a nne le ngwaga o o kgethegileng wa go ikhutsa, sabata e e direlwang go tlotla Jehofa. Lo se ka lwa jala peo mo tshimong ya lona kgotsa lwa poma tshimo ya lona ya morara. 5 Ga lo a tshwanela go roba se se itlhogelang fela se sa jalwa go tswa mo dijong tsa ditlhaka tse di tlogetsweng morago ga thobo, gape ga lo a tshwanela go kgetla morara mo setlhareng sa lona se se sa pomiwang. Masimo ao a nne le ngwaga o o kgethegileng wa go ikhutsa. 6 Le fa go ntse jalo, lo ka ja dijo tse di melang mo masimong ka nako ya one ya sabata; wena, motlhanka wa gago le lelata la gago, modiri wa gago yo o thapilweng le batswakwa ba ba nnang le wena, ba ka nna ba di ja, 7 mmogo le seruiwa sa gago le diphologolo tsa naga tse di mo lefatsheng la gago. Lo ka ja sengwe le sengwe se se melang mo lefatsheng la lona.

8 “‘O bale dingwaga tsa sabata di le supa, dingwaga di le supa gasupa, mme malatsi a dingwaga tsa sabata di le supa e tla nna dingwaga di le 49. 9 Go tswa foo, o leletse lonaka kwa godimo mo kgweding ya bosupa, mo letsatsing la bolesome la kgwedi eo; lo dire gore modumo wa lonaka o utlwale mo lefatsheng lotlhe la lona mo Letsatsing la go Ntsha Ditlhabelo Tsa go Itshwarelwa Maleo.*+ 10 Lo tshwanetse go dira gore ngwaga wa bo50 o nne boitshepo lo bo lo itsise banni botlhe ba lefatshe la lona gore ke kgololesego.+ E tla nna Jubile mo go lona, mme mongwe le mongwe wa lona o tla boela kwa lefatsheng la gagwe e bile mongwe le mongwe wa lona o tla boela kwa lelapeng la gagabo.+ 11 Ngwaga oo wa bo50 e tla nna Jubile mo go lona. Ga lo kitla lo jala peo kgotsa lo roba se se medileng se sa jalwa go tswa mo dijong tsa ditlhaka tse di tlogetsweng kgotsa lo kgetla morara mo ditlhareng tse di sa pomiwang.+ 12 Gonne ke Jubile. E nne boitshepo mo go lona. Lo ka nna lwa ja fela se se itlhogelang se sa jalwa mo lefatsheng la lona.+

13 “‘Mo ngwageng ono wa Jubile, mongwe le mongwe wa lona a boele kwa lefatsheng la gagwe.+ 14 Fa lo rekisetsa motho yo mongwe sepe fela kgotsa fa lo reka mo go ene, lo se ka lwa tsietsana.+ 15 Fa o reka sengwe mo mothong yo mongwe, a a akanyetse palo ya dingwaga morago ga Jubile, mme a go rekisetse go ya ka dingwaga tse di setseng tsa thobo.+ 16 Fa go setse dingwaga tse dintsi, a ka nna a oketsa tlhwatlhwa e a e rekisang ka yone mme fa go setse dingwaga di le mmalwa, a fokotse tlhwatlhwa e a e rekisang ka yone ka gonne o go rekisetsa palo ya dijalo tse di tla melang. 17 Go se nne le ope mo go lona yo o tsietsang motho yo mongwe+ mme o boife Modimo wa gago+ ka gonne ke nna Jehofa, Modimo wa lona.+ 18 Fa lo diragatsa melao ya me lo bo lo boloka ditshwetso tsa me tsa boatlhodi, lo tla nna mo lefatsheng ka polokesego.+ 19 Lefatshe le tla ntsha maungo a lone+ mme lo tla ja gore lo bo lo kgore e bile lo tla nna mo go lone ka polokesego.+

20 “‘Mme fa lo ka re: “Re tlile go ja eng mo ngwageng wa bosupa fa re ka se jale peo kgotsa ra phutha thobo ya rona?”+ 21 Mo ngwageng wa borataro ke tla lo segofatsa, mme lefatshe le tla ungwa thobo e e lekaneng dingwaga di le tharo.+ 22 Go tswa foo, lo jale peo mo ngwageng wa borobedi mme lo tla ja thobo ya ngwagatlola go fitlha mo ngwageng wa borobongwe. Lo tla ja mo thobong ya ngwagatlola go fitlha thobo ya lefatshe e nna teng.

23 “‘Lefatshe le se ka la rekisediwa ruri+ ka gonne lefatshe ke la me.+ Gonne ke lo tsaya lo le batswakwa le baagi fela.+ 24 Mo lefatsheng lotlhe le lo nnang mo go lone, lo neye motho tshwanelo ya gore a reke gape lefatshe le le neng le rekisitswe.

25 “‘Fa morwarrago a humanega mme a tshwanelwa ke go rekisa karolo nngwe ya lefatshe la gagwe le a le ruileng, morekolodi yo o amanang thata le ene o tshwanetse go tla a bo a rekolola se morwarraagwe a neng a se rekisitse.+ 26 Mme fa motho mongwe a se na morekolodi mme a huma a bo a bona tsela ya go le rekolola, 27 a a bale tlhwatlhwa ya lone ya dingwaga tsa go tloga ka nako ya fa a le rekisa mme a busetse madi ape a a setseng kwa mothong yo a neng a le mo rekisetsa. Morago ga moo, a ka nna a boela kwa lefatsheng la gagwe.+

28 “‘Mme fa a sa kgone go le reka gape mo go ene, se a se rekisitseng se tla tswelela e le sa yo o se rekileng go fitlha mo ngwageng wa Jubile;+ mme se tla busediwa kwa go ene ka Jubile mme o tla boela kwa lefatsheng la gagwe.+

29 “‘Jaanong fa motho a rekisa ntlo e e mo motseng o o ageletsweng ka dipota, tshwanelo ya gagwe ya go rekolola le yone e tla tswelela go tloga ka nako ya fa a wetsa go e rekisa go fitlha kwa bofelong jwa ngwaga; mo ngwageng otlhe, o tla tswelela a na le tshwanelo ya gagwe ya go e rekolola.+ 30 Mme fa e ka se ka ya rekololwa pele ngwaga o le mongwe o o tletseng o wela, ntlo eo e e mo motseng o o ageletsweng ka lobota e tla nna ya yo o e rekileng go ya go ile, mo dikokomaneng tsotlhe tsa gagwe. E se ka ya gololwa ka Jubile. 31 Le fa go ntse jalo, matlo a a mo metsaneng e e sa agelelwang ka lobota a tsewe e le karolo ya tshimo ya motse oo. Tshwanelo ya motho ya go rekolola ntlo eo e tswelele, mme ntlo eo e gololwe ka Jubile.

32 “‘Fa e le matlo a Balefi a a mo metseng ya bone one,+ Balefi ba tla nna le tshwanelo e e nnelang ruri ya go a rekolola. 33 Fa thuo ya Balefi e sa rekololwe, ntlo e e rekisitsweng e e mo motseng wa bone le yone e tla gololwa ka Jubile+ ka gonne matlo a metse ya Balefi ke boswa jwa bone mo gare ga Baiseraele.+ 34 Mo godimo ga moo, naga ya mafulo+ e e dikologileng metse ya bone e se ka ya rekisiwa ka gonne ke boswa jwa bone go ya go ile.

35 “‘Fa morwarrago yo o agileng gaufi le wena a humanega mme a sa kgone go itlamela, o tshwanetse go mo thusa+ fela jaaka o ka thusa motswakwa le motho yo o agileng le wena,+ gore a tswelele a tshela le wena. 36 O se ka wa tsaya morokotso kgotsa wa dira poelo* mo go ene.+ O tshwanetse go boifa Modimo wa gago+ mme morwarrago o tla tswelela a tshela le wena. 37 Ga o a tshwanela go mo adima madi a gago o bo o batla morokotso+ kgotsa go mo naya dijo gore o bone poelo. 38 Ke nna Jehofa, Modimo wa lona, yo o lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto+ gore ke lo neye lefatshe la Kanana, gore ke itshupe ke le Modimo wa lona.+

39 “‘Fa morwarrago yo o agileng gaufi le wena a humanega a bo a tshwanelwa ke go ithekisa mo go wena,+ ga o a tshwanela go mo pateletsa go dira tiro ya bokgoba.+ 40 A tshwarwe jaaka modiri yo o thapilweng,+ jaaka motho yo o agileng le wena. A go direle go fitlha ka ngwaga wa Jubile. 41 Go tswa foo, o tla go tlogela, ene le bana* ba gagwe mme ba boele kwa lelapeng la gagwe. A boele kwa lefatsheng la borraagwemogolo.+ 42 Gonne ke batlhanka ba me ba ke ba ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto.+ Ba se ka ba ithekisa ka tsela e lekgoba le rekisiwang ka yone. 43 Ga o a tshwanela go mo tshwara setlhogo,+ mme o tshwanetse go boifa Modimo wa gago.+ 44 Batlhanka ba gago le malata e nne ba ba tswang mo ditšhabeng tse di lo dikologileng, lo ka nna lwa reka motlhanka kgotsa lelata mo go tsone. 45 Gape lo ka nna lwa reka batlhanka go tswa mo go bomorwa batswakwa ba ba agileng le lona+ le go tswa mo go ba malapa a bone ba ba ba tsholetsweng mo lefatsheng la lona, mme ba tla nna makgoba a lona. 46 Lo ka nna lwa ba tlogelela bomorwaalona morago ga lona e le boswa jo bo nnelang ruri. Lo ka nna lwa ba dirisa e le badiri mme ga lo a tshwanela go tshwara bomorwarraalona ba Baiseraele setlhogo.+

47 “‘Mme fa motswakwa kgotsa motho yo o agileng le lona a huma mme morwarrago yo o agileng gaufi le ene a humanega a bo a tshwanelwa ke go ithekisetsa motswakwa kgotsa motho yo o agileng le wena kgotsa a ithekisetsa leloko la lelapa la motswakwa, 48 o tla tswelela a na le tshwanelo ya go rekololwa fa a sena go ithekisa. Mongwe wa bomorwarraagwe a ka nna a mo rekolola+ 49 kgotsa rramogoloagwe kgotsa rangwanaagwe kgotsa morwa wa ga rramogoloagwe kgotsa wa ga rangwanaagwe a ka nna a mo rekolola kgotsa ope yo o atamalaneng le ene ka losika,* mongwe wa lelapa la gagabo, a ka nna a mo rekolola.

“‘Kgotsa fa a setse a humile, le ene a ka nna a ithekolola.+ 50 Ene le moreki wa gagwe ba bale nako ya go tloga ka ngwaga o a ithekisitseng mo go ene ka one go fitlha ka ngwaga wa Jubile,+ mme madi a a ithekisitseng ka one a tla lekana le palo ya dingwaga.+ Malatsi a a a berekileng mo nakong eo a tla balwa go ya ka selekanyo sa modiri yo o thapilweng.+ 51 Fa go sa ntse go na le dingwaga di le dintsi tse di setseng, a a duele tlhwatlhwa ya gagwe ya go ithekolola e e lekanang dingwaga tse di setseng. 52 Mme fa go setse dingwaga di le mmalwa fela go fitlha ka ngwaga wa Jubile, foo a a ipalele mme a duele tlhwatlhwa ya gagwe ya go rekolola e e lekanang dingwaga tse di setseng. 53 A tswelele a mo direla ngwaga le ngwaga e le modiri yo o thapilweng; mme o tlhomamise gore ga a mo tshware setlhogo.+ 54 Le fa go ntse jalo, fa a sa kgone go ithekolola ka ditsela tseno, foo o tla gololesega mo ngwageng wa Jubile+ mme o tla tsamaya le bana* ba gagwe.

55 “‘Gonne Baiseraele ke batlhanka ba me. Ke batlhanka ba me ba ke neng ka ba ntsha kwa lefatsheng la Egepeto.+ Ke nna Jehofa, Modimo wa lona.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela