LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Duteronome 27
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Duteronome

      • Molao o kwalwe mo majeng (1-10)

      • Kwa Thabeng ya Ebale le kwa Thabeng ya Gerisime (11-14)

      • Diphutso di a boelediwa (15-26)

Duteronome 27:2

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “lo a tshasa kalaka.”

Ditshupiso

  • +Jos 8:30-32

Duteronome 27:3

Ditshupiso

  • +Dip 13:26, 27

Duteronome 27:4

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “lo a tshasa kalaka.”

Ditshupiso

  • +Dut 11:29

Duteronome 27:5

Ditshupiso

  • +Ek 20:25

Duteronome 27:7

Ditshupiso

  • +Lef 3:1
  • +Lef 7:15
  • +Dut 12:7

Duteronome 27:8

Ditshupiso

  • +Ek 24:12

Duteronome 27:9

Ditshupiso

  • +Ek 19:5; Dut 26:18

Duteronome 27:10

Ditshupiso

  • +1Dk 2:3; Mat 19:17; 1Jo 5:3

Duteronome 27:12

Ditshupiso

  • +Dut 11:29

Duteronome 27:13

Ditshupiso

  • +Jos 8:33

Duteronome 27:14

Ditshupiso

  • +Dut 33:10

Duteronome 27:15

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “motho yo o dirang ka logong le tshipi.”

  • *

    Kgotsa “A go nne jalo!”

Ditshupiso

  • +Ek 20:4; Dut 4:15, 16; Isa 44:9
  • +Ek 34:17; Lef 19:4
  • +Dut 7:25; 29:17

Duteronome 27:16

Ditshupiso

  • +Ek 20:12; Dut 21:18-21; Dia 20:20; 30:17; Mat 15:4

Duteronome 27:17

Ditshupiso

  • +Dut 19:14; Dia 23:10

Duteronome 27:18

Ditshupiso

  • +Lef 19:14

Duteronome 27:19

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ngwana yo o se nang rre.”

Ditshupiso

  • +Dut 16:20; Dia 17:23; Mik 3:11
  • +Ek 22:21, 22; Dut 10:17, 18; Mal 3:5; Jak 1:27

Duteronome 27:20

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “o bipolotse seaparo sa ga rraagwe.”

Ditshupiso

  • +Lef 18:8; 1Bk 5:1

Duteronome 27:21

Ditshupiso

  • +Ek 22:19; Lef 18:23; 20:15

Duteronome 27:22

Ditshupiso

  • +Lef 18:9; 20:17

Duteronome 27:23

Ditshupiso

  • +Lef 18:17; 20:14

Duteronome 27:24

Ditshupiso

  • +Ek 20:13; 21:12; Dip 35:31

Duteronome 27:25

Ditshupiso

  • +Mat 27:3, 4

Duteronome 27:26

Ditshupiso

  • +Dut 28:15; Bag 3:10

Ditemana Tse dingwe

Dute. 27:2Jos 8:30-32
Dute. 27:3Dip 13:26, 27
Dute. 27:4Dut 11:29
Dute. 27:5Ek 20:25
Dute. 27:7Lef 3:1
Dute. 27:7Lef 7:15
Dute. 27:7Dut 12:7
Dute. 27:8Ek 24:12
Dute. 27:9Ek 19:5; Dut 26:18
Dute. 27:101Dk 2:3; Mat 19:17; 1Jo 5:3
Dute. 27:12Dut 11:29
Dute. 27:13Jos 8:33
Dute. 27:14Dut 33:10
Dute. 27:15Ek 20:4; Dut 4:15, 16; Isa 44:9
Dute. 27:15Ek 34:17; Lef 19:4
Dute. 27:15Dut 7:25; 29:17
Dute. 27:16Ek 20:12; Dut 21:18-21; Dia 20:20; 30:17; Mat 15:4
Dute. 27:17Dut 19:14; Dia 23:10
Dute. 27:18Lef 19:14
Dute. 27:19Dut 16:20; Dia 17:23; Mik 3:11
Dute. 27:19Ek 22:21, 22; Dut 10:17, 18; Mal 3:5; Jak 1:27
Dute. 27:20Lef 18:8; 1Bk 5:1
Dute. 27:21Ek 22:19; Lef 18:23; 20:15
Dute. 27:22Lef 18:9; 20:17
Dute. 27:23Lef 18:17; 20:14
Dute. 27:24Ek 20:13; 21:12; Dip 35:31
Dute. 27:25Mat 27:3, 4
Dute. 27:26Dut 28:15; Bag 3:10
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Duteronome 27:1-26

Duteronome

27 Go tswa foo, Moshe mmogo le bagolwane ba Iseraele ba ne ba laela batho ba re: “Ikobeleng taelo nngwe le nngwe e ke lo e nayang gompieno. 2 Mme mo letsatsing la fa lo tla bo lo kgabaganya Joredane lo tsena mo lefatsheng le Jehofa, Modimo wa lona a le lo nayang, lo itlhomele maje a magolo lo bo lo a poleisetera.*+ 3 Go tswa foo, lo kwale mafoko otlhe a Molao ono mo go one fa lo setse lo kgabagantse, gore lo tsene mo lefatsheng le Jehofa, Modimo wa lona a le lo nayang, lefatshe le le elelang mashi le tswina ya dinotshe, fela jaaka Jehofa, Modimo wa borraalonamogolo, a lo solofeditse.+ 4 Fa lo setse lo kgabagantse Joredane, lo tlhome maje ao mo Thabeng ya Ebale+ lo bo lo a poleisetera,* fela jaaka ke lo laela gompieno. 5 Gape lo agele Jehofa, Modimo wa lona sebeso gone, sebeso sa maje. Lo se ka lwa dirisa didirisiwa tsa tshipi mo go one.+ 6 Lo age sebeso sa ga Jehofa, Modimo wa lona ka maje a a sa segiwang mme lo isetse Jehofa, Modimo wa lona ditlhabelo tse di fisiwang mo go sone. 7 Lo ntshe ditlhabelo tsa go abelana+ lo bo lo di jela gone koo,+ mme lo itumele fa pele ga ga Jehofa, Modimo wa lona.+ 8 Mme lo kwale mafoko otlhe a Molao ono mo majeng ao+ ka tsela e e bonalang sentle.”

9 Go tswa foo, Moshe le baperesiti ba Balefi ba ne ba bua le Iseraele yotlhe, ba re: “Didimala wena Iseraele mme o reetse. Mo letsatsing leno o fetogile setšhaba sa ga Jehofa, Modimo wa gago.+ 10 O tshwanetse go reetsa lentswe la ga Jehofa, Modimo wa gago o bo o diragatse ditaelo+ tsa gagwe le melao ya gagwe, e ke go e laelang gompieno.”

11 Mo letsatsing leo, Moshe o ne a laela batho a re: 12 “Ditso tse di latelang di tla ema mo Thabeng ya Gerisime+ gore di segofatse batho fa lo setse lo kgabagantse Joredane: Simeone, Lefi, Juda, Isakare, Josefa le Benjamine. 13 Mme tse di latelang di tla ema mo Thabeng ya Ebale+ gore di bolele phutso: Rubene, Gada, Ashera, Sebulone, Dana le Nafetali. 14 Mme Balefi ba tla araba motho mongwe le mongwe wa Iseraele ka lentswe le le kwa godimo ba re:+

15 “‘Go hutsegile motho yo o dirang setshwantsho se se betlilweng+ kgotsa sefikantswe se se bopilweng,+ selo se se makgapha mo go Jehofa,+ tiro ya diatla tsa motho yo o betlang* le yo o se fitlhileng.’ (Mme batho botlhe ba re, ‘Amen!’*)

16 “‘Go hutsegile motho yo o nyatsang rraagwe kgotsa mmaagwe.’+ (Mme batho botlhe ba re, ‘Amen!’)

17 “‘Go hutsegile motho yo o sutisang letshwao la molelwane wa moagelani wa gagwe.’+ (Mme batho botlhe ba re, ‘Amen!’)

18 “‘Go hutsegile motho yo o dirang gore sefofu se timelelwe ke tsela.’+ (Mme batho botlhe ba re, ‘Amen!’)

19 “‘Go hutsegile motho yo o sokamisang katlholo+ ya motswakwa, ya khutsana* kgotsa ya motlholagadi.’+ (Mme batho botlhe ba re, ‘Amen!’)

20 “‘Go hutsegile motho yo o tlhakanelang dikobo le mosadi wa ga rraagwe, ka gonne o tlontlolotse rraagwe.’*+ (Mme batho botlhe ba re, ‘Amen!’)

21 “‘Go hutsegile motho yo o tlhakanelang dikobo le phologolo epe fela.’+ (Mme batho botlhe ba re, ‘Amen!’)

22 “‘Go hutsegile motho yo o tlhakanelang dikobo le kgaitsadie, e ka ne e le kgaitsadie yo ba tlhakanetseng rre kgotsa mmê.’+ (Mme batho botlhe ba re, ‘Amen!’)

23 “‘Go hutsegile motho yo o tlhakanelang dikobo le mmaagwe mosadi wa gagwe.’+ (Mme batho botlhe ba re, ‘Amen!’)

24 “‘Go hutsegile motho yo o iphitlhelang moagelani wa gagwe a bo a mmolaya.’+ (Mme batho botlhe ba re, ‘Amen!’)

25 “‘Go hutsegile motho yo o amogelang pipamolomo gore a bolaye motho yo o se nang molato.’+ (Mme batho botlhe ba re, ‘Amen!’)

26 “‘Go hutsegile motho yo o se kitlang a ikobela mafoko a Molao ono e bile a sa a diragatse.’+ (Mme batho botlhe ba re, ‘Amen!’)

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela