Dipesalema
Go mokaedi; e opelwe ka molodi wa “O se Ka wa Ntshenya.” Pesalema ya ga Dafide. Miketame.* Fa a ne a tshabetse mo logageng+ ka ntlha ya ga Saulo.
57 Nkutlwele botlhoko tlhe Modimo, nkutlwele botlhoko,
Gonne ke tshabetse mo go wena,+
Ke tshabetse mo moriting wa diphuka tsa gago go fitlha mathata a feta.+
2 Ke goela kwa Modimong yo e leng Mogodimodimo,
Kwa Modimong wa boammaaruri, yo o a fedisang ka ntlha ya me.
3 O tla romela thuso go tswa kwa legodimong a bo a mpoloka.+
O tla thibela motho yo o ntlhaselang. (Selah)
Modimo o tla romela lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng le boammaaruri jwa gagwe.+
4 Ke dikologilwe ke ditau;+
Ke tshwanelwa ke go lala fa gare ga batho ba ba batlang go nkometsa,
Ba meno a bone e leng marumo le metswi
Le ba maleme a bone e leng ditšhaka tse di bogale.+
5 Bontsha bogolo jwa gago kwa magodimong, Modimo wa me;
E kete kgalalelo ya gago e ka okama lefatshe lotlhe.+
Ba epile khuti kwa pele ga me,
Le fa go ntse jalo, ke bone ba ba welang mo go yone.+ (Selah)
7 Pelo ya me e a ikanyega, tlhe Modimo,+
Pelo ya me e a ikanyega.
Ke tla opela ke bo ke letsa mmino.
8 A ko o thanye, kgalalelo ya me.
A ko o thanye, wena seletswa sa megala; le wena harepa.
Ke tla tsoga go sa le phakela.+
10 Gonne lorato lwa gago lo lo sa kgaotseng lo logolo, lo kwa godimo jaaka magodimo,+
Le boammaaruri jwa gago bo fitlha kwa loaping.
11 Bontsha bogolo jwa gago kwa magodimong, Modimo wa me;
E kete kgalalelo ya gago e ka okama lefatshe lotlhe.+