LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Ditiragalo 14
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Ditiragalo

      • Loso lwa ga Abija (1)

      • Asa, kgosi ya Juda (2-8)

      • Asa o fenya Baethiopia ba le 1 000 000 (9-15)

2 Ditiragalo 14:1

Ditshupiso

  • +2Sa 5:9

2 Ditiragalo 14:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona polelwana “Kota e e boitshepo” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +Dut 7:5
  • +Ek 23:24
  • +1Dk 14:22, 23; 2Dk 18:1, 4

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    6/15/2009, ts. 12

2 Ditiragalo 14:5

Ditshupiso

  • +2Dt 34:1, 4

2 Ditiragalo 14:6

Ditshupiso

  • +2Dt 11:5
  • +2Dt 15:15; Dia 16:7

2 Ditiragalo 14:7

Ditshupiso

  • +2Dt 32:2, 5
  • +Pes. 127:1

2 Ditiragalo 14:8

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Thebe e nnye e gantsi e neng e tsholwa ke bahulametswi.

  • *

    Seheb., “e bile ba gata bora.”

Ditshupiso

  • +2Dt 11:1, 12; 13:3

2 Ditiragalo 14:9

Ditshupiso

  • +2Dt 16:8
  • +Jos 15:20, 44; 2Dt 11:5, 8

2 Ditiragalo 14:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “re ikaegile ka.”

Ditshupiso

  • +Ek 14:10; 1Dt 5:20; 2Dt 32:20
  • +Baa 7:7; 1Sa 14:6
  • +2Dt 13:12; 32:7, 8
  • +1Sa 17:45; Pes. 20:5; Dia 18:10
  • +Jos 7:9; Pes. 9:19

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/15/2012, ts. 8-⁠9

2 Ditiragalo 14:12

Ditshupiso

  • +Dut 28:7

2 Ditiragalo 14:13

Ditshupiso

  • +Ge 20:1

Ditemana Tse dingwe

2 Ditir. 14:12Sa 5:9
2 Ditir. 14:3Dut 7:5
2 Ditir. 14:3Ek 23:24
2 Ditir. 14:31Dk 14:22, 23; 2Dk 18:1, 4
2 Ditir. 14:52Dt 34:1, 4
2 Ditir. 14:62Dt 11:5
2 Ditir. 14:62Dt 15:15; Dia 16:7
2 Ditir. 14:72Dt 32:2, 5
2 Ditir. 14:7Pes. 127:1
2 Ditir. 14:82Dt 11:1, 12; 13:3
2 Ditir. 14:92Dt 16:8
2 Ditir. 14:9Jos 15:20, 44; 2Dt 11:5, 8
2 Ditir. 14:11Ek 14:10; 1Dt 5:20; 2Dt 32:20
2 Ditir. 14:11Baa 7:7; 1Sa 14:6
2 Ditir. 14:112Dt 13:12; 32:7, 8
2 Ditir. 14:111Sa 17:45; Pes. 20:5; Dia 18:10
2 Ditir. 14:11Jos 7:9; Pes. 9:19
2 Ditir. 14:12Dut 28:7
2 Ditir. 14:13Ge 20:1
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Ditiragalo 14:1-15

Ditiragalo wa Bobedi

14 Go tswa foo, Abija o ne a swa jaaka borraagwemogolo, mme ba ne ba mo fitlha mo Motseng wa ga Dafide;+ mme morwawe e bong Asa o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Mo motlheng wa gagwe, lefatshe le ne la nna mo kagisong dingwaga di le lesome.

2 Asa o ne a dira se se molemo le se se siameng mo matlhong a ga Jehofa, Modimo wa gagwe. 3 O ne a tlosa dibeso tsa medimo e sele+ le mafelo a a kwa godimo a a boitshepo,+ a thubaganya dipilara tse di boitshepo a bo a rema dikota tse di boitshepo.*+ 4 Mo godimo ga moo, o ne a bolelela batho ba Juda gore ba batle Jehofa, Modimo wa borraabonemogolo le gore ba ikobele Molao le ditaelo. 5 Ka jalo, o ne a tlosa mafelo a a kwa godimo a a boitshepo le ditlhomo tsa maswalo+ mo metseng yotlhe ya Juda, mme ka nako ya fa a busa, bogosi jwa gagwe bo ne jwa tswelela bo se na matshwenyego. 6 E re ka lefatshe le ne le se na matshwenyego e bile go se na batho bape ba ba tlhabanang le ene mo dingwageng tseo, o ne a aga metse e e sireletsegileng mo Juda,+ ka gonne Jehofa o ne a mo neile boikhutso.+ 7 O ne a raya batho ba Juda a re: “A re ageng metse eno mme re age dipota le ditora go e dikologa+ re bo re tsenya ditswalo le mephakalego. Gonne lefatshe le sa ntse le le mo taolong ya rona, ka gonne re ne ra batla Jehofa, Modimo wa rona. Re ne ra mmatla, mme o ne a re naya boikhutso mo tikologong yotlhe.” Ka jalo, tiro ya bone ya go aga e ne ya atlega.+

8 Asa o ne a na le mophato wa masole a le 300 000 a banna ba ba tswang kwa Juda, ba ba tshotseng dithebe tse dikgolo le marumo. Mme go tswa mo lotsong lwa Benjamine go ne go na le batlhabani ba ba maatla ba le 280 000 ba ba tsholang dithebe tse dinnye* e bile ba tshotse bora.*+

9 Moragonyana Sera wa Moethiopia o ne a tla go tlhabana le bone a na le mophato wa masole a le 1 000 000 le dikara di le 300.+ E rile a fitlha kwa Mareshahe,+ 10 Asa o ne a ya go tlhabana le ene mme ba ne ba tlhomagana go ya ka thulaganyo ya tlhabano mo Mokgatšheng wa Sefatha kwa Mareshahe. 11 Foo Asa o ne a goela kwa go Jehofa, Modimo wa gagwe+ a re: “Ao tlhe Jehofa, ga go kgathalesege gore ba o ba thusang a ba nonofile kgotsa ga ba na maatla.+ Re thuse tlhe Jehofa, Modimo wa rona, ka gonne re ikantse* wena,+ mme re tlhasetse boidiidi jono ka leina la gago.+ Jehofa, o Modimo wa rona. O se ka wa letla gore motho fela a go fenye.”+

12 Ka jalo, Jehofa o ne a fenya Baethiopia fa pele ga ga Asa le fa pele ga Juda, mme Baethiopia ba ne ba tshaba.+ 13 Asa le batho ba ba neng ba na le ene ba ne ba ba lelekisa go fitlha kwa Gerare,+ mme Baethiopia ba ne ba nna ba wa go fitlha go se na ope wa bone yo o tshelang, ka gonne Jehofa o ne a ba thubaganya ka mophato wa gagwe wa masole. Morago ga moo, ba ne ba gapa dilo tse dintsi fela thata. 14 Mo godimo ga moo, ba ne ba kgemetha metse yotlhe e e dikologileng Gerare, ka gonne Jehofa o ne a dirile gore batho ba metse eo ba welwe ke poifo; mme batho ba Juda ba ne ba gapa metse eo yotlhe, ka gonne go ne go na le dilo tse dintsi tse ba neng ba ka di gapa. 15 Gape ba ne ba tlhasela ditente tsa batho ba ba nang le diruiwa mme ba gapa matsomane a le mantsi thata le dikamela, morago ga moo ba ne ba boela Jerusalema.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela