Hosea
5 “Utlwang seno, lona baperesiti,+
Tlhwayang tsebe, lona batho ba Iseraele,
Reetsang, lona ba ntlo ya segosi,
Gonne katlholo eno e ama lona;
Ka gonne lo serai mo Misepa
Le letlowa le le tsharolotsweng mo godimo ga Tabore.+
3 Ke itse Eferaime,
E bile Iseraele ga e a fitlhega mo go nna.
Gonne wena Eferaime, jaanong o dirile boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo;*
Iseraele e iteswafaditse.+
4 Ditiro tsa bone ga di ba letle go boela kwa Modimong wa bone,
Ka gonne go na le moya wa boaka* mo go bone;+
E bile ga ba tseye Jehofa tsia.
5 Boikgogomoso jwa Iseraele bo mo latofaditse;*+
Iseraele le Eferaime ba kgopilwe ka ntlha ya molato wa bone,
Mme Juda o kgopilwe le bone.+
6 Ba ne ba tsaya letsomane la bone le motlhape wa bone,
Go ya go di ntshetsa Jehofa e le setlhabelo.
O ne a ba katogile.+
Jaanong ba tla komediwa mo kgweding e le nngwe* fela mmogo le masimo a bone.*
8 Letsang lonaka+ mo Gibea, le terompeta mo Rama!+
Tlhabang mokgosi wa ntwa kwa Bethe-afene,+ wena Benjamine, etelela pele!
9 Wena Eferaime, o tla nna selo se se tshosang mo letsatsing la kotlhao.+
Ruri ke itsisitse se se tla diregalelang ditso tsa Iseraele.
10 Dikgosana tsa Juda di tshwana le batho ba ba busetsang molelwane kwa morago.+
Ke tla tshololela bogale jwa me mo go bone jaaka metsi.
11 Eferaime o gateletswe, o thubagantswe ke katlholo,
Gonne o ne a ikemiseditse go sala mmaba wa gagwe morago.+
12 Ka jalo, ke ne ke tshwana le motoutwane* mo go Eferaime
E bile ke ne ke tshwana le sebodu mo bathong ba Juda.
13 E rile Eferaime a bona bolwetse jwa gagwe, le Juda a bona lethopa* la gagwe,
Eferaime o ne a ya kwa Asiria+ mme a romela barongwa kwa kgosing e kgolo.
Le fa go ntse jalo, e ne ya se ka ya kgona go lo fodisa,
E bile e ne ya se ka ya kgona go fodisa lethopa la lona.
14 Gonne ke tla nna jaaka tawana mo go Eferaime,
Le jaaka tau e e nonofileng* mo bathong ba Juda.
Nna ka bonna, ke tla ba gagoganya ke bo ke tsamaya;+
Ke tla ba tsaya, mme ga go na ope yo o tla ba gololang.+
15 Ke tla tsamaya, ke tla boela kwa lefelong la me go fitlha ba lebana le ditlamorago tsa molato wa bone,
Fa ba le mo matshwenyegong, ba tla mpatla.”+