Jobe
3 A e ka go kopa gantsintsi,
Kgotsa a e ka bua le wena ka bonolo?
4 A e ka dira kgolagano le wena,
Gore o e dire motlhanka wa gago botshelo jotlhe?
5 A o ka tshameka le yone jaaka o ne o ka tshameka le nonyane
Kgotsa wa e golega ka kgole o e bofela basetsanyana ba gago?
6 A barekisi ba ka kgona go e rekisa?
A ba ka e kgaoganyetsa bagwebi?
7 A o ka tlatsa letlalo la yone ka marumo a ditlhapi+
Kgotsa wa tlatsa tlhogo ya yone ka digai* tsa ditlhapi?
8 Baya seatla sa gago fela mo go yone,
Ga o kitla o lebala fa e ne e go tlhasela mme ga o kitla o tlhola o go dira gape!
9 Tsholofelo epe fela ya go e laola ke lefela.
Fa o e bona o tla aparelwa ke letshogo.*
10 Ga go na ope yo o ka lekang go e rumola.
Ka jalo, tota ke mang yo o ka emelanang le nna?+
11 A go na le mongwe yo o mphileng sengwe mo e leng gore ke tshwanelwa ke go mo duela?+
Sengwe le sengwe se se mo lefatsheng ke sa me.+
12 Ga nkitla ke didimala fela ke sa bue ka maoto a yone,
E bile ga nkitla ke didimala fela ke sa bue ka maatla a yone le mmele wa yone o o bopegileng bontle.
13 Ke mang yo o tlositseng seaparo sa yone sa ka fa ntle?
Ke mang yo o ka tsenang mo ditlhaeng tsa yone tse di bulegileng?
14 Ke mang yo o ka lekang go bula dikgoro tsa molomo* wa yone?
Meno a yone otlhe a a tshosa.
15 Mokwatla wa yone o na le mela ya makape*
A a kitlaneng thata.
16 Lengwe le lengwe la one le kitlane thata le le lengwe,
Mo e leng gore le moya o ka se kgone go tsena fa gare ga one.
17 A ngaparelane;
A tshwaragane mme a ka se kgaoganngwe.
18 Fa e budula moya ka dinko go tswa lesedi,
Mme matlho a yone a tshwana le marang a bosa.
19 Mo molomong wa yone go tswa dikgadima tse di benyang;
Go betsega ditlhase tsa molelo.
20 Mosi o tswa ka maroba a dinko tsa yone,
Jaaka molelo o mogolo o o tlhoseditsweng ka bojang.
21 Mohemo wa yone o tshuba magala,
E bile kgabo ya molelo e tswa mo molomong wa yone.
22 Molala wa yone o na le nonofo e kgolo,
Mme botlhe ba ba kopanang le yone ba tla aparelwa ke letshogo.
23 Memeno ya nama ya yone e bopagane thata;
E nonofile jaaka e kete e dirilwe ka tshipi e bile ga e sute.
24 Pelo ya yone e thata jaaka leje,
Ruri e thata jaaka leje le legolo.*
25 Fa e ema, tota le batho ba ba maatla ba a tshoga;
Fa e tlhasela ba tsenwa ke tsebetsebe.
26 Ga go na tšhaka epe e e ka e gobatsang;
Le fa e le lerumo, motswi kgotsa sebetsa sepe fela.+
27 E tsaya tshipi e le lotlhaka,
Kopore e le logong lo lo bodileng.
28 Motswi ga o dire gore e tshabe;
Maje a motsekedi a fetoga lotlhaka fela mo go yone.
29 E tsaya molamu e le lotlhaka fela,
E bile e tshega modumo wa lerumo le le konopiwang.
30 Ka fa tlase, e tshwana le dikapetla tse di bogale tsa sejana sa letsopa;
E namalala mo seretseng jaaka selei sa go photha.+
31 E dira gore letšha le bele fela jaaka pitsa;
E fudua lewatle jaaka pitsa ya setlôlô.
32 Fa e fetile go nna le tselana e e phatsimang.
Motho a ka akanya gore letšha le na le moriri o mosweu.
33 Ga go na sepe se se tshwanang le yone mo lefatsheng,
Sebopiwa se se sa tshabeng sepe.
34 E dilola sengwe le sengwe se se mabela.
Ke kgosi e e okametseng dibatana tsotlhe tse dikgolo.”