LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Duteronome 8
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Duteronome

      • Masego a a tswang kwa go Jehofa a a boelediwa (1-9)

        • “Ga a tshele ka senkgwe fela” (3)

      • O se ka wa lebala Jehofa (10-20)

Duteronome 8:1

Ditshupiso

  • +Dia 3:1, 2
  • +Ge 15:18

Duteronome 8:2

Ditshupiso

  • +Dut 2:7
  • +Ek 16:4; 20:20
  • +Dut 13:3; Dia 17:3

Duteronome 8:3

Ditshupiso

  • +Ek 16:3
  • +Ek 16:31; Pes. 78:24
  • +Mat 4:4

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    2/1/2004, ts. 13-⁠14

Duteronome 8:4

Ditshupiso

  • +Dut 29:5; Neh 9:21

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    9/15/2004, ts. 26

Duteronome 8:5

Ditshupiso

  • +Dia 3:12; 1Bk 11:32; Bah 12:5-7; Tsh 3:19

Duteronome 8:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “melapo ya metsi.”

  • *

    Kgotsa “metswedi e e boteng ya metsi.”

Ditshupiso

  • +Ek 3:8; Lef 26:4; Dut 11:11, 12

Duteronome 8:8

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Semela se se tshwanang le korong.

  • *

    Kgotsa “diterebe; moretlwa.”

Ditshupiso

  • +Dip 13:23
  • +Esk 20:6

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    9/1/2011, ts. 11-13

    6/15/2006, ts. 16-17

    5/15/2000, ts. 25, 27

Duteronome 8:9

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    12/1/2013, ts. 12-⁠13

Duteronome 8:10

Ditshupiso

  • +Dut 6:10-12

Duteronome 8:11

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    1/1/2006, ts. 28

    Sekolo sa Bodiredi, ts. 20

Duteronome 8:12

Ditshupiso

  • +Hos 13:6

Duteronome 8:14

Ditshupiso

  • +Dut 9:4; 32:15
  • +Pes. 106:21

Duteronome 8:15

Ditshupiso

  • +Dut 1:19; Jer 2:6
  • +Dip 20:11

Duteronome 8:16

Ditshupiso

  • +Ek 16:35
  • +Dut 8:2
  • +Bah 12:11

Duteronome 8:17

Ditshupiso

  • +Hos 12:8

Duteronome 8:18

Ditshupiso

  • +Pes. 127:1; Hos 2:8
  • +Dut 7:12

Duteronome 8:19

Ditshupiso

  • +Dut 4:25, 26; 30:17, 18; Jos 23:12, 13

Duteronome 8:20

Ditshupiso

  • +Dan 9:11, 12

Ditemana Tse dingwe

Dute. 8:1Dia 3:1, 2
Dute. 8:1Ge 15:18
Dute. 8:2Dut 2:7
Dute. 8:2Ek 16:4; 20:20
Dute. 8:2Dut 13:3; Dia 17:3
Dute. 8:3Ek 16:3
Dute. 8:3Ek 16:31; Pes. 78:24
Dute. 8:3Mat 4:4
Dute. 8:4Dut 29:5; Neh 9:21
Dute. 8:5Dia 3:12; 1Bk 11:32; Bah 12:5-7; Tsh 3:19
Dute. 8:7Ek 3:8; Lef 26:4; Dut 11:11, 12
Dute. 8:8Dip 13:23
Dute. 8:8Esk 20:6
Dute. 8:10Dut 6:10-12
Dute. 8:12Hos 13:6
Dute. 8:14Dut 9:4; 32:15
Dute. 8:14Pes. 106:21
Dute. 8:15Dut 1:19; Jer 2:6
Dute. 8:15Dip 20:11
Dute. 8:16Ek 16:35
Dute. 8:16Dut 8:2
Dute. 8:16Bah 12:11
Dute. 8:17Hos 12:8
Dute. 8:18Pes. 127:1; Hos 2:8
Dute. 8:18Dut 7:12
Dute. 8:19Dut 4:25, 26; 30:17, 18; Jos 23:12, 13
Dute. 8:20Dan 9:11, 12
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Duteronome 8:1-20

Duteronome

8 “Lo tlhomamise gore lo boloka taelo nngwe le nngwe e ke e lo nayang gompieno, gore lo tswelele lo tshela+ lo bo lo oketsege mme lo tsene lo rue lefatshe le Jehofa a neng a le ikanela borraalonamogolo.+ 2 Gakologelwa tsela e telele e Jehofa, Modimo wa gago a neng a dira gore o tsamaye mo go yone mo nageng dingwaga tseno tse 40,+ gore a go kokobetse a bo a go leke+ e le gore a itse se se neng se le mo pelong ya gago,+ gore a o ne o tla boloka ditaelo tsa gagwe kgotsa nnyaa. 3 Ka jalo, o ne a go kokobetsa a bo a dira gore o tshwarwe ke tlala+ mme a go fepa ka mana,+ a o neng o sa a itse le a borrago ba neng ba sa a itse e le gore a go lemotshe gore motho ga a tshele ka senkgwe fela mme o tshela ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang mo molomong wa ga Jehofa.+ 4 Diaparo tse o neng o di apara ga di a ka tsa onala e bile dinao tsa gago ga di a ka tsa ruruga mo dingwageng tseno tse 40.+ 5 O itse sentle mo pelong ya gago gore fela jaaka motho a otlhaya morwawe, Jehofa, Modimo wa gago o ne a go otlhaya.+

6 “Jaanong o tshwanetse go boloka ditaelo tsa ga Jehofa, Modimo wa gago ka go mo ikobela le ka go mmoifa. 7 Gonne Jehofa, Modimo wa gago o go tsenya mo lefatsheng le le molemo,+ lefatshe la dinokana tsa metsi,* metswedi le madiba* a a elelang mo lebaleng le mo kgaolong e e dithaba, 8 lefatshe la korong le barele,* la ditlhare tsa morara,* ditlhare tsa difeige le digaranata,+ lefatshe la leokwane la motlhware le tswina ya dinotshe,+ 9 lefatshe le mo go lone o se kitlang o tlhoka dijo e bile o se kitla o tlhoka sepe, lefatshe le maje a lone a nang le tshipi le le o tla epang kopore mo dithabeng tsa lone.

10 “Fa o jele e bile o kgotsofetse, o tshwanetse go baka Jehofa, Modimo wa gago ka ntlha ya lefatshe le le molemo le a le go neileng.+ 11 O nne kelotlhoko gore o se ka wa lebala Jehofa, Modimo wa gago mme wa palelwa ke go boloka ditaelo tsa gagwe, ditshwetso tsa gagwe tsa boatlhodi le melao ya gagwe e ke go e laelang gompieno. 12 Fa o ja o bo o kgotsofala, mme o aga matlo a mantle o bo o nna mo go one,+ 13 fa motlhape wa gago le matsomane a gago a nna mantsi e bile selefera le gauta ya gago e oketsega e bile sengwe le sengwe se o nang le sone se nna sentsi, 14 o se ka wa letla pelo ya gago gore e nne mabela+ mme ya dira gore o lebale Jehofa, Modimo wa gago yo o go ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, kwa lefatsheng la bokgoba,+ 15 yo o neng a dira gore o tsamaye mo nageng e kgolo le e e boitshegang,+ e e nang le dinoga tse di botlhole le diphepheng le e e nang le mmu o o omeletseng o o se nang metsi. O ne a dira gore metsi a tswe mo lefikeng le le thata+ 16 a bo a go fepa ka mana+ mo nageng, a borrago ba neng ba sa a itse, e le gore a go kokobetse+ le gore a go leke gore o tle o solegelwe molemo mo nakong e e tlang.+ 17 Fa o ka bua mo pelong ya gago wa re, ‘Ke na le dikhumo tseno ka ntlha ya maatla a me le bokgoni jwa me,’+ 18 o gakologelwe gore Jehofa, Modimo wa gago, ke ene a go nayang maatla a gore o dire dikhumo,+ e le gore o diragatse kgolagano ya gagwe e a neng a e ikanela borragomogolo jaaka go ntse gompieno.+

19 “Fa o ka lebala Jehofa, Modimo wa gago ka tsela epe fela mme wa sala medimo e mengwe morago o bo o e direla le go e ikobela, ke a lo tlhagisa gompieno gore ruri lo tla nyelela.+ 20 Fela jaaka ditšhaba tse Jehofa a di nyeletsang fa pele ga lona, le lona lo tla nyelela jalo ka gonne lo tla bo lo sa utlwe lentswe la ga Jehofa, Modimo wa lona.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela