LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Ditiragalo 36
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Ditiragalo

      • Jehoahase, kgosi ya Juda (1-3)

      • Jehoiakime, kgosi ya Juda (4-8)

      • Jehoiakine, kgosi ya Juda (9, 10)

      • Sedekia, kgosi ya Juda (11-14)

      • Jerusalema e a senngwa (15-21)

      • Kurose o ntsha taelo ya gore tempele e agiwe sesha (22, 23)

2 Ditiragalo 36:1

Ditshupiso

  • +1Dt 3:15; Jer 22:11
  • +2Dk 23:30, 31

2 Ditiragalo 36:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Talenta e lekana le 34,2 kg. Bona Dintlha B14.

Ditshupiso

  • +2Dk 18:14; 23:33

2 Ditiragalo 36:4

Ditshupiso

  • +2Dk 23:29; Jer 46:2
  • +2Dk 23:34; Jer 22:11, 12

2 Ditiragalo 36:5

Ditshupiso

  • +Jer 26:20, 21; 36:32
  • +2Dk 23:36, 37

2 Ditiragalo 36:6

Ditshupiso

  • +2Dk 24:1; 25:1; Jer 25:1
  • +2Dk 24:16; Dan 1:1

2 Ditiragalo 36:7

Ditshupiso

  • +Esr 1:7; Jer 27:16; Dan 1:2; 5:2

2 Ditiragalo 36:8

Ditshupiso

  • +2Dk 24:5, 6

2 Ditiragalo 36:9

Ditshupiso

  • +Jer 22:24; Mat 1:12
  • +2Dk 24:8, 9

2 Ditiragalo 36:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Gongwe ka letlhabula.

Ditshupiso

  • +2Dk 24:10; Jer 29:1, 2; Esk 1:2
  • +2Dk 24:13; Jer 27:17, 18
  • +2Dk 24:17

2 Ditiragalo 36:11

Ditshupiso

  • +Jer 37:1
  • +2Dk 24:18-20; Jer 52:1-3

2 Ditiragalo 36:12

Ditshupiso

  • +Jer 21:1, 2; 34:2; 38:14, 24

2 Ditiragalo 36:13

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “o ne a thatafaditse thamo ya gagwe.”

Ditshupiso

  • +2Dk 24:20; Esk 17:12-15

2 Ditiragalo 36:14

Ditshupiso

  • +2Dk 16:11; Esk 8:10, 11

2 Ditiragalo 36:16

Ditshupiso

  • +2Dt 30:1, 10
  • +Jer 5:12
  • +Jer 20:7
  • +Pes. 74:1

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tsogang!,

    6/8/2003, ts. 14

2 Ditiragalo 36:17

Ditshupiso

  • +2Dk 24:2
  • +Lef 26:31; Dut 28:25; Pes. 79:2
  • +Esk 9:7
  • +Dik 2:21
  • +Dut 28:49-51

2 Ditiragalo 36:18

Ditshupiso

  • +2Dk 20:16, 17; Isa 39:6; Jer 27:19-22; 52:17

2 Ditiragalo 36:19

Ditshupiso

  • +Pes. 74:4-7
  • +Jer 52:14
  • +1Dk 9:7; 2Dk 25:9, 10; Pes. 79:1

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 68-69, 156

2 Ditiragalo 36:20

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “puso.”

Ditshupiso

  • +2Dk 25:21; Pes. 137:1
  • +Jer 27:6, 7
  • +Esr 1:1-3

2 Ditiragalo 36:21

Ditshupiso

  • +Jer 25:9
  • +Lef 26:34
  • +Jer 25:12; Sek 1:12

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    11/15/2006, ts. 32

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 84

2 Ditiragalo 36:22

Ditshupiso

  • +Jer 29:14; 32:42; 33:10, 11
  • +Isa 44:28; 45:1
  • +Esr 1:1-4

2 Ditiragalo 36:23

Ditshupiso

  • +Dan 5:18
  • +Isa 44:28
  • +Esr 7:12, 13

Ditemana Tse dingwe

2 Ditir. 36:11Dt 3:15; Jer 22:11
2 Ditir. 36:12Dk 23:30, 31
2 Ditir. 36:32Dk 18:14; 23:33
2 Ditir. 36:42Dk 23:29; Jer 46:2
2 Ditir. 36:42Dk 23:34; Jer 22:11, 12
2 Ditir. 36:5Jer 26:20, 21; 36:32
2 Ditir. 36:52Dk 23:36, 37
2 Ditir. 36:62Dk 24:1; 25:1; Jer 25:1
2 Ditir. 36:62Dk 24:16; Dan 1:1
2 Ditir. 36:7Esr 1:7; Jer 27:16; Dan 1:2; 5:2
2 Ditir. 36:82Dk 24:5, 6
2 Ditir. 36:9Jer 22:24; Mat 1:12
2 Ditir. 36:92Dk 24:8, 9
2 Ditir. 36:102Dk 24:10; Jer 29:1, 2; Esk 1:2
2 Ditir. 36:102Dk 24:13; Jer 27:17, 18
2 Ditir. 36:102Dk 24:17
2 Ditir. 36:11Jer 37:1
2 Ditir. 36:112Dk 24:18-20; Jer 52:1-3
2 Ditir. 36:12Jer 21:1, 2; 34:2; 38:14, 24
2 Ditir. 36:132Dk 24:20; Esk 17:12-15
2 Ditir. 36:142Dk 16:11; Esk 8:10, 11
2 Ditir. 36:162Dt 30:1, 10
2 Ditir. 36:16Jer 5:12
2 Ditir. 36:16Jer 20:7
2 Ditir. 36:16Pes. 74:1
2 Ditir. 36:172Dk 24:2
2 Ditir. 36:17Lef 26:31; Dut 28:25; Pes. 79:2
2 Ditir. 36:17Esk 9:7
2 Ditir. 36:17Dik 2:21
2 Ditir. 36:17Dut 28:49-51
2 Ditir. 36:182Dk 20:16, 17; Isa 39:6; Jer 27:19-22; 52:17
2 Ditir. 36:19Pes. 74:4-7
2 Ditir. 36:19Jer 52:14
2 Ditir. 36:191Dk 9:7; 2Dk 25:9, 10; Pes. 79:1
2 Ditir. 36:202Dk 25:21; Pes. 137:1
2 Ditir. 36:20Jer 27:6, 7
2 Ditir. 36:20Esr 1:1-3
2 Ditir. 36:21Jer 25:9
2 Ditir. 36:21Lef 26:34
2 Ditir. 36:21Jer 25:12; Sek 1:12
2 Ditir. 36:22Jer 29:14; 32:42; 33:10, 11
2 Ditir. 36:22Isa 44:28; 45:1
2 Ditir. 36:22Esr 1:1-4
2 Ditir. 36:23Dan 5:18
2 Ditir. 36:23Isa 44:28
2 Ditir. 36:23Esr 7:12, 13
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Ditiragalo 36:1-23

Ditiragalo wa Bobedi

36 Go tswa foo, batho ba lefatshe leo ba ne ba tsaya morwa Josia e bong Jehoahase+ mme ba mo tlhoma gore a nne kgosi mo Jerusalema mo boemong jwa ga rraagwe.+ 2 Jehoahase o ne a na le dingwaga di le 23 fa a nna kgosi, mme o ne a busa dikgwedi di le tharo mo Jerusalema. 3 Le fa go ntse jalo, kgosi ya Egepeto e ne ya mo ntsha mo bogosing mo Jerusalema e bo e duedisa lefatshe leo ditalenta* tsa selefera di le 100 le talenta ya gauta.+ 4 Mo godimo ga moo, kgosi ya Egepeto e ne ya tlhoma morwarraagwe Jehoahase e bong Eliakime gore a nne kgosi ya Juda le Jerusalema e bo e fetola leina la gagwe gore e nne Jehoiakime; mme Neko+ o ne a tsaya Jehoahase a mo isa kwa Egepeto.+

5 Jehoiakime+ o ne a na le dingwaga di le 25 fa a nna kgosi, mme o ne a busa dingwaga di le 11 mo Jerusalema. O ne a tswelela a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, Modimo wa gagwe.+ 6 Kgosi Nebukadenesare+ wa Babelona o ne a tla go tlhabana le ene ka boikaelelo jwa gore a mmofe ka dikeetane tse pedi tsa kopore gore a mo ise kwa Babelona.+ 7 Mme Nebukadenesare o ne a tsaya dingwe tsa dilwana tsa ntlo ya ga Jehofa a di isa kwa Babelona a bo a di baya mo ntlong ya gagwe ya segosi kwa Babelona.+ 8 Fa e le pego yotlhe ya botshelo jwa ga Jehoiakime, dilo tse di makgapha tse a neng a di dira le dilo tsotlhe tse di bosula tse di amanang le ene, e kwadilwe mo Bukeng ya Dikgosi Tsa Iseraele le Tsa Juda; mme morwawe e bong Jehoiakine o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.+

9 Jehoiakine+ o ne a na le dingwaga di le 18 fa a nna kgosi, mme o ne a busa dikgwedi di le tharo le malatsi a le lesome mo Jerusalema; mme o ne a tswelela a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa.+ 10 Fa ngwaga o simologa,* Kgosi Nebukadenesare o ne a roma barongwa gore ba ye go mo tsaya ba mo tlise mo Babelona,+ mmogo le dilwana tse di tlhwatlhwakgolo tsa ntlo ya ga Jehofa.+ Mme o ne a tlhoma rangwanaagwe Jehoiakine e bong Sedekia gore a nne kgosi ya Juda le Jerusalema.+

11 Sedekia+ o ne a na le dingwaga di le 21 fa a nna kgosi, mme o ne a busa dingwaga di le 11 mo Jerusalema.+ 12 O ne a tswelela a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, Modimo wa gagwe. O ne a se ka a ikokobetsa fa pele ga ga moporofeti Jeremia,+ yo o neng a bua go ya ka taelo ya ga Jehofa. 13 Gape o ne a tlhanogela Kgosi Nebukadenesare,+ yo a neng a dirile gore a ikane ka Modimo, mme o ne a tswelela a le tlhogoethata* e bile a thatafaditse pelo a bo a gana go boela kwa go Jehofa, Modimo wa Iseraele. 14 Balaodi botlhe ba baperesiti mmogo le batho ba ne ba sa ikanyege gotlhelele, ba dira dilo tsotlhe tse di makgapha tsa ditšhaba, mme ba ne ba leswafatsa ntlo ya ga Jehofa+ e a neng a e dirile boitshepo kwa Jerusalema.

15 Jehofa, Modimo wa borraabonemogolo o ne a nna a ba tlhagisa a dirisa barongwa ba gagwe, a ba tlhagisa gangwe le gape, ka gonne o ne a tlhomogela batho ba gagwe le lefelo la gagwe pelo. 16 Le fa go ntse jalo, ba ne ba nna ba sotla barongwa ba Modimo wa boammaaruri,+ mme ba ne ba nyatsa mafoko a gagwe+ e bile ba kgoba baporofeti ba gagwe,+ go fitlha bogale jwa ga Jehofa bo tlela batho ba gagwe,+ go fitlha ba sa kgone go fodisiwa.

17 Ka jalo, o ne a ba romelela kgosi ya Bakaladia+ gore e ba tlhasele, e e neng ya bolaela makawana a bone ka tšhaka+ mo ntlong ya lefelo la bone le le boitshepo;+ o ne a se ka a tlhomogela pelo lekawana kgotsa kgarebane, yo o tsofetseng kgotsa yo o bokoa.+ Modimo o ne a tsenya sengwe le sengwe mo seatleng sa kgosi eo.+ 18 Dilwana tsotlhe tsa ntlo ya Modimo wa boammaaruri, tse dikgolo le tse dinnye, mmogo le matlotlo a ntlo ya ga Jehofa le matlotlo a kgosi le a dikgosana tsa yone, tseno tsotlhe o ne a di isa kwa Babelona.+ 19 O ne a fisa ntlo ya Modimo wa boammaaruri,+ a thuba lobota lwa Jerusalema,+ a fisa ditora tsotlhe tsa yone tse di sireletsegileng, gape o ne a senya sengwe le sengwe se se tlhwatlhwakgolo.+ 20 O ne a tsaya batho ba ba neng ba falotse tšhaka+ a ba isa botshwarwa kwa Babelona, mme ba ne ba nna batlhanka ba gagwe+ le ba bomorwawe go fitlha bogosi* jwa Peresia bo simolola go busa,+ 21 e le go diragatsa lefoko la ga Jehofa le a le buileng a dirisa Jeremia,+ go fitlha lefatshe le duetse bosabata ba lone.+ Le ne la boloka sabata malatsi otlhe a le neng le sa nniwe ka one, gore le wetse dingwaga di le 70.+

22 Mo ngwageng wa ntlha wa ga Kgosi Kurose+ wa Peresia, Jehofa o ne a tlhotlheletsa pelo ya gagwe gore a dire kitsiso mo bogosing jotlhe jwa gagwe, gore se Jehofa a se buileng a dirisa Jeremia+ se tle se diragadiwe, mme gape o ne a kwala kitsiso eo a re:+ 23 “Seno ke se Kgosi Kurose wa Peresia a se buang, ‘Jehofa, Modimo wa magodimo o nneile magosi otlhe a lefatshe,+ e bile o ntaetse gore ke mo agele ntlo kwa Jerusalema, kwa Juda.+ Ope fela mo bathong botlhe ba ba mo direlang, e kete Jehofa, Modimo wa gagwe a ka nna le ene a bo a mo letla go tsamaya.’”+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela