LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Lefitiko 11
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Lefitiko

      • Diphologolo tse di itshekileng le tse di itshekologileng (1-47)

Lefitiko 11:2

Ditshupiso

  • +Dut 14:4-6; Esk 4:14

Lefitiko 11:4

Ditshupiso

  • +Dut 14:7, 8

Lefitiko 11:5

Ditshupiso

  • +Dia 30:26

Lefitiko 11:6

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Go Fetolana, ts. 67

Lefitiko 11:7

Ditshupiso

  • +Isa 65:4; 66:3, 17

Lefitiko 11:8

Ditshupiso

  • +Dit 10:14

Lefitiko 11:9

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “diphuka.”

Ditshupiso

  • +Dut 14:9, 10

Lefitiko 11:11

Ditshupiso

  • +Dut 14:3

Lefitiko 11:13

Ditshupiso

  • +Job 39:27, 30
  • +Dut 14:12-19

Lefitiko 11:22

Ditshupiso

  • +Mat 3:4; Mar 1:6

Lefitiko 11:24

Ditshupiso

  • +Lef 14:46, 47; 15:8; 17:15; 22:4-6

Lefitiko 11:25

Ditshupiso

  • +Lef 14:2, 8; 15:2, 5; Dip 19:10

Lefitiko 11:26

Ditshupiso

  • +Dut 14:7, 8

Lefitiko 11:28

Ditshupiso

  • +Lef 17:15, 16
  • +Lef 5:2

Lefitiko 11:29

Ditshupiso

  • +Isa 66:17

Lefitiko 11:30

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “moshaweng.”

Lefitiko 11:31

Ditshupiso

  • +Dut 14:19
  • +Lef 11:24; 22:4, 5

Lefitiko 11:33

Ditshupiso

  • +Lef 15:12

Lefitiko 11:35

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “obene.”

Lefitiko 11:36

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Lefitiko 11:39

Ditshupiso

  • +Lef 11:23, 24; Dip 19:11, 16

Lefitiko 11:40

Ditshupiso

  • +Lef 17:15; 22:3, 8; Dut 14:21; Esk 4:14; 44:31

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    7/1/2005, ts. 27

Lefitiko 11:41

Ditshupiso

  • +Lef 11:21

Lefitiko 11:42

Ditshupiso

  • +Dut 14:3

Lefitiko 11:43

Ditshupiso

  • +Lef 20:25

Lefitiko 11:44

Ditshupiso

  • +Ek 20:2
  • +Ek 19:6; Lef 19:2; Dut 14:2; 1Bt 4:7
  • +1Pe 1:15, 16; Tsh 4:8

Lefitiko 11:45

Ditshupiso

  • +Ek 6:7; 29:46; Hos 11:1
  • +Ek 22:31; Dip 15:40; Dut 7:6
  • +Lef 20:7, 26; Jos 24:19; 1Sa 2:2

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    5/15/2004, ts. 23

Lefitiko 11:47

Ditshupiso

  • +Lef 20:25; Esk 44:23

Ditemana Tse dingwe

Lefi. 11:2Dut 14:4-6; Esk 4:14
Lefi. 11:4Dut 14:7, 8
Lefi. 11:5Dia 30:26
Lefi. 11:7Isa 65:4; 66:3, 17
Lefi. 11:8Dit 10:14
Lefi. 11:9Dut 14:9, 10
Lefi. 11:11Dut 14:3
Lefi. 11:13Job 39:27, 30
Lefi. 11:13Dut 14:12-19
Lefi. 11:22Mat 3:4; Mar 1:6
Lefi. 11:24Lef 14:46, 47; 15:8; 17:15; 22:4-6
Lefi. 11:25Lef 14:2, 8; 15:2, 5; Dip 19:10
Lefi. 11:26Dut 14:7, 8
Lefi. 11:28Lef 17:15, 16
Lefi. 11:28Lef 5:2
Lefi. 11:29Isa 66:17
Lefi. 11:31Dut 14:19
Lefi. 11:31Lef 11:24; 22:4, 5
Lefi. 11:33Lef 15:12
Lefi. 11:39Lef 11:23, 24; Dip 19:11, 16
Lefi. 11:40Lef 17:15; 22:3, 8; Dut 14:21; Esk 4:14; 44:31
Lefi. 11:41Lef 11:21
Lefi. 11:42Dut 14:3
Lefi. 11:43Lef 20:25
Lefi. 11:44Ek 20:2
Lefi. 11:44Ek 19:6; Lef 19:2; Dut 14:2; 1Bt 4:7
Lefi. 11:441Pe 1:15, 16; Tsh 4:8
Lefi. 11:45Ek 6:7; 29:46; Hos 11:1
Lefi. 11:45Ek 22:31; Dip 15:40; Dut 7:6
Lefi. 11:45Lef 20:7, 26; Jos 24:19; 1Sa 2:2
Lefi. 11:47Lef 20:25; Esk 44:23
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
  • 32
  • 33
  • 34
  • 35
  • 36
  • 37
  • 38
  • 39
  • 40
  • 41
  • 42
  • 43
  • 44
  • 45
  • 46
  • 47
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Lefitiko 11:1-47

Lefitiko

11 Go tswa foo, Jehofa o ne a raya Moshe le Arone a re: 2 “Bolelelang Baiseraele lo re, ‘Tseno ke diphologolo tsa mo lefatsheng tse lo ka di jang:+ 3 Phologolo nngwe le nngwe e e nang le tlhakwana e e sa pataganang e bile e na le phatlha mo gare ga ditlhakwana tsa yone gape e otla, e ka jewa.

4 “‘Mme ga lo a tshwanela go ja diphologolo tseno tse di otlang kgotsa tse di nang le tlhakwana e e sa pataganang: kamela, ka gonne e a otla mme tlhakwana ya yone e patagane. E itshekologile mo go lona.+ 5 Le pela,+ ka gonne e a otla e bile tlhakwana ya yone e patagane. E itshekologile mo go lona. 6 Le mmutla, ka gonne o a otla e bile tlhakwana ya yone e patagane. O itshekologile mo go lona. 7 Le kolobe,+ ka gonne e na le tlhakwana e e sa pataganang e bile e na le phatlha mo gare ga tlhakwana ya yone, mme ga e otle. E itshekologile mo go lona. 8 Ga lo a tshwanela go ja nama epe ya tsone kgotsa go kgoma ditoto tsa tsone. Di itshekologile mo go lona.+

9 “‘Mo dilong tsotlhe tse di mo metsing, tseno ke tse lo ka di jang: Sepe fela se se mo metsing se se nang le mafafa* le makape, e ka tswa e le mo mawatleng kgotsa mo dinokeng, sone lo ka se ja.+ 10 Mme sepe fela se se mo mawatleng le mo dinokeng se se se nang mafafa le makape, mo ditsheding tsotlhe tse dinnye tse di tsamayang di le setlhopha le setshedi sepe fela se sengwe se se mo metsing, ke selo se se makgapha mo go lona. 11 E nne dilo tse di makgapha mo go lona e bile ga lo a tshwanela go ja nama ya tsone,+ mme lo tshwanetse go ila ditoto tsa tsone. 12 Dilo tsotlhe tse di mo metsing tse di se nang mafafa le makape ke dilo tse di makgapha mo go lona.

13 “‘Tseno ke dinonyane tse lo tshwanetseng go di ila; di se ka tsa jewa ka gonne di makgapha: ntsu,+ segootsane, lenong le lentsho,+ 14 phakalane e khibidu le mofuta mongwe le mongwe wa phakalane e ntsho, 15 mofuta mongwe le mongwe wa legakabe, 16 ntšhe, morubisi, nonyane ya metsi, mofuta mongwe le mongwe wa segodi, 17 morubisi o monnye, timeletsane, morubisi o o ditsebe ditelele, 18 makgotlwe, kukara, lenong, 19 mogolori, mofuta mongwe le mongwe wa kokolofutwe, lerenkete le mmamanthwane. 20 Tshenekegi nngwe le nngwe e e nang le diphuka, e e tsamayang ka maoto otlhe a le manê ke selo se se makgapha mo go lona.

21 “‘Mo ditsheding tsotlhe tse di nang le diphuka tse di tsamayang ka maoto otlhe a le manê, o ka nna wa ja fela tse maoto a tsone a kopanelang fa godimo ga dinao tsa tsone, tse di tlolang ka one mo lefatsheng. 22 Mo go tsone o ka nna wa ja tseno: mefuta e e farologaneng ya tsie e e fudugang, ya tsie e nngwe e e jewang,+ ya dinyetse le ya ditsiakgope. 23 Ditshedi tse dingwe tsotlhe tse di nang le diphuka, tse di nang le maoto a le manê ke selo se se makgapha mo go lona. 24 Dilo tseno di tla dira gore lo itshekologe. Mongwe le mongwe yo o kgomang ditoto tsa tsone o tla itshekologa go fitlha maitseboa.+ 25 Ope fela yo o tshwarang ditoto tsa tsone a tlhatswe diaparo tsa gagwe;+ o tla itshekologa go fitlha maitseboa.

26 “‘Phologolo epe fela e e nang le tlhakwana e e sa pataganang mme e se na phatlha mo gare ga ditlhakwana tsa yone gape e sa otle, e itshekologile mo go lona. Mongwe le mongwe yo o e kgomang o tla itshekologa.+ 27 Mo ditsheding tse di tsamayang ka maoto otlhe a le manê, setshedi sengwe le sengwe se se tsamayang ka maroo se itshekologile mo go lona. Mongwe le mongwe yo o kgomang ditoto tsa tsone o tla itshekologa go fitlha maitseboa. 28 Yo o kukang ditoto tsa tsone a tlhatswe diaparo tsa gagwe,+ mme o tla itshekologa go fitlha maitseboa.+ Di itshekologile mo go lona.

29 “‘Tseno ke ditshedi tse dinnye mo lefatsheng, tse di itshekologileng mo go lona: serunya, peba,+ mofuta mongwe le mongwe wa mokgantitswane, 30 mmamagwatagwatane, gopane, mokgantitswane wa metsi, mokgantitswane wa mo motlhabeng* le lelobu. 31 Ditshedi tseno di itshekologile mo go lona.+ Mongwe le mongwe yo o kgomang ditoto tsa tsone o tla itshekologa go fitlha maitseboa.+

32 “‘Jaanong sepe fela se ditshedi tseno di welang mo go sone fa di swa se tla itshekologa, e ka tswa e le sedirisiwa sa logong, seaparo, letlalo kgotsa letsela la kgetsi. Sedirisiwa sepe fela se se dirisiwang se inwe mo metsing, mme se tla itshekologa go fitlha maitseboa; go tswa foo, se tla itsheka. 33 Fa ditshedi tseno di wela mo sejaneng sa letsopa, o se thube, mme sepe fela se se neng se le mo go sone se tla itshekologa.+ 34 Dijo tsa mofuta ope fela tse di kolobediwang ke metsi a a tswang mo sejaneng seo di tla itshekologa, mme sepe fela se se nowang se se mo sejaneng seo se tla itshekologa. 35 Sepe fela se ditoto tsa tsone di welang mo go sone se tla itshekologa. E ka tswa e le onto* kgotsa setofo se sennye, se thubiwe gore se sale se le dikarolwana. Ditshedi tseno di itshekologile e bile di tla tswelela di itshekologile mo go lona. 36 Motswedi wa metsi le khuti ya go bolokela metsi* ke tsone fela tse di tla nnang di itshekile, mme ope fela yo o kgomang ditoto tse di mo go tsone o tla itshekologa. 37 Fa ditoto tsa tsone di wela mo peong e e tla jalwang, e tla nna e itshekile. 38 Mme fa metsi a tshelwa mo peong mme karolo nngwe ya ditoto tsa tsone e wela mo go yone, peo eo e itshekologile mo go lona.

39 “‘Jaanong fa phologolo e e jewang e swa, ope fela yo o kgomang setoto sa yone o tla itshekologa go fitlha maitseboa.+ 40 Ope fela yo o jang karolo ya setoto seo a tlhatswe diaparo tsa gagwe, mme o tla itshekologa go fitlha maitseboa.+ Ope fela yo o kukang setoto seo a tlhatswe diaparo tsa gagwe, mme o tla itshekologa go fitlha maitseboa. 41 Ditshedi tsotlhe tsa lefatshe tse di tsamayang di le setlhopha ke selo se se makgapha.+ Ga di a tshwanela go jewa. 42 Ga lo a tshwanela go ja setshedi sepe fela se se gopang ka mpa le setshedi sepe fela se se tsamayang ka maoto otlhe a le manê kgotsa sepe fela sa ditshedi tsa lefatshe tse di tsamayang di le setlhopha tse di nang le maoto a mantsi, ka gonne ke dilo tse di makgapha.+ 43 Lo se ka lwa dira gore ke se ka ka lo amogela ka ntlha ya ditshedi tse di tsamayang di le setlhopha e bile lo se ka lwa iteswafatsa ka tsone mme tsa dira gore lo itshekologe.+ 44 Gonne ke nna Jehofa, Modimo wa lona,+ mme lo tshwanetse go iphepafatsa gore lo nne boitshepo+ ka gonne ke boitshepo.+ Ka jalo, ga lo a tshwanela go itetla gore lo itshekololwe ke ditshedi tse di tsamayang di le setlhopha mo lefatsheng. 45 Gonne ke nna Jehofa, yo o lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto gore ke itshupe gore ke Modimo wa lona,+ mme lo tshwanetse go nna boitshepo+ ka gonne ke boitshepo.+

46 “‘Ono ke molao o o amanang le diphologolo, ditshedi tse di fofang, setshedi sengwe le sengwe se se tsamayang mo metsing le ditshedi tse di tsamayang di le setlhopha mo lefatsheng, 47 gore go tle go nne le pharologanyo fa gare ga ditshedi tse di itshekologileng le tse di itshekileng le fa gare ga ditshedi tse di ka jewang le tse di ka se kang tsa jewa.’”+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela