LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Ditiragalo 22
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Ditiragalo

      • Ahasia, kgosi ya Juda (1-9)

      • Athalia o busa ka dikgoka (10-12)

2 Ditiragalo 22:1

Ditshupiso

  • +2Dt 21:16, 17
  • +2Dk 8:24-26

2 Ditiragalo 22:2

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “morwadi.”

Ditshupiso

  • +2Dk 11:1, 13, 16; 2Dt 24:7
  • +1Dk 16:28

2 Ditiragalo 22:3

Ditshupiso

  • +1Dk 16:33; 2Dk 8:27, 28; Mik 6:16

2 Ditiragalo 22:5

Ditshupiso

  • +2Dk 8:15; 10:32
  • +1Dk 22:3; 2Dt 18:14

2 Ditiragalo 22:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Mo mekwalong mengwe ya seatla ya Sehebera ke “Asaria.”

  • *

    Kgotsa “o ne a lwala.”

Ditshupiso

  • +Jos 19:18, 23
  • +2Dk 9:15
  • +2Dk 8:16
  • +2Dk 3:1
  • +2Dk 9:16

2 Ditiragalo 22:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “morwa.”

  • *

    Seheb., “kgaole.”

Ditshupiso

  • +1Dk 19:16; 2Dk 9:20, 21
  • +2Dk 9:6, 7

2 Ditiragalo 22:8

Ditshupiso

  • +2Dk 10:10-14

2 Ditiragalo 22:9

Ditshupiso

  • +2Dk 9:27, 28
  • +2Dt 17:3, 4

2 Ditiragalo 22:10

Ditshupiso

  • +2Dt 22:2
  • +2Dk 11:1-3

2 Ditiragalo 22:11

Ditshupiso

  • +2Dk 11:21
  • +2Dk 8:16
  • +2Dt 23:1
  • +2Sa 7:12, 13; 1Dk 15:4; 2Dt 21:7

Ditemana Tse dingwe

2 Ditir. 22:12Dt 21:16, 17
2 Ditir. 22:12Dk 8:24-26
2 Ditir. 22:22Dk 11:1, 13, 16; 2Dt 24:7
2 Ditir. 22:21Dk 16:28
2 Ditir. 22:31Dk 16:33; 2Dk 8:27, 28; Mik 6:16
2 Ditir. 22:52Dk 8:15; 10:32
2 Ditir. 22:51Dk 22:3; 2Dt 18:14
2 Ditir. 22:6Jos 19:18, 23
2 Ditir. 22:62Dk 9:15
2 Ditir. 22:62Dk 8:16
2 Ditir. 22:62Dk 3:1
2 Ditir. 22:62Dk 9:16
2 Ditir. 22:71Dk 19:16; 2Dk 9:20, 21
2 Ditir. 22:72Dk 9:6, 7
2 Ditir. 22:82Dk 10:10-14
2 Ditir. 22:92Dk 9:27, 28
2 Ditir. 22:92Dt 17:3, 4
2 Ditir. 22:102Dt 22:2
2 Ditir. 22:102Dk 11:1-3
2 Ditir. 22:112Dk 11:21
2 Ditir. 22:112Dk 8:16
2 Ditir. 22:112Dt 23:1
2 Ditir. 22:112Sa 7:12, 13; 1Dk 15:4; 2Dt 21:7
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Ditiragalo 22:1-12

Ditiragalo wa Bobedi

22 Go tswa foo, banni ba Jerusalema ba ne ba tlhoma morwawe yo mmotlana e bong Ahasia kgosi mo boemong jwa gagwe, ka gonne setlhopha sa dirukutlhi se se neng se tlile mo kampeng le Baarabia se ne se bolaile bomogolowe botlhe.+ Ka jalo, Ahasia morwa Jehorame o ne a simolola go busa e le kgosi ya Juda.+ 2 Ahasia o ne a na le dingwaga di le 22 fa a nna kgosi, mme o ne a busa ngwaga o le mongwe mo Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Athalia,+ setlogolwana* sa ga Omeri.+

3 Ahasia le ene o ne a tsamaya mo ditseleng tsa ba lelapa la ga Ahabe,+ ka gonne mmaagwe o ne a nna mogakolodi wa gagwe mme o ne a mo tlhotlheletsa go dira bosula. 4 Mme o ne a nna a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa fela jaaka ba lelapa la ga Ahabe, ka gonne ba ne ba nna bagakolodi ba gagwe morago ga loso lwa ga rraagwe, mme seo se ne sa felela ka gore a bolawe. 5 O ne a reetsa kgakololo ya bone mme a tsamaya le Jehorame morwa Kgosi Ahabe wa Iseraele ba ya go tlhabana le Kgosi Hasaele+ wa Siria kwa Ramothe-gileade,+ kwa bahudi ba neng ba gobatsa Jehorame gone. 6 Jehorame o ne a boela kwa Jesereele+ gore a ye go ikoka dintho tse ba neng ba di mo ntshitse kwa Rama fa a ne a tlhabana le Kgosi Hasaele wa Siria.+

Ahasia* morwa Jehorame+ kgosi ya Juda o ne a ya kwa Jesereele go ya go tlhola Jehorame+ morwa Ahabe, ka gonne o ne a gobetse.*+ 7 Mme Modimo o ne a dira gore Ahasia a ye kwa go Jehorame gore a feleletse a bolailwe; e rile a goroga kwa go Jehorame, o ne a tsamaya le ene ba ya go kgatlhantsha Jehu+ setlogolwana* sa ga Nimeshi, yo Jehofa a neng a mo tloditse gore a fedise* lelapa la ga Ahabe.+ 8 Fa Jehu a simolola go diragatsa katlholo mo go ba lelapa la ga Ahabe, o ne a fitlhela dikgosana tsa Juda le barwa ba bomorwarraagwe Ahasia, ba e neng e le badiredi ba ga Ahasia, mme o ne a ba bolaya.+ 9 Morago ga moo, o ne a ya go batla Ahasia; ba ne ba mo tshwara kwa a neng a iphitlhile gone kwa Samarea, mme ba mo tlisa kwa go Jehu. Go tswa foo, ba ne ba mmolaya ba bo ba mo fitlha,+ ka gonne ba ne ba re: “Ke setlogolwana sa ga Jehoshafate, yo o neng a batla Jehofa ka pelo yotlhe ya gagwe.”+ Go ne go se na ope wa ntlo ya ga Ahasia yo o neng a na le maatla a go busa.

10 E rile Athalia,+ mmaagwe Ahasia, a bona gore morwawe o ne a sule, o ne a bolaya losika lotlhe lwa segosi lwa ntlo ya Juda.+ 11 Le fa go ntse jalo, morwadia kgosi e bong Jehoshabeathe o ne a tsaya Jehoashe+ morwa Ahasia mme a mo utswa mo go bomorwa kgosi ba ba neng ba tlile go bolawa a bo a mmaya le mmelegi wa gagwe mo phaposing e e kwa teng ya borobalo. Jehoshabeathe morwadia Kgosi Jehorame+ (e ne e le mosadi wa ga moperesiti Jehoiada+ e bile e le kgaitsadia Ahasia) o ne a kgona go mo fitlhela Athalia, gore a se ka a mmolaya.+ 12 Jehoashe o ne a nna le bone dingwaga di le thataro, a fitlhilwe kwa ntlong ya Modimo wa boammaaruri, fa Athalia ene a ne a busa lefatshe leo.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela