LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Ditiragalo 23
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Ditiragalo

      • Jehoiada o a tsereganya; Jehoashe e nna kgosi (1-11)

      • Athalia o a bolawa (12-15)

      • Jehoiada o dira diphetogo (16-21)

2 Ditiragalo 23:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “kgolagano.”

Ditshupiso

  • +2Dk 11:4

2 Ditiragalo 23:2

Ditshupiso

  • +2Dt 8:14

2 Ditiragalo 23:3

Ditshupiso

  • +2Sa 5:3
  • +2Sa 7:8, 12; 1Dk 2:4; 9:5; Pes. 89:20, 29

2 Ditiragalo 23:4

Ditshupiso

  • +1Dt 24:3
  • +2Dk 11:5-8; 1Dt 9:22-25; 26:1

2 Ditiragalo 23:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ntlong ya segosi.”

Ditshupiso

  • +1Dk 7:1
  • +1Dk 7:12

2 Ditiragalo 23:6

Ditshupiso

  • +1Dt 23:28, 32

2 Ditiragalo 23:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “fa e tswa le fa e tsena.”

2 Ditiragalo 23:8

Ditshupiso

  • +2Dk 11:9-12
  • +1Dt 24:1; 26:1

2 Ditiragalo 23:9

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Thebe e nnye e gantsi e neng e tsholwa ke bahulametswi.

Ditshupiso

  • +2Dk 11:4
  • +2Sa 8:7
  • +1Dt 26:26, 27; 2Dt 5:1

2 Ditiragalo 23:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “mmisaele.”

2 Ditiragalo 23:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ba bo ba baya Tshupo.”

Ditshupiso

  • +2Dk 11:2
  • +Dut 17:18
  • +1Sa 10:1, 24

2 Ditiragalo 23:12

Ditshupiso

  • +2Dk 11:13-16

2 Ditiragalo 23:13

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ba ntsha sesupo.”

Ditshupiso

  • +2Dt 23:1
  • +1Dk 1:39, 40

2 Ditiragalo 23:15

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ntlong ya segosi.”

2 Ditiragalo 23:16

Ditshupiso

  • +2Dk 11:17, 18; 2Dt 34:1, 31

2 Ditiragalo 23:17

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “mo tempeleng.”

Ditshupiso

  • +2Dk 10:27, 28
  • +Dut 12:3; 2Dt 34:1, 4
  • +Dut 13:5; 1Dk 18:40

2 Ditiragalo 23:18

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “jaaka diatla tsa ga Dafide di ne di kaela.”

Ditshupiso

  • +1Dt 23:6, 30, 31
  • +Ek 29:38; Dip 28:2

2 Ditiragalo 23:19

Ditshupiso

  • +1Dt 9:26; 26:1, 13

2 Ditiragalo 23:20

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “kwa ntlong ya segosi.”

Ditshupiso

  • +2Dk 11:9
  • +1Dk 7:7; 2Dk 11:19, 20

Ditemana Tse dingwe

2 Ditir. 23:12Dk 11:4
2 Ditir. 23:22Dt 8:14
2 Ditir. 23:32Sa 5:3
2 Ditir. 23:32Sa 7:8, 12; 1Dk 2:4; 9:5; Pes. 89:20, 29
2 Ditir. 23:41Dt 24:3
2 Ditir. 23:42Dk 11:5-8; 1Dt 9:22-25; 26:1
2 Ditir. 23:51Dk 7:1
2 Ditir. 23:51Dk 7:12
2 Ditir. 23:61Dt 23:28, 32
2 Ditir. 23:82Dk 11:9-12
2 Ditir. 23:81Dt 24:1; 26:1
2 Ditir. 23:92Dk 11:4
2 Ditir. 23:92Sa 8:7
2 Ditir. 23:91Dt 26:26, 27; 2Dt 5:1
2 Ditir. 23:112Dk 11:2
2 Ditir. 23:11Dut 17:18
2 Ditir. 23:111Sa 10:1, 24
2 Ditir. 23:122Dk 11:13-16
2 Ditir. 23:132Dt 23:1
2 Ditir. 23:131Dk 1:39, 40
2 Ditir. 23:162Dk 11:17, 18; 2Dt 34:1, 31
2 Ditir. 23:172Dk 10:27, 28
2 Ditir. 23:17Dut 12:3; 2Dt 34:1, 4
2 Ditir. 23:17Dut 13:5; 1Dk 18:40
2 Ditir. 23:181Dt 23:6, 30, 31
2 Ditir. 23:18Ek 29:38; Dip 28:2
2 Ditir. 23:191Dt 9:26; 26:1, 13
2 Ditir. 23:202Dk 11:9
2 Ditir. 23:201Dk 7:7; 2Dk 11:19, 20
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Ditiragalo 23:1-21

Ditiragalo wa Bobedi

23 Mo ngwageng wa bosupa, Jehoiada o ne a dira sengwe se se bontshang gore o pelokgale mme o ne a dira tumalano* le baokamedi ba makgolo,+ e bong Asaria morwa Jerohame, Ishemaele morwa Jehohanane, Asaria morwa Obede, Maaseia morwa Adaia le Elishafate morwa Sikeri. 2 Go tswa foo, ba ne ba tsamaya mo nageng yotlhe ya Juda ba phutha Balefi+ mo metseng yotlhe ya Juda le ditlhogo tsa dikgotla tsa bone tsa Iseraele. Fa ba goroga mo Jerusalema, 3 phuthego yotlhe e ne ya dira kgolagano+ le kgosi mo ntlong ya Modimo wa boammaaruri, mme morago ga moo Jehoiada o ne a ba raya a re:

“Morwa kgosi o tla busa fela jaaka Jehofa a solofeditse ka ga bomorwa Dafide.+ 4 Seno ke se lo tla se dirang: Setlhopha se le sengwe mo ditlhopheng tsa lona tse tharo sa baperesiti le Balefi ba ba tla bong ba bereka+ ka Sabata se tla nna badisa ba dikgoro;+ 5 setlhopha sa bobedi se tla nna kwa ntlong ya kgosi,*+ mme setlhopha sa boraro se tla nna kwa Kgorong ya Motheo, mme batho botlhe ba tla bo ba le mo malwapeng a ntlo ya ga Jehofa.+ 6 Lo se ka lwa letla ope go tsena mo ntlong ya ga Jehofa ntle le baperesiti le Balefi ba ba direlang.+ Bano ba ka nna ba tsena ka gonne ke setlhopha se se boitshepo, mme batho botlhe ba tla diragatsa maikarabelo a bone mo go Jehofa. 7 Balefi ba tshwanetse go ema go dikologa kgosi mo matlhakoreng otlhe, mongwe le mongwe a tshotse dibetsa tsa gagwe. Ope fela yo o tsenang mo ntlong o tla bolawa. Lo tsamaye le kgosi gongwe le gongwe kwa e yang gone.”*

8 Balefi le batho botlhe ba Juda ba ne ba dira fela jaaka moperesiti Jehoiada a ne a ba laetse. Ka jalo, mongwe le mongwe wa bone o ne a tsaya banna ba gagwe ba ba neng ba bereka ka Sabata,+ mmogo le ba ba neng ba sa bereke ka Sabata, ka gonne moperesiti Jehoiada o ne a sa laela ditlhopha+ tseo gore di tlogele tiro ya tsone. 9 Go tswa foo, moperesiti Jehoiada o ne a naya baokamedi ba makgolo+ marumo le dithebe tse dinnye* le dithebe tse di kgolokwe tse e neng e le tsa ga Kgosi Dafide,+ tse di neng di le mo ntlong ya Modimo wa boammaaruri.+ 10 Mme o ne a baya batho botlhe mo maemong a bone, mongwe le mongwe a tshotse sebetsa* sa gagwe, go tswa ka fa letlhakoreng la moja la ntlo go ya kwa letlhakoreng la molema la ntlo, fa thoko ga sebeso le fa thoko ga ntlo, go dikologa kgosi gotlhe fela. 11 Go tswa foo, ba ne ba ntsha morwa kgosi+ mme ba mo rwesa serwalo sa segosi ba bo ba baya momeno o o nang le Molao wa Modimo*+ mo tlhogong ya gagwe ba bo ba mo dira kgosi, mme Jehoiada le bomorwawe ba ne ba mo tlotsa. Morago ga moo, ba ne ba re: “A kgosi e tshele lobaka lo loleele!”+

12 E rile Athalia a utlwa modumo wa batho ba siana e bile ba baka kgosi, ka yone nako eo o ne a ya kwa bathong kwa ntlong ya ga Jehofa.+ 13 Foo o ne a bona kgosi e eme fa pilareng ya yone fa kgorong. Dikgosana+ le baletsi ba diterompeta ba ne ba na le kgosi, mme batho botlhe ba lefatshe leo ba ne ba itumela+ e bile ba letsa diterompeta, mme baopedi ba ba tshotseng diletswa tsa mmino ba ne ba tlhabeletsa* fa go opelwa dipako. Fa Athalia a bona seo, o ne a gagoganya diaparo tsa gagwe mme a goa a re: “Leano la boferefere! Leano la boferefere!” 14 Le fa go ntse jalo, moperesiti Jehoiada o ne a laela baokamedi ba makgolo, ba ba neng ba tlhomilwe go okamela masole, mme a ba raya a re: “Mo ntsheng mo meleng, mme fa mongwe a mo sala morago, lo mmolaye ka tšhaka!” Gonne moperesiti o ne a rile: “Lo se ka lwa mmolaela mo ntlong ya ga Jehofa.” 15 Ka jalo, ba ne ba mo tshwara, mme fa a fitlha kwa Kgorong ya Dipitse e e fa ntlong ya kgosi,* ka yone nako eo ba ne ba mmolaela gone koo.

16 Go tswa foo, Jehoiada o ne a dira kgolagano le batho botlhe le kgosi, gore ba tla tswelela e le batho ba ga Jehofa.+ 17 Morago ga moo, batho botlhe ba ne ba tla mo ntlong* ya ga Baale ba bo ba e senya,+ mme ba ne ba thuba dibeso tsa gagwe le ditshwantsho tsa gagwe+ e bile ba ne ba bolaela Matane moperesiti wa ga Baale+ fa pele ga dibeso tseo. 18 Go tswa foo, Jehoiada o ne a laela gore ntlo ya ga Jehofa e okamelwe ke baperesiti le Balefi, ba Dafide a neng a ba kgaogantse ka ditlhopha gore ba tlhokomele ntlo ya ga Jehofa le gore ba ise ditlhabelo tse di fisiwang tsa ga Jehofa+ go ya ka se se kwadilweng mo Molaong wa ga Moshe,+ ba dira jalo ka boitumelo e bile ba opela, jaaka Dafide a ne a laetse.* 19 Gape o ne a tlhoma balebedi ba dikgoro+ fa dikgorong tsa ntlo ya ga Jehofa, gore motho ope yo o itshekologileng ka tsela epe fela a se ka a tsena. 20 Jaanong o ne a tsaya baokamedi ba makgolo,+ batlotlegi, balaodi ba batho le batho botlhe ba lefatshe leo mme ba ne ba tsamaya ba disitse kgosi fa e tswa mo ntlong ya ga Jehofa. Go tswa foo, ba ne ba tsena ka kgoro e e kwa godimo ba ya kwa ntlong ya kgosi* ba bo ba baya kgosi mo setulong sa bogosi.+ 21 Ka jalo, batho botlhe ba lefatshe leo ba ne ba itumela, mme motse o ne wa iketla, ka gonne ba ne ba bolaile Athalia ka tšhaka.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela