LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Ditiragalo 24
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Ditiragalo

      • Bogosi jwa ga Jehoashe (1-3)

      • Jehoashe o tlhabolola tempele (4-14)

      • Jehoashe o a tlhanoga (15-22)

      • Jehoashe o a bolawa (23-27)

2 Ditiragalo 24:1

Ditshupiso

  • +2Dk 11:21
  • +Ge 21:14; 2Sa 3:10; 2Dk 12:1

2 Ditiragalo 24:2

Ditshupiso

  • +2Dk 12:2

2 Ditiragalo 24:4

Ditshupiso

  • +2Dk 22:3-5

2 Ditiragalo 24:5

Ditshupiso

  • +2Dk 12:4, 5; 2Dt 29:1, 3; 34:9, 10
  • +2Dk 12:6

2 Ditiragalo 24:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “tente ya Tshupo?”

Ditshupiso

  • +2Dk 12:7
  • +Ek 30:12-16
  • +Dip 1:50

2 Ditiragalo 24:7

Ditshupiso

  • +2Dt 22:2, 3
  • +2Dt 28:24

2 Ditiragalo 24:8

Ditshupiso

  • +Mar 12:41
  • +2Dk 12:9

2 Ditiragalo 24:9

Ditshupiso

  • +Ek 30:12-16; Neh 10:32; Mat 17:24

2 Ditiragalo 24:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa gongwe “go fitlha botlhe ba ntshitse lekgetho la bone.”

Ditshupiso

  • +1Dt 29:9

2 Ditiragalo 24:11

Ditshupiso

  • +2Dk 12:10

2 Ditiragalo 24:12

Ditshupiso

  • +2Dk 12:11, 12; 2Dt 34:10, 11

2 Ditiragalo 24:14

Ditshupiso

  • +Ek 37:16; Dip 7:84
  • +Dip 28:3

2 Ditiragalo 24:16

Ditshupiso

  • +1Dk 2:10
  • +2Dt 23:1

2 Ditiragalo 24:18

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona polelwana “Kota e e boitshepo” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.

2 Ditiragalo 24:19

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ba ne ba naya bosupi kgatlhanong le bone.”

Ditshupiso

  • +2Dk 17:13, 14; 2Dt 36:15, 16; Jer 7:25, 26

2 Ditiragalo 24:20

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “o ne wa apesa.”

Ditshupiso

  • +2Dt 23:11
  • +Dut 29:24, 25; 1Dt 28:9; 2Dt 15:2

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Monna yo Mogolo, kgao. 110

2 Ditiragalo 24:21

Ditshupiso

  • +Jer 11:19
  • +Mat 23:35; Luk 11:51

2 Ditiragalo 24:22

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa rraagwe Sekarea.

Ditshupiso

  • +Ge 9:5; Pes. 94:1; Jer 11:20; Bah 10:30

2 Ditiragalo 24:23

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “Fa ngwaga o retologa.”

Ditshupiso

  • +2Dk 12:17
  • +2Dt 24:17, 18

2 Ditiragalo 24:24

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa Basiria.

Ditshupiso

  • +Lef 26:17, 37; Dut 32:30

2 Ditiragalo 24:25

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “a na le malwetse a le mantsi.”

  • *

    Kgotsa “morwa.” Gongwe go dirisitswe lefoko leno mo bontsing e le go bontsha tlotlo.

Ditshupiso

  • +2Dt 24:20, 21
  • +2Dk 12:20
  • +2Sa 5:9; 1Dk 2:10
  • +2Dt 21:16, 20; 28:27

2 Ditiragalo 24:26

Ditshupiso

  • +2Dk 12:21

2 Ditiragalo 24:27

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb. “a neng a thaya.”

  • *

    Kgotsa “mo pegong.”

Ditshupiso

  • +2Dt 24:20
  • +2Dt 24:13

Ditemana Tse dingwe

2 Ditir. 24:12Dk 11:21
2 Ditir. 24:1Ge 21:14; 2Sa 3:10; 2Dk 12:1
2 Ditir. 24:22Dk 12:2
2 Ditir. 24:42Dk 22:3-5
2 Ditir. 24:52Dk 12:4, 5; 2Dt 29:1, 3; 34:9, 10
2 Ditir. 24:52Dk 12:6
2 Ditir. 24:62Dk 12:7
2 Ditir. 24:6Ek 30:12-16
2 Ditir. 24:6Dip 1:50
2 Ditir. 24:72Dt 22:2, 3
2 Ditir. 24:72Dt 28:24
2 Ditir. 24:8Mar 12:41
2 Ditir. 24:82Dk 12:9
2 Ditir. 24:9Ek 30:12-16; Neh 10:32; Mat 17:24
2 Ditir. 24:101Dt 29:9
2 Ditir. 24:112Dk 12:10
2 Ditir. 24:122Dk 12:11, 12; 2Dt 34:10, 11
2 Ditir. 24:14Ek 37:16; Dip 7:84
2 Ditir. 24:14Dip 28:3
2 Ditir. 24:161Dk 2:10
2 Ditir. 24:162Dt 23:1
2 Ditir. 24:192Dk 17:13, 14; 2Dt 36:15, 16; Jer 7:25, 26
2 Ditir. 24:202Dt 23:11
2 Ditir. 24:20Dut 29:24, 25; 1Dt 28:9; 2Dt 15:2
2 Ditir. 24:21Jer 11:19
2 Ditir. 24:21Mat 23:35; Luk 11:51
2 Ditir. 24:22Ge 9:5; Pes. 94:1; Jer 11:20; Bah 10:30
2 Ditir. 24:232Dk 12:17
2 Ditir. 24:232Dt 24:17, 18
2 Ditir. 24:24Lef 26:17, 37; Dut 32:30
2 Ditir. 24:252Dt 24:20, 21
2 Ditir. 24:252Dk 12:20
2 Ditir. 24:252Sa 5:9; 1Dk 2:10
2 Ditir. 24:252Dt 21:16, 20; 28:27
2 Ditir. 24:262Dk 12:21
2 Ditir. 24:272Dt 24:20
2 Ditir. 24:272Dt 24:13
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Ditiragalo 24:1-27

Ditiragalo wa Bobedi

24 Jehoashe o ne a na le dingwaga di le supa fa a nna kgosi,+ mme o ne a busa dingwaga di le 40 mo Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Sibia a tswa kwa Beere-sheba.+ 2 Jehoashe o ne a tswelela a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa malatsi otlhe a ga moperesiti Jehoiada.+ 3 Jehoiada o ne a mo tlhophela basadi ba le babedi, mme ba ne ba mo tsholela bana ba basimane le ba basetsana.

4 Morago ga moo, Jehoashe o ne a nna le keletso e kgolo ya go batla go tlhabolola ntlo ya ga Jehofa.+ 5 Ka jalo, o ne a phutha baperesiti le Balefi mme a ba raya a re: “Yang kwa metseng ya Juda mme lo phuthe madi mo Baiseraeleng botlhe gore lo baakanye ntlo ya Modimo+ wa lona ngwaga le ngwaga; mme lo potlakele kgang eno.” Le fa go ntse jalo, Balefi ga ba a ka ba dira jalo ka bonako.+ 6 Ka jalo, kgosi e ne ya bitsa moperesiti yo mogolo e bong Jehoiada mme ya mo raya ya re:+ “Ke ka ntlha yang fa o sa laela Balefi gore ba phuthe lekgetho le le boitshepo go tswa kwa Juda le Jerusalema le Moshe+ motlhanka wa ga Jehofa a neng a laetse gore le ntshiwe, e leng lekgetho le le boitshepo la phuthego ya Iseraele, le le ntshediwang tente e e nang le letlole la kgolagano?*+ 7 Gonne bomorwa Athalia,+ mosadi yoo yo o bosula, ba ne ba thubile ntlo ya Modimo wa boammaaruri+ ba bo ba tsena, mme ba ne ba dirisa dilo tsotlhe tse di boitshepo tsa ntlo ya ga Jehofa, ba di dirisetsa Bobaale.” 8 Foo kgosi e ne ya laela gore go dirwe letlole+ mme ba ne ba le baya kwa ntle fa kgorong ya ntlo ya ga Jehofa.+ 9 Morago ga moo, go ne ga itsisiwe mo Juda yotlhe le Jerusalema gore go ntshediwe Jehofa lekgetho le le boitshepo+ le Moshe motlhanka wa Modimo wa boammaaruri a neng a laetse Baiseraele kwa nageng gore ba le ntshe. 10 Dikgosana tsotlhe le batho botlhe ba ne ba itumela,+ mme ba ne ba nna ba tlisa meneelo ba bo ba e latlhela mo letloleng leo go fitlha le tlala.*

11 E ne e re fa Balefi ba bona gore madi a mantsi thata mo letloleng, ba ne ba le tlisa gore le isiwe kwa kgosing. Go tswa foo, mokwaledi wa kgosi le molaodi wa moperesiti yo mogolo ba ne ba tlhola ba tla ba bo ba ntsha madi otlhe a a mo letloleng+ ba bo ba le busetsa mo lefelong la lone. Seo ke se ba neng ba se dira letsatsi le letsatsi, mme ba ne ba phutha madi a mantsi thata. 12 Go tswa foo, kgosi le Jehoiada ba ne ba tle ba a neye batho ba ba okametseng tiro e e dirwang mo ntlong ya ga Jehofa, mme ba ne ba thapa batho ba ba segang maje le badiri ba ba ditswerere gore ba tlhabolole ntlo ya ga Jehofa,+ le ba ba dirang ka tshipi le kopore gore ba baakanye ntlo ya ga Jehofa. 13 Mme batho ba ba okametseng tiro ba ne ba laela gore tiro e simololwe, mme tiro ya go baakanya e ne ya tswelela e eteletswe pele ke bone, mme ba ne ba baakanya ntlo ya Modimo wa boammaaruri gore e boe e nne mo seemong se se tshwanetseng ba bo ba e nonotsha. 14 E rile fela fa ba fetsa, ba ne ba neela kgosi le Jehoiada madi a a neng a setse, mme ba ne ba a dirisetsa go dira dilwana tsa ntlo ya ga Jehofa, dilwana tsa go direla le tsa go dira ditlhabelo le dikopi le dilwana tsa gauta le tsa selefera.+ Mme ba ne ba tle ba ntshe ditlhabelo tse di fisiwang+ mo ntlong ya ga Jehofa ka metlha malatsi otlhe a ga Jehoiada.

15 Jehoiada o ne a swa a tsofetse e bile a kgotsofaletse botshelo; o ne a na le dingwaga di le 130 fa a swa. 16 Ka jalo, ba ne ba mo fitlha mo Motseng wa ga Dafide mmogo le dikgosi,+ ka gonne o ne a dirile molemo mo Iseraele+ e bile o ne a o diretse Modimo wa boammaaruri le Ntlo ya Gagwe.

17 Morago ga loso lwa ga Jehoiada, dikgosana tsa Juda di ne tsa tla mme tsa ikobela kgosi, mme kgosi e ne ya di reetsa. 18 Ba ne ba tlogela ntlo ya ga Jehofa, Modimo wa borraabonemogolo mme ba simolola go direla dikota tse di boitshepo* le medingwana, mme Modimo o ne a galefela batho ba Juda le ba Jerusalema ka ntlha ya molato wa bone. 19 Jehofa o ne a nna a romela baporofeti kwa go bone gore a ba busetse kwa go ene, mme ba ne ba nna ba ba tlhagisa,* le fa go ntse jalo ba ne ba gana go reetsa.+

20 Moya wa Modimo o ne wa tla mo go* Sekarea morwa moperesiti Jehoiada,+ mme o ne a ema mo lefelong le le tsholetsegileng a bo a raya batho a re: “Seno ke se Modimo wa boammaaruri a se buang, ‘Ke ka ntlha yang fa lo tlola ditaelo tsa me, nna Jehofa? Ga lo kitla lo atlega! E re ka lo ntlogetse, nna Jehofa, le nna ke tla lo tlogela.’”+ 21 Le fa go ntse jalo, ba ne ba mo logela leano la boferefere+ ba bo ba mo kgobotletsa ka maje ka taelo ya kgosi mo lolwapeng lwa ntlo ya ga Jehofa.+ 22 Ka jalo, Kgosi Jehoashe ga a ka a gakologelwa lorato lo lo sa kgaotseng lo rraagwe* e bong Jehoiada a neng a mmontsha lone, mme o ne a bolaya morwawe, yo fa a swa a neng a bua a re: “E kete Jehofa a ka lo otlhaela se lo se dirileng.”+

23 Fa ngwaga o simologa* mophato wa masole a Siria o ne wa tla go tlhabana le Jehoashe, mme ba ne ba tlhasela Juda le Jerusalema.+ Foo ba ne ba bolaya dikgosana+ tsotlhe tsa batho, mme ba ne ba romela dilo tsotlhe tse ba di gapileng kwa kgosing ya Damaseko. 24 Gonne le fa gone mophato wa masole a Siria o ne o na le masole a mannye ka palo, Jehofa o ne a tsenya mophato o mogolo wa masole+ mo seatleng sa bone, ka gonne ba ne ba tlogetse Jehofa, Modimo wa borraabonemogolo; ka jalo ba* ne ba diragatsa katlholo mo go Jehoashe. 25 E rile ba mo tlogela (ka gonne ba ne ba mo tlogela a gobetse thata*), batlhanka ba gagwe ba ne ba mo logela leano la boferefere ka gonne o ne a bolaile bomorwa* moperesiti Jehoiada.+ Ba ne ba mmolaela mo bolaong jwa gagwe.+ Ka jalo, o ne a swa mme ba ne ba mo fitlha mo Motseng wa ga Dafide,+ le fa go ntse jalo, ga ba a ka ba mo fitlha mo mabitleng a dikgosi di fitlhelwang mo go one.+

26 Bano ke bone ba ba neng ba mo logela leano la boferefere:+ Sabade morwa Shimeathe mosadi wa Moamone le Jehosabade morwa Shimerithe mosadi wa Momoabe. 27 Mme pego e e buang ka bomorwa Jehoashe le ditlhagiso tse dintsi tse a neng a di newa+ le kafa a neng a baakanya* ntlo ya Modimo wa boammaaruri+ ka gone, dilo tseno tsotlhe di kwadilwe mo mekwalong* ya Buka ya Dikgosi. Mme morwawe e bong Amasia o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela