LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Dikhutsafalo 2
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Dikhutsafalo

      • Jehofa o galefela Jerusalema

        • Ga a e tlhomogele pelo (2)

        • Jehofa o ntse jaaka mmaba mo go ene (5)

        • Siona o a lelelwa (11-13)

        • Ba ba fetang ka tsela ba kgoba motse o o kileng wa bo o le montle (15)

        • Baba ba itumelela gore Siona o ole (17)

Dikhutsafalo 2:1

Ditshupiso

  • +Dik 2:15
  • +1Dt 28:2; Pes. 132:7; Isa 60:13

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    6/1/2007, ts. 8-⁠9

Dikhutsafalo 2:2

Ditshupiso

  • +Dut 28:52; Mik 5:11
  • +Esk 21:26, 27
  • +Isa 39:7; 43:28

Dikhutsafalo 2:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “O robile lonaka longwe le longwe lwa.”

Ditshupiso

  • +Pes. 74:10, 11
  • +Dut 32:22; Isa 42:25; Jer 7:20

Dikhutsafalo 2:4

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “gatile.”

Ditshupiso

  • +Dut 28:63; Isa 63:10; Jer 21:5
  • +2Dk 25:21
  • +Jer 10:20
  • +Jer 4:4

Dikhutsafalo 2:5

Ditshupiso

  • +Jer 30:14

Dikhutsafalo 2:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona “Moletlo wa Diobo” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.

  • *

    Kgotsa “sentse.”

Ditshupiso

  • +2Dk 25:8, 9; 2Dt 36:19; Isa 63:18; 64:11
  • +Dik 1:4
  • +Jer 52:24, 27

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    6/1/2007, ts. 9

Dikhutsafalo 2:7

Ditshupiso

  • +Lef 26:31; Jer 26:6; 52:12, 13; Esk 24:21; Mik 3:12
  • +2Dt 36:19
  • +Pes. 74:4

Dikhutsafalo 2:8

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “se se ka sa kometsa.”

Ditshupiso

  • +2Dk 25:10; Jer 39:8
  • +2Dk 21:13; Isa 28:17

Dikhutsafalo 2:9

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “taelo.”

Ditshupiso

  • +Neh 1:3; Jer 14:2
  • +Dut 28:15, 36; 2Dk 24:15; 25:7; Dik 4:20; Esk 12:13; Dan 1:3, 6
  • +Pes. 74:9; Jer 23:16; Esk 7:26

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Jeremia, ts. 73

Dikhutsafalo 2:10

Ditshupiso

  • +Isa 3:26
  • +Jer 6:26; Esk 7:18

Dikhutsafalo 2:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “Mateng.”

  • *

    Poko e e dirisang mothofatso, gongwe e e tlhalosang kutlwelobotlhoko kgotsa bopelotlhomogi.

Ditshupiso

  • +Dik 3:48
  • +Jer 14:17
  • +Jer 11:22; Dik 2:19; 4:4

Dikhutsafalo 2:12

Ditshupiso

  • +Dut 28:49, 51; 2Dk 25:3; Isa 3:1; Jer 18:21

Dikhutsafalo 2:13

Ditshupiso

  • +Jer 14:17; Dan 9:12
  • +Jer 30:12

Dikhutsafalo 2:14

Ditshupiso

  • +Jer 2:8; 27:14; Esk 13:2, 3
  • +Jer 23:14
  • +Jer 23:32; 27:9; Mik 3:5; Sfn 3:4

Dikhutsafalo 2:15

Ditshupiso

  • +Esk 25:2, 6
  • +1Dk 9:8; Jer 25:9
  • +Pes. 48:2; Esk 16:14

Dikhutsafalo 2:16

Ditshupiso

  • +Jer 51:34
  • +Mik 4:11
  • +Oba 13

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    6/1/2007, ts. 9

Dikhutsafalo 2:17

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “o godisitse lonaka lwa.”

Ditshupiso

  • +Jer 18:11; Mik 2:3
  • +2Dk 23:27
  • +Lef 26:14, 17; Dut 28:15
  • +Esk 5:11

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Jeremia, ts. 154

    Tora ya Tebelo,

    6/1/2007, ts. 9

Dikhutsafalo 2:18

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “morwadia leitlho la gago.”

Dikhutsafalo 2:19

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

  • *

    Seheb., “mo tlhogong ya mebila yotlhe.”

Ditshupiso

  • +Isa 51:20; Dik 4:9; Esk 5:16

Dikhutsafalo 2:20

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “maungo.”

Ditshupiso

  • +Lef 26:29; Dut 28:53; Jer 19:9; Dik 4:10; Esk 5:10
  • +Esk 9:6, 7

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    6/1/2007, ts. 9

Dikhutsafalo 2:21

Ditshupiso

  • +Dut 28:49, 50; 2Dt 36:17
  • +Jer 9:21; 18:21
  • +Jer 13:14; 21:7; Dik 3:43; Esk 5:11; 9:6

Dikhutsafalo 2:22

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ka ba tlisa ba itekanetse.”

Ditshupiso

  • +Dut 16:16
  • +Sfn 1:18
  • +Dut 28:18

Ditemana Tse dingwe

Dikhu. 2:1Dik 2:15
Dikhu. 2:11Dt 28:2; Pes. 132:7; Isa 60:13
Dikhu. 2:2Dut 28:52; Mik 5:11
Dikhu. 2:2Esk 21:26, 27
Dikhu. 2:2Isa 39:7; 43:28
Dikhu. 2:3Pes. 74:10, 11
Dikhu. 2:3Dut 32:22; Isa 42:25; Jer 7:20
Dikhu. 2:4Dut 28:63; Isa 63:10; Jer 21:5
Dikhu. 2:42Dk 25:21
Dikhu. 2:4Jer 10:20
Dikhu. 2:4Jer 4:4
Dikhu. 2:5Jer 30:14
Dikhu. 2:62Dk 25:8, 9; 2Dt 36:19; Isa 63:18; 64:11
Dikhu. 2:6Dik 1:4
Dikhu. 2:6Jer 52:24, 27
Dikhu. 2:7Lef 26:31; Jer 26:6; 52:12, 13; Esk 24:21; Mik 3:12
Dikhu. 2:72Dt 36:19
Dikhu. 2:7Pes. 74:4
Dikhu. 2:82Dk 25:10; Jer 39:8
Dikhu. 2:82Dk 21:13; Isa 28:17
Dikhu. 2:9Neh 1:3; Jer 14:2
Dikhu. 2:9Dut 28:15, 36; 2Dk 24:15; 25:7; Dik 4:20; Esk 12:13; Dan 1:3, 6
Dikhu. 2:9Pes. 74:9; Jer 23:16; Esk 7:26
Dikhu. 2:10Isa 3:26
Dikhu. 2:10Jer 6:26; Esk 7:18
Dikhu. 2:11Dik 3:48
Dikhu. 2:11Jer 14:17
Dikhu. 2:11Jer 11:22; Dik 2:19; 4:4
Dikhu. 2:12Dut 28:49, 51; 2Dk 25:3; Isa 3:1; Jer 18:21
Dikhu. 2:13Jer 14:17; Dan 9:12
Dikhu. 2:13Jer 30:12
Dikhu. 2:14Jer 2:8; 27:14; Esk 13:2, 3
Dikhu. 2:14Jer 23:14
Dikhu. 2:14Jer 23:32; 27:9; Mik 3:5; Sfn 3:4
Dikhu. 2:15Esk 25:2, 6
Dikhu. 2:151Dk 9:8; Jer 25:9
Dikhu. 2:15Pes. 48:2; Esk 16:14
Dikhu. 2:16Jer 51:34
Dikhu. 2:16Mik 4:11
Dikhu. 2:16Oba 13
Dikhu. 2:17Jer 18:11; Mik 2:3
Dikhu. 2:172Dk 23:27
Dikhu. 2:17Lef 26:14, 17; Dut 28:15
Dikhu. 2:17Esk 5:11
Dikhu. 2:19Isa 51:20; Dik 4:9; Esk 5:16
Dikhu. 2:20Lef 26:29; Dut 28:53; Jer 19:9; Dik 4:10; Esk 5:10
Dikhu. 2:20Esk 9:6, 7
Dikhu. 2:21Dut 28:49, 50; 2Dt 36:17
Dikhu. 2:21Jer 9:21; 18:21
Dikhu. 2:21Jer 13:14; 21:7; Dik 3:43; Esk 5:11; 9:6
Dikhu. 2:22Dut 16:16
Dikhu. 2:22Sfn 1:18
Dikhu. 2:22Dut 28:18
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Dikhutsafalo 2:1-22

Dikhutsafalo

א [Aleph]

2 Ruri Jehofa o khurumeditse morwadia Siona ka leru la bogale jwa gagwe!

O latlhetse bontle jwa Iseraele mo lefatsheng go tswa kwa legodimong.+

Ga a gakologelwa sebeo sa gagwe sa dinao+ mo letsatsing la bogale jwa gagwe.

ב [Beth]

 2 Jehofa o komeditse mafelo otlhe a bonno a ga Jakobe a sa a tlhomogele pelo.

O thubile mafelo a a sireletsegileng a ga morwadia Juda a shakgetse.+

O digetse bogosi+ le dikgosana tsa jone fa fatshe a bo a di tlontlolola.+

ג [Gimel]

 3 O fedisitse nonofo yotlhe ya* Iseraele ka mogote wa bogale jwa gagwe.

Ga a ka a re thusa fa mmaba a tlhasela,+

Mme bogale jwa gagwe bo ne jwa nna jwa tukela Jakobe jaaka molelo o o neng wa laila sengwe le sengwe se se o dikologileng.+

ד [Daleth]

 4 O obile* bora jwa gagwe jaaka mmaba; o baakantse seatla sa gagwe sa moja jaaka mmaba;+

O ne a nna a bolaya botlhe ba ba eletsegang mo matlhong a rona.+

E bile o ne a tshololela tšhakgalo ya gagwe mo tenteng ya ga morwadia Siona+ fela jaaka molelo.+

ה [He]

 5 Jehofa o ntse jaaka mmaba;+

O komeditse Iseraele.

O komeditse ditora tsotlhe tsa gagwe;

O sentse mafelo otlhe a gagwe a a sireletsegileng.

E bile o dirile gore khutsafalo le selelo sa khutsafalo di nne dintsi mo go morwadia Juda.

ו [Waw]

 6 O tshwara loobo* lwa gagwe setlhogo+ jaaka ntlwana e e mo tshingwaneng.

O fedisitse* meletlo ya gagwe.+

Jehofa o dirile gore meletlo le sabata di lebalwe mo Siona,

E bile ga a tlotle kgosi le moperesiti ka gonne a shakgetse thata.+

ז [Zayin]

 7 Jehofa o latlhile sebeso sa gagwe;

O ganne go amogela lefelo la gagwe le le boitshepo.+

O tsentse dipota tsa ditora tsa gagwe tse di sireletsegileng mo seatleng sa mmaba.+

Ba tsholeditse lentswe la bone mo ntlong ya ga Jehofa,+ jaaka go dirwa mo letsatsing la moletlo.

ח [Heth]

 8 Jehofa o ikemiseditse go senya lobota lwa ga morwadia Siona.+

O otlolotse mogala o o lekanyang.+

Ga a ka a thibela seatla sa gagwe gore se se ka sa tlisa tshenyo.*

Mme o dira gore thotana ya motlhaba le lobota di hutsafale.

Tsotlhe di koafaditswe.

ט [Teth]

 9 Dikgoro tsa gagwe di nweleletse mo lefatsheng.+

O sentse mephakalego ya gagwe a bo a e thubaganya.

Kgosi ya gagwe le dikgosana tsa gagwe di mo ditšhabeng.+

Ga go na molao;* tota le baporofeti ba gagwe ga ba bone ponatshegelo epe e e tswang kwa go Jehofa.+

י [Yod]

10 Bagolwane ba ga morwadia Siona ba ntse fa fatshe ba didimetse.+

Ba itshela lorole mo ditlhogong e bile ba apara letsela la kgetsi.+

Makgarebane a Jerusalema a obetse ditlhogo tsa one fa fatshe.

כ [Kaph]

11 Matlho a me a lapisitswe ke go lela.+

Mala* a me a a fuduega.

Sebete sa me se tshololetswe fa fatshe, ka ntlha ya go wa ga morwadia* batho ba gaetsho,+

Ka ntlha ya bana le masea a a idibalang mo dipatlelong tsa motse.+

ל [Lamed]

12 Ba nna ba botsa bommaabone ba re, “Dijo le beine di kae?”+

Fa ba ntse ba idibala jaaka mongwe yo o gobaditsweng mo dipatlelong tsa motse,

Fa ba ntse ba swela mo mabogong a bommaabone.

מ [Mem]

13 Ke tla dirisa eng gore e nne bosupi,

Kgotsa ke tla go tshwantsha le eng, wena morwadia Jerusalema?

Ke tla go bapisa le eng, gore ke go gomotse, wena morwadia Siona wa kgarebane?

Gonne o tla phutlhama mo go botlhoko jaaka lewatle.+ Ke mang yo o ka go fodisang?+

נ [Nun]

14 Diponatshegelo tse baporofeti ba gago ba neng ba di bona e ne e le maaka e bile di se na mosola,+

E bile ga ba a ka ba senola boleo jwa gago gore ba thibele gore o se ka wa isiwa botshwarwa,+

Mme ba ne ba nna ba bona dipolelo tsa maaka le tse di tsietsang mo diponatshegelong.+

ס [Samekh]

15 Botlhe ba ba fetang ka tsela ba go opela diatla ka tshotlo.+

Ba letsa molodi ba gakgametse+ ba bo ba thukuthela morwadia Jerusalema tlhogo, ba re:

“A motse ono ke o ba neng ba bua ka one ba re, ‘O montle tota, e bile o tlisetsa batho botlhe mo lefatsheng boitumelo’?”+

פ [Pe]

16 Baba ba gago botlhe ba go buletse molomo.

Ba go sotla ba galefile ba re: “Re mo komeditse.+

Leno ke letsatsi le re ntseng re le emetse!+ Le gorogile, e bile re le bone!”+

ע [Ayin]

17 Jehofa o dirile se a neng a se ikaeletse;+ o diragaditse lefoko la gagwe,+

Se a neng a se laela bogologolo.+

O rutlolotse a sa tlhomoge pelo.+

O letlile gore mmaba a itumelele se se go diragaletseng; o okeditse nonofo ya* baba ba gago.

צ [Tsade]

18 Pelo ya bone e goela kwa go Jehofa, wena lobota lwa ga morwadia Siona.

A dikeledi di elele jaaka molatswana o o penologang bosigo le motshegare.

O se ka wa ikhutsa, o se ka wa letla leitlho la gago* gore le itapolose.

ק [Qoph]

19 Ema! Goa go le bosigo, fa dinako tsa go lebelela di simologa.

Tshololela pelo ya gago fa pele ga ga Jehofa jaaka metsi.

Tsholeletsa diatla tsa gago kwa go ene ka ntlha ya matshelo* a bana ba gago,

Ba ba welang mo khoneng ya mmila mongwe le mongwe* ka ntlha ya leuba.+

ר [Resh]

20 Ao tlhe Jehofa, leba mme o bone ene yo o mo otlhaileng botlhoko.

A basadi ba tshwanetse go tswelela ba ja bana* ba bone, bana ba ba ba godisitseng,+

Kgotsa a baperesiti le baporofeti ba tshwanetse go bolaelwa mo lefelong le le boitshepo la ga Jehofa?+

ש [Shin]

21 Mosimanyana le monnamogolo ba rapaletse fa fatshe mo mebileng ba sule.+

Makgarebane a me le makawana a me a bolailwe ka tšhaka.+

O ba bolaile mo letsatsing la fa o ne o galefile; o ba kgemethile o sa tlhomoge pelo.+

ת [Taw]

22 O bitsa ba ba ntshosang go tswa mo matlhakoreng otlhe jaaka e kete o biletsa batho go tla kwa moletlong.+

Ga go na ope yo o neng a tshaba kgotsa a falola mo letsatsing la tšhakgalo ya ga Jehofa;+

Mmaba wa me o ne a fedisa ba ke neng ka ba belega* ka bo ka ba godisa.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela