LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Dikgosi 13
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Dikgosi

      • Jehoahase, kgosi ya Iseraele (1-9)

      • Jehoashe, kgosi ya Iseraele (10-13)

      • Elisha o batla go bona gore Jehoashe o tlhoafetse go le kae (14-19)

      • Elisha o a swa; marapo a gagwe a tsosa moswi (20, 21)

      • Boporofeti jwa bofelo jwa ga Elisha bo a diragadiwa (22-25)

2 Dikgosi 13:1

Ditshupiso

  • +2Dk 11:2, 21
  • +2Dk 8:26; 9:27
  • +2Dk 10:30, 35

2 Dikgosi 13:2

Ditshupiso

  • +1Dk 12:28-30; 13:33; 14:16

2 Dikgosi 13:3

Ditshupiso

  • +Bah 12:29
  • +Lef 26:14, 17
  • +1Dk 19:17; 2Dk 8:12
  • +2Dk 13:24

2 Dikgosi 13:4

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “o ne a nolofatsa sefatlhego sa.”

Ditshupiso

  • +Ek 3:7; Baa 10:16; 2Dk 14:26, 27

2 Dikgosi 13:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa ba nna ka kagiso le polokesego.

Ditshupiso

  • +Neh 9:27

2 Dikgosi 13:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “O ne a tsamaya mo go jone.”

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +2Dk 10:29; 17:21
  • +Dut 7:5; 1Dk 14:15; 16:33

2 Dikgosi 13:7

Ditshupiso

  • +2Dk 8:12; 10:32
  • +Amo 1:3

2 Dikgosi 13:9

Ditshupiso

  • +2Dk 10:35

2 Dikgosi 13:10

Ditshupiso

  • +2Dk 14:1

2 Dikgosi 13:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “tsamaya.”

Ditshupiso

  • +2Dk 10:29

2 Dikgosi 13:12

Ditshupiso

  • +2Dk 14:8, 13

2 Dikgosi 13:13

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa Jeroboame II.

Ditshupiso

  • +2Dk 14:28
  • +2Dk 10:35; 13:9

2 Dikgosi 13:14

Ditshupiso

  • +1Dk 19:16
  • +2Dk 2:11, 12

2 Dikgosi 13:17

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “poloko.”

  • *

    Kgotsa “poloko kgatlhanong le.”

  • *

    Kgotsa “fenya.”

Ditshupiso

  • +1Sa 29:1; 1Dk 20:26

2 Dikgosi 13:19

Ditshupiso

  • +2Dk 13:25

2 Dikgosi 13:20

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “fa ngwaga o tsena,” gongwe ka paka ya dikgakologo.

Ditshupiso

  • +2Dk 1:1; 24:2

2 Dikgosi 13:21

Ditshupiso

  • +Joh 11:44; Bah 11:35

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    12/2017, ts. 5

    Tora ya Tebelo,

    8/1/2005, ts. 11

2 Dikgosi 13:22

Ditshupiso

  • +1Dk 19:15
  • +2Dk 8:12; 10:32

2 Dikgosi 13:23

Ditshupiso

  • +2Dk 14:26, 27
  • +Ge 13:14-16
  • +Ge 26:3
  • +Ge 28:13; Pes. 105:8; Mik 7:20

2 Dikgosi 13:25

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “a mo fenya.”

Ditshupiso

  • +2Dk 13:19

Ditemana Tse dingwe

2 Dikg. 13:12Dk 11:2, 21
2 Dikg. 13:12Dk 8:26; 9:27
2 Dikg. 13:12Dk 10:30, 35
2 Dikg. 13:21Dk 12:28-30; 13:33; 14:16
2 Dikg. 13:3Bah 12:29
2 Dikg. 13:3Lef 26:14, 17
2 Dikg. 13:31Dk 19:17; 2Dk 8:12
2 Dikg. 13:32Dk 13:24
2 Dikg. 13:4Ek 3:7; Baa 10:16; 2Dk 14:26, 27
2 Dikg. 13:5Neh 9:27
2 Dikg. 13:62Dk 10:29; 17:21
2 Dikg. 13:6Dut 7:5; 1Dk 14:15; 16:33
2 Dikg. 13:72Dk 8:12; 10:32
2 Dikg. 13:7Amo 1:3
2 Dikg. 13:92Dk 10:35
2 Dikg. 13:102Dk 14:1
2 Dikg. 13:112Dk 10:29
2 Dikg. 13:122Dk 14:8, 13
2 Dikg. 13:132Dk 14:28
2 Dikg. 13:132Dk 10:35; 13:9
2 Dikg. 13:141Dk 19:16
2 Dikg. 13:142Dk 2:11, 12
2 Dikg. 13:171Sa 29:1; 1Dk 20:26
2 Dikg. 13:192Dk 13:25
2 Dikg. 13:202Dk 1:1; 24:2
2 Dikg. 13:21Joh 11:44; Bah 11:35
2 Dikg. 13:221Dk 19:15
2 Dikg. 13:222Dk 8:12; 10:32
2 Dikg. 13:232Dk 14:26, 27
2 Dikg. 13:23Ge 13:14-16
2 Dikg. 13:23Ge 26:3
2 Dikg. 13:23Ge 28:13; Pes. 105:8; Mik 7:20
2 Dikg. 13:252Dk 13:19
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Dikgosi 13:1-25

Dikgosi wa Bobedi

13 Mo ngwageng wa bo23 wa ga Jehoashe+ morwa Ahasia+ kgosi ya Juda, Jehoahase morwa Jehu+ o ne a nna kgosi ya Iseraele mo Samarea, mme o ne a busa dingwaga di le 17. 2 O ne a tswelela a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, mme o ne a nna a tsamaya mo boleong jo Jeroboame morwa Nebate a neng a dirile gore Baiseraele ba bo dire.+ Ga a ka a fapoga mo go jone. 3 Ka jalo, bogale jwa ga Jehofa+ bo ne jwa tukela Iseraele,+ mme o ne a ba tsenya mo seatleng sa ga Kgosi Hasaele+ wa Siria le mo seatleng sa ga Bene-hadade+ morwa Hasaele malatsi otlhe a bone.

4 Fa nako e ntse e tsamaya, Jehoahase o ne a kopa kutlwelobotlhoko ya* ga Jehofa, mme Jehofa o ne a mo reetsa, ka gonne o ne a bone kgatelelo e kgosi ya Siria e neng e e tliseditse Iseraele.+ 5 Ka jalo, Jehofa o ne a naya Iseraele mmoloki+ gore a ba golole mo kgatelelong ya Siria, mme Baiseraele ba ne ba kgona go nna mo magaeng a bone jaaka pele.* 6 (Le fa go ntse jalo, ga ba a ka ba tloga mo boleong jwa lelapa la ga Jeroboame jo a neng a dirile gore Baiseraele ba bo dire.+ Ba ne ba tswelela mo boleong joo,* e bile kota e e boitshepo*+ e ne ya tswelela e eme mo Samarea.) 7 Jehoahase o ne a setse ka mophato wa masole a a tsamayang ka dipitse a le 50, dikara di le 10 le masole a a tsamayang ka dinao a le 10 000, ka gonne kgosi ya Siria e ne e ba nyeleditse,+ e ba gatakile jaaka lorole ka nako ya fa go phothiwa.+

8 Fa e le pego yotlhe ya botshelo jwa ga Jehoahase, sotlhe se a se dirileng le kafa a neng a le maatla ka gone, a ga e a kwalwa mo bukeng ya dipego tsa metlha ya dikgosi tsa Iseraele? 9 Go tswa foo, Jehoahase o ne a swa jaaka borraagwemogolo, mme ba ne ba mo fitlha mo Samarea;+ mme morwawe e bong Jehoashe o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.

10 Mo ngwageng wa bo37 wa ga Kgosi Jehoashe wa Juda, Jehoashe+ morwa Jehoahase o ne a nna kgosi ya Iseraele mo Samarea, mme o ne a busa dingwaga di le 16. 11 O ne a tswelela a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, a se ka a fapoga mo maleong otlhe a Jeroboame morwa Nebate a neng a dirile gore Baiseraele ba a dire.+ O ne a tswelela* mo maleong ao.

12 Fa e le pego yotlhe ya botshelo jwa ga Jehoashe, sotlhe se a se dirileng le kafa a neng a le maatla ka gone le kafa a neng a tlhabana le Kgosi Amasia wa Juda+ ka gone, a ga e a kwalwa mo bukeng ya dipego tsa metlha ya dikgosi tsa Iseraele? 13 Go tswa foo, Jehoashe o ne a lala le borraagwemogolo, mme Jeroboame*+ o ne a nna mo setulong sa gagwe sa bogosi. Mme Jehoashe o ne a fitlhwa mo Samarea le dikgosi tsa Iseraele.+

14 Jaanong fa Elisha+ a ne a lwala bolwetse jo bo neng jwa feleletsa bo mmolaile, Jehoashe kgosi ya Iseraele o ne a tla kwa go ene mme a lelela mo go ene a re: “Rra, rra! Kara ya Iseraele le masole a yone a a tsamayang ka dipitse!”+ 15 Foo Elisha o ne a mo raya a re: “Tsaya bora le metswi.” Ka jalo, o ne a tsaya bora le metswi. 16 Go tswa foo, o ne a raya kgosi ya Iseraele a re: “Ipaakanyetse go hula.” Ka jalo, o ne a ipaakanyetsa go hula, mme morago ga moo Elisha o ne a baya diatla tsa gagwe mo diatleng tsa kgosi. 17 Mme a mo raya a re: “Bulela fensetere ntlheng ya botlhaba.” Ka jalo, o ne a e bula. Elisha o ne a re: “Hula!” Ka jalo, o ne a hula. Jaanong Elisha o ne a re: “Motswi wa ga Jehofa wa phenyo,* motswi wa phenyo mo* Siria! O tla kgemetha* Siria kwa Afeke+ go fitlha o e fedisa.”

18 O ne a tswelela a re: “Tsaya metswi,” mme o ne a e tsaya. Go tswa foo, o ne a raya kgosi ya Iseraele a re: “Itaya fa fatshe.” Ka jalo, o ne a itaya fa fatshe gararo a bo a ema. 19 Monna wa Modimo wa boammaaruri o ne a mo galefela mme a re: “O ne o tshwanetse go itaya fa fatshe gatlhano kgotsa garataro! Foo o ne o tla kgemetha Siria go fitlha o e fedisa, mme jaanong o tla kgemetha Siria makgetlo a le mararo fela.”+

20 Morago ga moo, Elisha o ne a swa mme o ne a fitlhwa. Go ne go na le ditlhopha tsa dirukutlhi tsa Bamoabe+ tse di neng di tlhola di tla mo lefatsheng leo fa ngwaga o simologa.* 21 Fa batho bangwe ba ntse ba fitlha moswi, ba ne ba bona setlhopha sa dirukutlhi, ka jalo, ka bonako fela ba ne ba latlhela moswi yoo mo lebitleng la ga Elisha ba bo ba tshaba. E rile moswi yoo a kgoma marapo a ga Elisha, o ne a tshela gape+ mme a ema ka dinao.

22 Jaanong Kgosi Hasaele+ wa Siria o ne a gatelela Iseraele+ malatsi otlhe a ga Jehoahase. 23 Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a ba tlhomogela pelo le go ba utlwela botlhoko+ mme o ne a bontsha gore o amega ka bone ka ntlha ya kgolagano ya gagwe le Aborahame,+ Isake+ le Jakobe.+ O ne a sa batle go ba nyeletsa, mme o ne a se ka a ba latlhela kgakala le ene go tla go fitlha mo letsatsing leno. 24 Fa Kgosi Hasaele wa Siria a swa, morwawe e bong Bene-hadade o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. 25 Go tswa foo, Jehoashe morwa Jehoahase o ne a gapa metse e Bene-hadade morwa Hasaele a neng a e tsere ka ntwa mo go rraagwe e bong Jehoahase. Jehoashe o ne a mo kgemetha* makgetlo a le mararo,+ mme o ne a golola metse ya Iseraele.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela