Jobe
6 Go tswa foo, Jobe o ne a araba a re:
2 “E kete matshwenyego+ a me a ka bo a kadilwe ka botlalo
A bo a bewa mo sekaleng mmogo le masetlapelo a me!
3 Gone jaanong a boima go feta motlhaba* wa mawatle.
Ke gone ka moo ke neng ka bua fela ke sa akanye.*+
4 Gonne metswi ya Mothatayotlhe e ntlhabile,
Mme moya wa me o nwa botlhole jwa yone;+
Dilo tse di boifisang tse di tswang kwa Modimong di tla mo go nna di tlhomagane.
5 A tonki ya naga+ e ka lela e na le bojang,
Kgotsa a poo e ka bôpa e na le furu?
6 A dijo tse di bosula di ka jewa di se na letswai,
Kgotsa a go na le tatso mo matuteng a morogo?
7 Ke ganne go kgoma dilo tse di ntseng jalo.
Di tshwana le dilo tse di kgotlelang dijo tsa me.
8 E kete kopo ya me e ka diragadiwa
E bile e kete Modimo a ka nnaya se ke se eletsang!
9 E kete Modimo a ka ikemisetsa go nthubaganya,
E bile e kete a ka ntsha seatla sa gagwe mme a mpolaya!+
10 Gonne tota le sone seo se ne se tla nkgomotsa;
Ke ne ke tla tlola ka boitumelo le fa gone ke le mo ditlhabing tse di botlhoko,
Gonne ga ke a gana mafoko a Modimo yo o Boitshepo.+
11 A ke na le maatla a go tswelela ke letile?+
Mme bokhutlo jwa me e tla nna eng, mo ke tshwanetseng go tswelela ke tshela?*
12 A maatla a me a lekana le a leje?
Kgotsa a nama ya me e dirilwe ka kopore?
13 A go na le tsela epe e nka itirelang sengwe ka yone
Ka gore ga go na ope yo o ntshegetsang?
14 Ope fela yo o sa rateng motho yo mongwe ka lorato lo lo sa kgaotseng+
O tla tlogela go boifa Mothatayotlhe.+
15 Bomorwarre ba nnile boferefere+ jaaka molatswana wa mariga,
Jaaka metsi a melatswana ya mariga e e kgalang.
16 E lefifi ka ntlha ya metsi a a dikgapetla,*
Mme mo go yone go iphitlhile kapoko e e gakologang.
17 Mme gone, mo pakeng e e tshwanetseng ga e nne le metsi, mme e a nyelela;
Fa go nna mogote, e a kgala.
18 Tsela ya yone e fapositswe;
E elelela kwa sekakeng e bo e nyelela.
20 Ba tlhabilwe ke ditlhong ka ntlha ya tsholofelo ya bone e e sa diragadiwang;
Ba tlile koo fela gore ba swabisiwe.
21 Gonne ke kafa lo nnileng ka gone mo go nna;+
Lo bone kafa masetlapelo a me a tshosang ka gone, mme lo a boifa.+
22 A nkile ka re, ‘Nneyeng sengwe,’
Kgotsa ka kopa gore lo nneye mpho mo matlotlong a lona?
23 A ke kopile gore lo mphalotse mo seatleng sa mmaba,
Kgotsa gore lo nkgolole* mo bagateleding?
24 Nthuteng, mme ke tla didimala;+
Nthuseng go tlhaloganya phoso e ke e dirileng.
25 Mafoko a a buiwang ka boikanyegi ga a botlhoko!+
Mme gone, kgalemelo ya lona e na le molemo ofe?+
26 A lo loga leano la go kgala mafoko a me,
Mafoko a motho yo o ngomogileng pelo,+ a a phepheulwang ke phefo?
28 Jaanong retologang mme lo ntebe,
Gonne nka se bue maaka fa pele ga lona.
29 Tsweetswee, akanyang sentle, lo se ka lwa nkatlhola.
Akanyang sentle, ka gonne ga ke a dira sepe se se phoso.
30 A ga ke a bua sentle?
A ga ke kgone go lemoga fa go na le mathata?