LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Ditiragalo 20
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Ditiragalo

      • Ditšhaba tse dingwe di batla go tlhasela Juda (1-4)

      • Jehoshafate o kopa thuso (5-13)

      • Jehofa o a araba (14-19)

      • Juda e a sirelediwa (20-30)

      • Bogosi jwa ga Jehoshafate bo a khutla (31-37)

2 Ditiragalo 20:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa gongwe “Bameune.”

Ditshupiso

  • +Baa 3:14; 2Sa 8:2; Pes. 83:2, 6
  • +Ge 19:36-38

2 Ditiragalo 20:2

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go lebega go tewa Lewatle le le Suleng.

Ditshupiso

  • +Jos 15:1
  • +Jos 15:20, 62

2 Ditiragalo 20:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “a tlhoma sefatlhego sa gagwe.”

Ditshupiso

  • +2Dt 19:1, 3

2 Ditiragalo 20:4

Ditshupiso

  • +Dut 4:29-31

2 Ditiragalo 20:6

Ditshupiso

  • +1Dk 8:23; Mat 6:9
  • +1Dt 29:11; Dan 4:17
  • +1Dt 29:12; Isa 40:15, 17; Dan 4:35

2 Ditiragalo 20:7

Ditshupiso

  • +Ge 12:7; Neh 9:7, 8; Isa 41:8; Jak 2:23

2 Ditiragalo 20:8

Ditshupiso

  • +2Dt 2:4

2 Ditiragalo 20:9

Ditshupiso

  • +2Dt 6:20
  • +1Dk 8:33, 34; 2Dt 6:28-30

2 Ditiragalo 20:10

Ditshupiso

  • +Ge 36:8
  • +Dip 20:17, 18; Dut 2:5, 9, 19

2 Ditiragalo 20:11

Ditshupiso

  • +Baa 11:23, 24; Pes. 83:2, 4

2 Ditiragalo 20:12

Ditshupiso

  • +Baa 11:27, 28; Pes. 7:6
  • +2Dk 6:15, 16
  • +2Dt 14:11; Pes. 25:15; 62:1

2 Ditiragalo 20:13

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “barwa.”

2 Ditiragalo 20:15

Ditshupiso

  • +Dut 1:29, 30; Jos 11:4, 6; 2Dt 32:7, 8

2 Ditiragalo 20:16

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “molapo.”

2 Ditiragalo 20:17

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “lo bone poloko ya ga Jehofa mo boemong jwa lona.”

Ditshupiso

  • +Isa 30:15
  • +Ek 14:13, 14; 15:2; 1Sa 2:1; 1Dt 16:23; Dik 3:26
  • +Dut 31:8; Jos 10:25
  • +Dip 14:9; 2Dt 15:2

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Ithute mo Baebeleng, ts. 120-121

    Tora ya Tebelo,

    12/1/2005, ts. 21

    6/1/2003, ts. 21-⁠22

2 Ditiragalo 20:19

Ditshupiso

  • +1Dt 23:12
  • +1Dt 15:16

2 Ditiragalo 20:20

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “go itshoka.”

Ditshupiso

  • +2Dt 11:5, 6
  • +Ek 14:31; 19:9

2 Ditiragalo 20:21

Ditshupiso

  • +1Dt 15:16
  • +Ek 34:6

2 Ditiragalo 20:22

Ditshupiso

  • +Baa 7:22; 1Sa 14:20

2 Ditiragalo 20:23

Ditshupiso

  • +Dut 2:5
  • +Ek 14:25; Esk 38:21

2 Ditiragalo 20:24

Ditshupiso

  • +2Dt 20:16
  • +Ek 14:30; Pes. 110:5, 6; Isa 37:36

2 Ditiragalo 20:25

Ditshupiso

  • +Ek 12:35; 2Dk 7:15, 16

2 Ditiragalo 20:26

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “kwa Lebaleng le le Kwa Tlase.”

  • *

    Seheb., “segofatse.”

  • *

    Mo go kayang “Tshegofatso.”

Ditshupiso

  • +Ek 17:14, 15; 1Sa 7:12

2 Ditiragalo 20:27

Ditshupiso

  • +1Sa 2:1; Pes. 20:5; 30:1

2 Ditiragalo 20:28

Ditshupiso

  • +2Sa 6:5; 1Dt 16:5
  • +Dip 10:8; 1Dt 13:8; 2Dt 29:26
  • +Pes. 116:19

2 Ditiragalo 20:29

Ditshupiso

  • +Ek 15:13, 14; Jos 9:3, 9; 2Dt 17:10

2 Ditiragalo 20:30

Ditshupiso

  • +Jos 23:1; 2Sa 7:1; 2Dt 15:15

2 Ditiragalo 20:31

Ditshupiso

  • +1Dk 22:41, 42

2 Ditiragalo 20:32

Ditshupiso

  • +1Dk 15:11
  • +2Dt 17:3, 4; 19:2, 3

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    3/2017, ts. 20

2 Ditiragalo 20:33

Ditshupiso

  • +1Dk 15:14; 22:43; 2Dt 17:1, 6
  • +1Dk 18:21

2 Ditiragalo 20:34

Ditshupiso

  • +1Dk 16:1; 2Dt 19:2
  • +2Dt 16:7

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    3/15/2009, ts. 32

2 Ditiragalo 20:35

Ditshupiso

  • +2Dk 1:2, 16

2 Ditiragalo 20:36

Ditshupiso

  • +1Dk 10:22, 23
  • +Dip 33:1, 35; Dut 2:8; 1Dk 9:26

2 Ditiragalo 20:37

Ditshupiso

  • +2Dt 19:2; Pes. 127:1
  • +1Dk 22:48

Ditemana Tse dingwe

2 Ditir. 20:1Baa 3:14; 2Sa 8:2; Pes. 83:2, 6
2 Ditir. 20:1Ge 19:36-38
2 Ditir. 20:2Jos 15:1
2 Ditir. 20:2Jos 15:20, 62
2 Ditir. 20:32Dt 19:1, 3
2 Ditir. 20:4Dut 4:29-31
2 Ditir. 20:61Dk 8:23; Mat 6:9
2 Ditir. 20:61Dt 29:11; Dan 4:17
2 Ditir. 20:61Dt 29:12; Isa 40:15, 17; Dan 4:35
2 Ditir. 20:7Ge 12:7; Neh 9:7, 8; Isa 41:8; Jak 2:23
2 Ditir. 20:82Dt 2:4
2 Ditir. 20:92Dt 6:20
2 Ditir. 20:91Dk 8:33, 34; 2Dt 6:28-30
2 Ditir. 20:10Ge 36:8
2 Ditir. 20:10Dip 20:17, 18; Dut 2:5, 9, 19
2 Ditir. 20:11Baa 11:23, 24; Pes. 83:2, 4
2 Ditir. 20:12Baa 11:27, 28; Pes. 7:6
2 Ditir. 20:122Dk 6:15, 16
2 Ditir. 20:122Dt 14:11; Pes. 25:15; 62:1
2 Ditir. 20:15Dut 1:29, 30; Jos 11:4, 6; 2Dt 32:7, 8
2 Ditir. 20:17Isa 30:15
2 Ditir. 20:17Ek 14:13, 14; 15:2; 1Sa 2:1; 1Dt 16:23; Dik 3:26
2 Ditir. 20:17Dut 31:8; Jos 10:25
2 Ditir. 20:17Dip 14:9; 2Dt 15:2
2 Ditir. 20:191Dt 23:12
2 Ditir. 20:191Dt 15:16
2 Ditir. 20:202Dt 11:5, 6
2 Ditir. 20:20Ek 14:31; 19:9
2 Ditir. 20:211Dt 15:16
2 Ditir. 20:21Ek 34:6
2 Ditir. 20:22Baa 7:22; 1Sa 14:20
2 Ditir. 20:23Dut 2:5
2 Ditir. 20:23Ek 14:25; Esk 38:21
2 Ditir. 20:242Dt 20:16
2 Ditir. 20:24Ek 14:30; Pes. 110:5, 6; Isa 37:36
2 Ditir. 20:25Ek 12:35; 2Dk 7:15, 16
2 Ditir. 20:26Ek 17:14, 15; 1Sa 7:12
2 Ditir. 20:271Sa 2:1; Pes. 20:5; 30:1
2 Ditir. 20:282Sa 6:5; 1Dt 16:5
2 Ditir. 20:28Dip 10:8; 1Dt 13:8; 2Dt 29:26
2 Ditir. 20:28Pes. 116:19
2 Ditir. 20:29Ek 15:13, 14; Jos 9:3, 9; 2Dt 17:10
2 Ditir. 20:30Jos 23:1; 2Sa 7:1; 2Dt 15:15
2 Ditir. 20:311Dk 22:41, 42
2 Ditir. 20:321Dk 15:11
2 Ditir. 20:322Dt 17:3, 4; 19:2, 3
2 Ditir. 20:331Dk 15:14; 22:43; 2Dt 17:1, 6
2 Ditir. 20:331Dk 18:21
2 Ditir. 20:341Dk 16:1; 2Dt 19:2
2 Ditir. 20:342Dt 16:7
2 Ditir. 20:352Dk 1:2, 16
2 Ditir. 20:361Dk 10:22, 23
2 Ditir. 20:36Dip 33:1, 35; Dut 2:8; 1Dk 9:26
2 Ditir. 20:372Dt 19:2; Pes. 127:1
2 Ditir. 20:371Dk 22:48
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
  • 32
  • 33
  • 34
  • 35
  • 36
  • 37
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Ditiragalo 20:1-37

Ditiragalo wa Bobedi

20 Morago ga moo, Bamoabe+ le Baamone,+ mmogo le Baamonime* bangwe ba ne ba tla go tlhabana le Jehoshafate. 2 Ka jalo, Jehoshafate o ne a bolelelwa jaana: “Go na le boidiidi jo bogolo jo bo tlileng go tlhabana le wena jo bo tswang kwa kgaolong ya lewatle,* kwa Edoma,+ mme bo kwa Hasasone-tamare, e leng Ene-gedi.”+ 3 Foo Jehoshafate o ne a boifa mme o ne a ikemisetsa* go batla Jehofa.+ Ka jalo, o ne a laela gore batho botlhe ba Juda ba itime dijo. 4 Go tswa foo, batho ba Juda ba ne ba phuthega gore ba tle go botsa Jehofa;+ ba ne ba tswa mo metseng yotlhe ya Juda go tla go kopa kgakololo mo go Jehofa.

5 Foo Jehoshafate o ne a ema fa pele ga phuthego ya Juda le Jerusalema mo ntlong ya ga Jehofa fa pele ga lolwapa lo losha, 6 mme o ne a re:

“Ao tlhe Jehofa, Modimo wa borraaronamogolo, a ga o Modimo kwa magodimong;+ a ga o laole magosi otlhe a ditšhaba?+ Mo seatleng sa gago go na le nonofo le maatla, mme ga go na ope yo o ka emang fa pele ga gago.+ 7 Ao tlhe Modimo wa rona, a ga o a leleka banni ba lefatshe leno fa pele ga batho ba gago ba Iseraele mme wa le naya losika lwa ga Aborahame tsala ya gago gore e nne thuo ya bone ka bosakhutleng?+ 8 Mme ba ne ba nna mo go lone ba bo ba go agela lefelo le le boitshepo gone, ba le agela leina la gago,+ ba re, 9 ‘Fa re ka welwa ke masetlapelo, e ka tswa e le ka tšhaka, katlholo e e botlhoko, bolwetse jwa leroborobo kgotsa leuba, mme re ema fa pele ga ntlo eno le fa pele ga gago (ka gonne leina la gago le mo ntlong eno),+ re goela kwa go wena re kopa thuso re le mo matshwenyegong, e kete o ka utlwa o bo o re boloka.’+ 10 Jaanong banna ba Amone, ba Moabe le ba kgaolo e e dithaba ya Seire+ ke bano, ba o neng wa se ka wa letla Baiseraele gore ba ba tlhasele fa ba ne ba tswa kwa lefatsheng la Egepeto. Ba ne ba ba fapoga mme ba se ka ba ba nyeletsa.+ 11 Jaanong ba re duela ka go tla go re leleka mo lefatsheng la gago le o re neileng lone gore e nne boswa jwa rona.+ 12 Ao tlhe Modimo wa rona, a ga o kitla o ba atlhola?+ Gonne ga re na maatla fa pele ga boidiidi jo bogolo jono jo bo tlang go re tlhasela; mme ga re itse gore re dire eng,+ le fa go ntse jalo, matlho a rona a lebile kwa go wena.”+

13 Mo nakong eno, batho botlhe ba Juda ba ne ba eme fa pele ga ga Jehofa, mmogo le basadi ba bone le bana* ba bone, go akaretsa le bana ba bone ba bannye.

14 Fa ba ntse ba phuthegile jalo, moya wa ga Jehofa o ne wa tla mo go Jahasiele morwa Sekarea morwa Benaia morwa Jeiele morwa Matania yo e leng Molefi wa bomorwa Asafe. 15 O ne a re: “Reetsang, lona lotlhe batho ba Juda le banni ba Jerusalema le Kgosi Jehoshafate! Seno ke se Jehofa a se buang le lona, ‘Lo se ka lwa boifa kgotsa lwa tshoga ka ntlha ya boidiidi jo bogolo jono, ka gonne tlhabano ga se ya lona, mme ke ya Modimo.+ 16 Kamoso lo ye go ba kgatlhantsha. Ba tla bo ba tla ka tselana ya Sise, mme lo tla ba fitlhela kwa bofelong jwa mokgatšha* o o fa pele ga naga ya Jeruele. 17 Ga lo kitla lo tlhoka go lwa ntwa eno. Emang mo maemong a lona, emang lo sa tshikinyege+ mme lo bone kafa Jehofa a tla lo gololang ka gone.*+ Lona batho ba Juda le ba Jerusalema, lo se ka lwa boifa kgotsa lwa tshoga.+ Kamoso lo ye go ba kgatlhantsha, mme Jehofa o tla nna le lona.’”+

18 Ka yone nako eo, Jehoshafate o ne a ikoba sefatlhego sa gagwe se lebile fa fatshe, mme batho botlhe ba Juda le banni ba Jerusalema ba ne ba khubama fa pele ga ga Jehofa gore ba obamele Jehofa. 19 Foo Balefi ba e neng e le ditlogolwana tsa Bakohathe+ le Bakora ba ne ba ema mme ba baka Jehofa, Modimo wa Iseraele ka lentswe le le kwa godimo thata.+

20 Mo mosong o o latelang, ba ne ba tsoga phakela thata mme ba ya kwa nageng ya Tekoa.+ Fa ba ntse ba tswa, Jehoshafate o ne a ema fa pele ga bone a bo a ba raya a re: “Ntheetseng, lona batho ba Juda le lona banni ba Jerusalema! Nnang le tumelo mo go Jehofa, Modimo wa lona gore lo tle lo kgone go ema lo nitame.* Nnang le tumelo mo baporofeting+ ba gagwe, mme lo tla atlega.”

21 Fa a sena go buisana le batho, o ne a tlhoma banna gore ba opelele+ Jehofa le gore ba mmake ba apere diaparo tse di boitshepo fa ba ntse ba tsamaya kwa pele ga banna ba ba tlhometseng, ba re: “Ntshetsang Jehofa ditebogo, ka gonne lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng lo nnela ruri.”+

22 E rile ba simolola go opela dipako ka boitumelo, Jehofa o ne a dira gore go tlhaselwe banna ba Amone, ba Moabe le ba kgaolo e e dithaba ya Seire ba ba neng ba tlile go tlhasela Juda, mme ba ne ba bolaana.+ 23 Mme Baamone le Bamoabe ba ne ba tlhasela banni ba kgaolo e e dithaba ya Seire+ gore ba ba bolaye le go ba nyeletsa; mme fa ba sena go bolaya banni ba Seire, ba ne ba bolaana.+

24 E rile batho ba Juda ba goroga kwa toreng ya go lebelela e e mo nageng+ mme ba leba ntlheng ya boidiidi, ba ne ba bona ditopo tsa bone di wetse fa fatshe;+ go ne go se na ope yo o falotseng. 25 Ka jalo, Jehoshafate le batho ba gagwe ba ne ba tla go ba gapela dilo tsa bone, mme mo go tsone ba ne ba fitlhela dithoto, diaparo le dilwana tse di eletsegang di le dintsi thata, tse ba neng ba di tsaya mo go bone go fitlha ba sa tlhole ba kgona go di tsaya.+ Go ne ga ba tsaya malatsi a le mararo ba ntse ba gapa dilo tseo, ka gonne di ne di le dintsi thata. 26 Mo letsatsing la bonê ba ne ba phuthegela kwa Mokgatšheng* wa Beraka gore ba bake* Jehofa gone. Ke gone ka moo ba neng ba bitsa lefelo leo ba re Mokgatšha wa Beraka*+ go tla go fitlha gompieno.

27 Go tswa foo, banna botlhe ba Juda le ba Jerusalema, ba eteletswe pele ke Jehoshafate, ba ne ba boela kwa Jerusalema ba itumetse, ka gonne Jehofa o ne a dirile gore ba itumele ka ntlha ya go bo ba fentse baba ba bone.+ 28 Ka jalo, ba ne ba goroga mo Jerusalema ka diletswa tsa megala, diharepa+ le diterompeta+ mme ba ne ba ya kwa ntlong ya ga Jehofa.+ 29 Mme Modimo o ne a dira gore magosi otlhe a mafatshe a mangwe a boife fa a utlwa gore Jehofa o ne a lole le baba ba Iseraele.+ 30 Ka jalo, go ne ga se ka ga nna le matshwenyego mo bogosing jwa ga Jehoshafate, mme Modimo wa gagwe o ne a tswelela a mo naya boikhutso mo matlhakoreng otlhe.+

31 Jehoshafate o ne a tswelela a busa mo Juda. O ne a na le dingwaga di le 35 fa a nna kgosi, mme o ne a busa mo Jerusalema dingwaga di le 25. Leina la ga mmaagwe e ne e le Asuba morwadia Shilehi.+ 32 O ne a nna a tsamaya mo ditseleng tsa ga rraagwe e bong Asa.+ Ga a ka a fapoga mo go tsone, mme o ne a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa.+ 33 Le fa go ntse jalo, mafelo a a kwa godimo a a boitshepo ga a ka a tlosiwa,+ e bile batho ba ne ba ise ba ikemisetse mo dipelong tsa bone gore ba tla obamela Modimo wa borraabonemogolo.+

34 Fa e le pego yotlhe ya botshelo jwa ga Jehoshafate, go tswa kwa tshimologong go ya kwa bokhutlong, e kwadilwe mo mafokong a ga Jehu+ morwa Hanani,+ a a neng a kwalwa mo Bukeng ya Dikgosi Tsa Iseraele. 35 Morago ga seno, Kgosi Jehoshafate wa Juda o ne a dira tumalano le Kgosi Ahasia wa Iseraele, yo o neng a dira bosula.+ 36 Ka jalo, o ne a ikopanya le ene gore ba dire dikepe tse di yang kwa Tareshishe+ mme ba ne ba direla dikepe tseo kwa Esione-gebere.+ 37 Le fa go ntse jalo, Eliesere morwa Dodafahu wa kwa Maresha o ne a porofeta jaana ka Jehoshafate: “E re ka o dirile tumalano le Ahasia, Jehofa o tla senya dilo tse o di dirileng.”+ Ka jalo, dikepe tseo di ne tsa thubega,+ mme ga di a ka tsa kgona go ya kwa Tareshishe.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela