LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Pesalema 116
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Dipesalema

      • Pina ya go leboga

        • “Ke tla duela Jehofa ka eng?” (12)

        • “Ke tla nwa se se mo koping gore ke mo lebogele go bo a mpolokile” (13)

        • “Ke tla diragatsa maikano a ke a diretseng Jehofa” (14, 18)

        • Loso lwa batho ba ba ikanyegang lo tlhwatlhwakgolo (15)

Pesalema 116:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa gongwe “Ke a rata ka gonne Jehofa o utlwa.”

Ditshupiso

  • +Pes. 18:6

Pesalema 116:2

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “o obegela kwa tlase gore a ntheetse.”

  • *

    Seheb., “mo malatsing a me.”

Ditshupiso

  • +Pes. 34:15

Pesalema 116:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “Matshwenyego a Sheole a ne a mpona.”

Ditshupiso

  • +Isa 38:10
  • +Pes. 18:4; 38:6

Pesalema 116:4

Ditshupiso

  • +Pes. 34:6; Bar 10:13

Pesalema 116:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “pelontle.”

Ditshupiso

  • +Dut 32:4
  • +Ek 34:6; Neh 9:17; Dan 9:9

Pesalema 116:6

Ditshupiso

  • +Pes. 19:7

Pesalema 116:8

Ditshupiso

  • +Pes. 56:13; 94:18

Pesalema 116:10

Ditshupiso

  • +2Bk 4:13

Pesalema 116:11

Ditshupiso

  • +Bar 3:4

Pesalema 116:12

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    7/15/2009, ts. 29

Pesalema 116:14

Ditshupiso

  • +Pes. 22:25; Jon 2:9

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    7/15/2009, ts. 29

Pesalema 116:15

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “botlhokwa thata.”

Ditshupiso

  • +1Sa 25:29; Job 1:12; Pes. 91:14; Sek 2:8; 2Pe 2:9

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    8/15/2012, ts. 30

    5/15/2012, ts. 22

    9/1/2006, ts. 14

Pesalema 116:16

Ditshupiso

  • +Pes. 107:14

Pesalema 116:17

Ditshupiso

  • +Lef 7:12; Pes. 50:23

Pesalema 116:18

Ditshupiso

  • +Pes. 22:25; 76:11
  • +Pes. 116:14

Pesalema 116:19

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “Halelujah!” “Jah” ke khutshwafatso ya leina Jehofa.

Ditshupiso

  • +Pes. 96:8
  • +Tsh 19:1

Ditemana Tse dingwe

Pes. 116:1Pes. 18:6
Pes. 116:2Pes. 34:15
Pes. 116:3Isa 38:10
Pes. 116:3Pes. 18:4; 38:6
Pes. 116:4Pes. 34:6; Bar 10:13
Pes. 116:5Dut 32:4
Pes. 116:5Ek 34:6; Neh 9:17; Dan 9:9
Pes. 116:6Pes. 19:7
Pes. 116:8Pes. 56:13; 94:18
Pes. 116:102Bk 4:13
Pes. 116:11Bar 3:4
Pes. 116:14Pes. 22:25; Jon 2:9
Pes. 116:151Sa 25:29; Job 1:12; Pes. 91:14; Sek 2:8; 2Pe 2:9
Pes. 116:16Pes. 107:14
Pes. 116:17Lef 7:12; Pes. 50:23
Pes. 116:18Pes. 22:25; 76:11
Pes. 116:18Pes. 116:14
Pes. 116:19Pes. 96:8
Pes. 116:19Tsh 19:1
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Pesalema 116:1-19

Dipesalema

116 Ke rata Jehofa

Ka gonne o utlwa* lentswe la me, o utlwa dithapelo tsa me tsa go kopa thuso.+

 2 Gonne o ntshekegela tsebe,*+

Mme ke tla goela kwa go ene fa fela ke sa ntse ke tshela.*

 3 Dikgole tsa loso di ne di mpofile thata;

Lebitla le ne la nngangatlela.*+

Ke ne ke fekeediwa ke matshwenyego le khutsafalo.+

 4 Mme ke ne ka bitsa leina la ga Jehofa+ ka re:

“Ao tlhe Jehofa, nkgolole!”

 5 Jehofa o pelotlhomogi* e bile o tshiamo;+

Modimo wa rona o kutlwelobotlhoko.+

 6 Jehofa o sireletsa ba ba se nang maitemogelo.+

Ke ne ke koafetse, mme o ne a mpoloka.

 7 Mma ke ikhutse gape,

Ka gonne Jehofa o ntiretse ka bopelonomi.

 8 O nnamotse mo losong,

O namotse leitlho la me mo dikeleding, o namotse lonao lwa me gore lo se ka lwa kgopiwa.+

 9 Ke tla tsamaya fa pele ga ga Jehofa mo lefatsheng la ba ba tshelang.

10 Ke ne ke na le tumelo, ka jalo ke ne ka bua;+

Ke ne ke bogisiwa thata.

11 Fa e le nna, ke ne ka tshoga ke bo ke re:

“Batho botlhe ke baaki.”+

12 Ke tla duela Jehofa ka eng

Ka ntlha ya dilo tsotlhe tse di molemo tse a ntiretseng tsone?

13 Ke tla nwa se se mo koping gore ke mo lebogele go bo a mpolokile,

Mme ke tla bitsa leina la ga Jehofa.

14 Ke tla diragatsa maikano a ke a diretseng Jehofa

Fa pele ga batho ba gagwe botlhe.+

15 Loso lwa batho ba ba ikanyegang+

Lo tlhwatlhwakgolo* mo matlhong a ga Jehofa.

16 Ke a go kopa tlhe Jehofa,

Gonne ke motlhanka wa gago.

Ke motlhanka wa gago, morwa lelata la gago.

O nkgolotse mo dikgoleng tse ke neng ke le mo go tsone.+

17 Ke tla go ntshetsa setlhabelo sa go leboga;+

Ke tla bitsa leina la ga Jehofa.

18 Ke tla diragatsa maikano a ke a diretseng Jehofa+

Fa pele ga batho ba gagwe botlhe,+

19 Mo malwapeng a ntlo ya ga Jehofa,+

Mo motseng wa Jerusalema.

Bakang Jah!*+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela