LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Bagalatia 2
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Bagalatia

      • Paulo o kopana le baaposetoloi ba kwa Jerusalema (1-10)

      • Paulo o kgalemela Petere (Kefase) (11-14)

      • Motho o bolelwa a siame fela fa a na le tumelo (15-21)

Bagalatia 2:1

Ditshupiso

  • +Dit 9:27
  • +Dit 15:1, 2

Bagalatia 2:3

Ditshupiso

  • +2Bk 2:13
  • +Dit 16:3

Bagalatia 2:4

Ditshupiso

  • +Dit 15:1, 24
  • +2Bk 3:17; Bag 5:1
  • +Bag 4:9

Bagalatia 2:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seger., “ka ura.”

Ditshupiso

  • +Bag 2:14

Bagalatia 2:6

Ditshupiso

  • +Bag 2:9

Bagalatia 2:7

Ditshupiso

  • +Dit 22:21; Bar 11:13; 1Ti 2:7

Bagalatia 2:8

Ditshupiso

  • +Dit 9:15

Bagalatia 2:9

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

  • *

    Gape o bidiwa Petere.

  • *

    Seger., “ka seatla sa moja gore re tsamaye mmogo.”

Ditshupiso

  • +Dit 15:13
  • +Bae 3:8
  • +Dit 13:2; 15:25

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Go Naya Bosupi, ts. 112

    Tora ya Tebelo,

    10/15/2005, ts. 12-⁠14

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 250, 251-252

Bagalatia 2:10

Ditshupiso

  • +Dit 11:29, 30; 1Bk 16:1

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    11/15/2012, ts. 8

    5/1/2006, ts. 5

Bagalatia 2:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Gape o bidiwa Petere.

  • *

    Kgotsa “ka emelana le ene.”

Ditshupiso

  • +Joh 1:42
  • +Dit 11:25, 26; 15:35

Bagalatia 2:12

Ditshupiso

  • +Dit 12:17
  • +Dit 10:26, 28; 11:2, 3
  • +Dit 21:20, 21

Bagalatia 2:14

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Gape o bidiwa Petere.

Ditshupiso

  • +Dit 10:34, 35
  • +Dit 15:10, 28, 29

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    2/15/2013, ts. 7

Bagalatia 2:16

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seger., “nama.”

Ditshupiso

  • +Bar 1:17; Jak 2:23
  • +Dit 13:39; Bar 5:17; 1Bk 6:11
  • +Bar 3:20-22

Bagalatia 2:19

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seger., “ke ne ka swa malebana le molao.”

Ditshupiso

  • +Bar 7:9

Bagalatia 2:20

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “nkentshetsa.”

Ditshupiso

  • +Bar 6:6; Bag 5:24
  • +1Pe 4:1, 2
  • +2Bk 5:15
  • +1Ti 2:5, 6

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Atamalana le Jehofa, ts. 246-247

    Tora ya Tebelo,

    8/15/2008, ts. 26

    8/1/2005, ts. 29

Bagalatia 2:21

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “kgaphele kwa thoko.”

Ditshupiso

  • +Joh 1:17
  • +Bag 3:21; Bah 7:11

Ditemana Tse dingwe

Bagal. 2:1Dit 9:27
Bagal. 2:1Dit 15:1, 2
Bagal. 2:32Bk 2:13
Bagal. 2:3Dit 16:3
Bagal. 2:4Dit 15:1, 24
Bagal. 2:42Bk 3:17; Bag 5:1
Bagal. 2:4Bag 4:9
Bagal. 2:5Bag 2:14
Bagal. 2:6Bag 2:9
Bagal. 2:7Dit 22:21; Bar 11:13; 1Ti 2:7
Bagal. 2:8Dit 9:15
Bagal. 2:9Dit 15:13
Bagal. 2:9Bae 3:8
Bagal. 2:9Dit 13:2; 15:25
Bagal. 2:10Dit 11:29, 30; 1Bk 16:1
Bagal. 2:11Joh 1:42
Bagal. 2:11Dit 11:25, 26; 15:35
Bagal. 2:12Dit 12:17
Bagal. 2:12Dit 10:26, 28; 11:2, 3
Bagal. 2:12Dit 21:20, 21
Bagal. 2:14Dit 10:34, 35
Bagal. 2:14Dit 15:10, 28, 29
Bagal. 2:16Bar 1:17; Jak 2:23
Bagal. 2:16Dit 13:39; Bar 5:17; 1Bk 6:11
Bagal. 2:16Bar 3:20-22
Bagal. 2:19Bar 7:9
Bagal. 2:20Bar 6:6; Bag 5:24
Bagal. 2:201Pe 4:1, 2
Bagal. 2:202Bk 5:15
Bagal. 2:201Ti 2:5, 6
Bagal. 2:21Joh 1:17
Bagal. 2:21Bag 3:21; Bah 7:11
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Bagalatia 2:1-21

Bagalatia

2 Go tswa foo, morago ga dingwaga di le 14 ke ne ka ya gape kwa Jerusalema ke na le Barenabase+ le Tito.+ 2 Ke ne ka boela teng ka gonne Morena o ne a ntshenoletse gore ke dire jalo. Ke ne ka kopana fela le bakaulengwe ba ba tlotlegang koo mme ka ba bolelela dikgang tse di molemo tse ke di rerelang batho ba ditšhaba tse dingwe. Ke ne ka dira jalo ka gonne ke ne ke batla go itse gore a se ke se direlang Modimo se siame kgotsa nnyaa. Fa go sa nna jalo, se ke se dirileng e ne e tla bo e le lefela. 3 Tota le Tito,+ yo o neng a na le nna, o ne a sa patelesege go rupa+ le fa e ne e le Mogerika. 4 Mme kgang eo e ne ya tsosiwa ke bakaulengwe ba maaka ba ba neng ba tsena mo phuthegong ka tsela e e bofitlha.+ Ba ne ba batla go senya kgololesego+ e rona barutwa ba ga Keresete Jesu re nang le yone, gore ba tle ba re pateletse go nna batlhanka ba molao gape;+ 5 ga re a ka ra ba ikobela,+ le fa e le ka nakwana fela,* gore lona lo tswelele lo tshegeditse boammaaruri jwa dikgang tse di molemo.

6 Mme fa e le ka banna ba ba tsewang ba le botlhokwa,+ bakaulengwe bao ba ba tlotlegang, tota ga ba a nnaya dikakantsho dipe tse disha. Le fa ba ka tswa ba ne ba na le maemo afe mo nakong e e fetileng, seo ga se dire pharologanyo epe mo go nna, ka gonne Modimo ga a lebe tsela e motho a lebegang ka yone. 7 Le fa go ntse jalo, ba ne ba bona gore ke neilwe tiro ya go rerela batho ba ba sa rupang dikgang tse di molemo,+ fela jaaka Petere a ne a neilwe tiro ya go rerela batho ba ba rupileng dikgang tse di molemo. 8 Modimo o ne a naya Petere maatla a gore a nne moaposetoloi yo o rerelang batho ba ba rupileng, mme le nna Modimo o ne a nnaya maatla a gore ke dire tiro eo mo bathong ba ditšhaba tse dingwe.+ 9 Mme ba ne ba lemoga gore Modimo o mpontshitse bopelonomi jo bogolo,* ka jalo Jakobe,+ Kefase* le Johane, ba ba neng ba tshwana le dipilara,+ ba ne ba tshwara nna le Barenabase+ ka diatla tsa moja go bontsha gore ba dumalana le gore* re ye kwa ditšhabeng tse dingwe, mme bone ba ne ba ya kwa bathong ba ba rupileng. 10 Selo se le sengwe fela se ba re kopileng gore re se dire ke go nna re gopotse bahumanegi, mme ke se ke neng ke ikemiseditse go se dira.+

11 Le fa go ntse jalo, e rile Kefase*+ a tla mo Antioka,+ ke ne ka mo kgalemela,* ka gonne o ne a le phoso. 12 Gonne pele ga banna bangwe ba goroga ba tswa kwa go Jakobe,+ o ne a tle a je le batho ba ditšhaba tse dingwe;+ mme e rile ba tla, a simolola go ikgaoganya le bone ka gonne a tshaba batho ba ba rupileng.+ 13 Bajuda ba bangwe botlhe le bone ba ne ba kopanela le ene mo boitimokanying jono, tota le Barenabase o ne a kopanela le bone mo boitimokanying jwa bone. 14 Mme e rile ke bona gore ba ne ba sa tsamaye go dumalana le boammaaruri jwa dikgang tse di molemo,+ ke ne ka raya Kefase* fa pele ga bone botlhe ke re: “Fa wena, le fa o le Mojuda, o tshela jaaka batho ba ditšhaba tse dingwe mme e seng jaaka Bajuda, goreng o batla gore batho ba ditšhaba tse dingwe ba tshele go ya ka tlwaelo ya Sejuda?”+

15 Rona ba re tshotsweng re le Bajuda, mme re se baleofi ba ba tswang mo ditšhabeng tse dingwe, 16 re a itse gore motho o bolelwa a siame fa fela a dumela+ mo go Jesu Keresete,+ e seng ka gonne a latela molao. Ka jalo, re dumela mo go Keresete Jesu, gore re tle re bolelwe re siame ka gonne re dumela mo go Keresete mme e seng ka gonne re latela molao. Gonne ga go na motho* ope yo o tla bolelwang a siame ka ntlha ya go latela molao.+ 17 Jaanong fa e le gore re fitlhetswe re le baleofi ka gonne re batla go bolelwa re siame ka ntlha ya ga Keresete, a go raya gore Keresete ke ene a re rotloetsang go leofa? Nnyaa le e seng! 18 Gonne fa ke boa ke aga dilo tse ke neng ke di digile, ke tla bo ke sa ikobele molao. 19 E re ka ke ne ke latela molao,+ ke ne ka gololwa mo molaong,* gore ke tshelele Modimo. 20 Ke kokotetswe mo koteng mmogo le Keresete.+ Ga e tlhole e le nna yo ke tshelang,+ mme ke Keresete yo o tshelang a le seoposengwe le nna. Eleruri, botshelo jo ke bo tshelang gone jaanong ke bo tshela go ya ka tumelo e ke nang le yone mo go Morwa Modimo,+ yo o neng a nthata a bo a nketshetsa* setlhabelo ka botshelo jwa gagwe.+ 21 Ga ke gane* bopelonomi jo bogolo jwa Modimo,+ gonne fa e le gore motho o bolelwa a siame ka gonne a latela molao, go raya gore Keresete o swetse lefela.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela