LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Samuele 24
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Samuele

      • Dafide o gana go bolaya Saulo (1-22)

        • Dafide o tlotla motlodiwa wa ga Jehofa (6)

1 Samuele 24:1

Ditshupiso

  • +1Sa 23:28, 29

1 Samuele 24:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “go ikhurumetsa dinao.”

Ditshupiso

  • +Pes. 57:Maf; 142:Maf

1 Samuele 24:4

Ditshupiso

  • +1Sa 26:8, 23

1 Samuele 24:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “segakolodi.”

Ditshupiso

  • +2Sa 24:10

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    10/15/2007, ts. 22

1 Samuele 24:6

Ditshupiso

  • +Ek 22:28; 1Sa 26:11; 2Sa 1:14; 1Dt 16:22

1 Samuele 24:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa gongwe “a phatlalatsa.”

1 Samuele 24:8

Ditshupiso

  • +1Sa 26:17

1 Samuele 24:9

Ditshupiso

  • +1Sa 26:19

1 Samuele 24:10

Ditshupiso

  • +1Sa 24:4
  • +1Sa 9:16; 10:1; 26:9; Pes. 105:15

1 Samuele 24:11

Ditshupiso

  • +1Sa 26:18; Pes. 35:7
  • +1Sa 23:14

1 Samuele 24:12

Ditshupiso

  • +1Sa 26:23
  • +Dut 32:35
  • +1Sa 26:11

1 Samuele 24:14

Ditshupiso

  • +1Sa 26:20

1 Samuele 24:15

Ditshupiso

  • +1Sa 25:39; Pes. 35:1

1 Samuele 24:16

Ditshupiso

  • +1Sa 26:17

1 Samuele 24:17

Ditshupiso

  • +1Sa 26:21

1 Samuele 24:18

Ditshupiso

  • +1Sa 24:4, 10

1 Samuele 24:19

Ditshupiso

  • +1Sa 26:25; Pes. 18:20

1 Samuele 24:20

Ditshupiso

  • +1Sa 13:14; 15:28; 18:8; 20:31; 23:17

1 Samuele 24:21

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “losika.”

Ditshupiso

  • +Lef 19:12; Dut 6:13
  • +2Sa 9:1; 21:7

1 Samuele 24:22

Ditshupiso

  • +1Sa 15:34
  • +1Sa 23:29

Ditemana Tse dingwe

1 Sam. 24:11Sa 23:28, 29
1 Sam. 24:3Pes. 57:Maf; 142:Maf
1 Sam. 24:41Sa 26:8, 23
1 Sam. 24:52Sa 24:10
1 Sam. 24:6Ek 22:28; 1Sa 26:11; 2Sa 1:14; 1Dt 16:22
1 Sam. 24:81Sa 26:17
1 Sam. 24:91Sa 26:19
1 Sam. 24:101Sa 24:4
1 Sam. 24:101Sa 9:16; 10:1; 26:9; Pes. 105:15
1 Sam. 24:111Sa 26:18; Pes. 35:7
1 Sam. 24:111Sa 23:14
1 Sam. 24:121Sa 26:23
1 Sam. 24:12Dut 32:35
1 Sam. 24:121Sa 26:11
1 Sam. 24:141Sa 26:20
1 Sam. 24:151Sa 25:39; Pes. 35:1
1 Sam. 24:161Sa 26:17
1 Sam. 24:171Sa 26:21
1 Sam. 24:181Sa 24:4, 10
1 Sam. 24:191Sa 26:25; Pes. 18:20
1 Sam. 24:201Sa 13:14; 15:28; 18:8; 20:31; 23:17
1 Sam. 24:21Lef 19:12; Dut 6:13
1 Sam. 24:212Sa 9:1; 21:7
1 Sam. 24:221Sa 15:34
1 Sam. 24:221Sa 23:29
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Samuele 24:1-22

Samuele wa Ntlha

24 Fela fa Saulo a boa a tswa go lelekisa Bafilisitia, ba ne ba mo raya ba re: “Dafide o kwa nageng ya Ene-gedi.”+

2 Ka jalo, Saulo o ne a tsaya banna ba le 3 000 ba ba tlhophilweng mo Iseraele yotlhe mme ba ne ba ya go batla Dafide le banna ba gagwe mo dithoteng tse di tletseng maje tse go nnang dipodi tsa kwa dithabeng kwa go tsone. 3 Saulo o ne a tla fa masakeng a dinku a a dirilweng ka maje fa thoko ga tsela, kwa go neng go na le logaga teng mme o ne a tsena mo teng a ya go ithoma,* fa Dafide le banna ba gagwe bone ba ne ba ntse kwa morago mo logageng.+ 4 Banna ba ga Dafide ba ne ba mo raya ba re: “Leno ke letsatsi le ka lone Jehofa a go rayang a re, ‘Ke tsenya mmaba wa gago mo seatleng sa gago,+ mme o ka mo dira sepe fela se o bonang se siame.’ ” Ka jalo, Dafide o ne a ema mme ka setu a kgaola ntlha ya seaparo sa ga Saulo se se se nang mabogo. 5 Mme morago ga moo, pelo* ya ga Dafide e ne ya nna e mo tshwenya+ ka gonne o ne a kgaotse ntlha ya seaparo sa ga Saulo se se se nang mabogo. 6 O ne a raya banna ba gagwe a re: “Go ya kafa Jehofa a lebang dilo ka gone go ka se direge gore ke dire morena wa me, e leng motlodiwa wa ga Jehofa, selo se se ntseng jalo, ka go mo tsholeletsa seatla sa me, ka gonne ke motlodiwa wa ga Jehofa.”+ 7 Ka jalo, Dafide o ne a thibela* banna ba gagwe ka mafoko ano, mme o ne a se ka a ba letlelela go tlhasela Saulo. Mme Saulo ene, o ne a ema a tswa mo logageng a bo a tsamaya.

8 Go tswa foo, Dafide o ne a ema mme a tswa mo logageng a bo a tlhaeletsa jaana kwa go Saulo: “Morena wa me kgosi!”+ E rile Saulo a leba kwa morago, Dafide o ne a inama a bo a ikoba sefatlhego sa gagwe se lebile fa fatshe a bo a obama fa fatshe. 9 Dafide o ne a raya Saulo a re: “Ke ka ntlha yang fa o reetsa mafoko a batho ba ba reng, ‘Dafide o batla go go gobatsa’?+ 10 Mo letsatsing leno o bone kafa Jehofa a neng a go tsentse mo seatleng sa me ka gone mo logageng. Mme fa mongwe a ne a re o bolawe,+ ke ne ka go utlwela botlhoko mme ka re, ‘Ga nkitla ke tsholeletsa morena wa me seatla, ka gonne ke motlodiwa wa ga Jehofa.’+ 11 Rra, leba mme o bone ntlha ya seaparo sa gago se se se nang mabogo mo seatleng sa me; gonne fa ke ne ke kgaola ntlha ya seaparo sa gago se se se nang mabogo ga ke a ka ka go bolaya. Jaanong o kgona go bona le go tlhaloganya gore ga ke a ikaelela go go gobatsa kgotsa go go tlhanogela e bile ga ke a go leofela,+ le fa wena o ntse o ntsoma o batla go mpolaya.+ 12 E kete Jehofa a ka atlhola fa gare ga me le wena,+ e bile e kete Jehofa a ka mpusolosetsa mo go wena,+ mme nna ga nkitla ke go utlwisa botlhoko.+ 13 Fela jaaka seane sa bogologolo se re, ‘Bosula bo tswa mo go ba ba bosula,’ mme nna ga nkitla ke go utlwisa botlhoko. 14 Kgosi ya Iseraele e lateletse mang? O lelekisitse mang? Ntša e e suleng? Letsetse le le lengwe fela?+ 15 E kete Jehofa a ka nna moatlhodi, mme o tla atlhola fa gare ga me le wena, e bile o tla bona a bo a seka kgetsi ya me+ mme o tla nkatlhola a bo a nkgolola mo seatleng sa gago.”

16 Fa Dafide a sena go bolelela Saulo mafoko ano, Saulo o ne a re: “A ke wena o buang, Dafide morwaaka?”+ Mme Saulo o ne a lelela kwa godimo. 17 O ne a raya Dafide a re: “O siame go mpheta, ka gonne o ntshwere sentle mme nna ke go duetse ka go go direla bosula.+ 18 Gompieno o mpoleletse ka molemo o o neng wa o ntirela ka go se mpolaye fa Jehofa a ne a ntsentse mo seatleng sa gago.+ 19 Gonne ke monna ofe yo e reng a bona mmaba wa gagwe a bo a mo naya tsela a sa mo gobatsa? Jehofa o tla go duela ka molemo+ ka ntlha ya se o se ntiretseng gompieno. 20 Mme jaanong ke a itse gore ruri o tla busa o le kgosi+ le gore o tla busa Iseraele lobaka lo loleele. 21 Jaanong inkanele ka Jehofa+ gore ga o kitla o nyeletsa ditlogolwana* tsa me tse di tla tlang morago ga me le gore ga o kitla o phimola leina la me mo lelapeng la ga rre.”+ 22 Ka jalo, Dafide o ne a ikanela Saulo, mme morago ga moo Saulo o ne a ya kwa legaeng la gagwe.+ Le fa go ntse jalo, Dafide le banna ba gagwe, ba ne ba tlhatlogela kwa lefelong le go leng thata go tsena kwa go lone.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela