LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Samuele 26
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Samuele

      • Dafide o gana gape go bolaya Saulo (1-25)

        • Dafide o tlotla motlodiwa wa ga Jehofa (11)

1 Samuele 26:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa gongwe “sekaka; naga.”

Ditshupiso

  • +Jos 15:20, 55
  • +Baa 19:14; 1Sa 10:26
  • +1Sa 23:14, 19, 24; Pes. 54:Maf

1 Samuele 26:2

Ditshupiso

  • +1Sa 24:2

1 Samuele 26:5

Ditshupiso

  • +1Sa 14:50; 17:55; 2Sa 2:8; 3:27

1 Samuele 26:6

Ditshupiso

  • +2Sa 16:9; 18:5; 23:18
  • +2Sa 2:18; 1Dt 2:15, 16
  • +Ge 10:15

1 Samuele 26:8

Ditshupiso

  • +1Sa 24:4; 26:23

1 Samuele 26:9

Ditshupiso

  • +1Sa 10:1
  • +1Sa 24:6; 2Sa 1:14; 1Dt 16:22; Pes. 20:6

1 Samuele 26:10

Ditshupiso

  • +Dut 32:35; 1Sa 24:12; 25:38; Pes. 94:1, 23
  • +Pes. 37:12, 13
  • +1Sa 31:3, 6

1 Samuele 26:11

Ditshupiso

  • +Lef 19:18; 1Sa 24:6; 1Dt 16:22; Pes. 105:15

1 Samuele 26:12

Ditshupiso

  • +1Sa 24:4

1 Samuele 26:14

Ditshupiso

  • +1Sa 14:50; 17:55; 2Sa 2:8; 3:8

1 Samuele 26:15

Ditshupiso

  • +1Sa 26:8

1 Samuele 26:16

Ditshupiso

  • +1Sa 9:16, 17; 10:1
  • +1Sa 26:11

1 Samuele 26:17

Ditshupiso

  • +1Sa 24:8, 16

1 Samuele 26:18

Ditshupiso

  • +Pes. 35:7
  • +1Sa 24:9, 11

1 Samuele 26:19

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “dupe.”

Ditshupiso

  • +1Sa 24:9
  • +Ek 19:5; Dut 26:18

1 Samuele 26:20

Ditshupiso

  • +1Sa 24:14

1 Samuele 26:21

Ditshupiso

  • +1Sa 24:17
  • +1Sa 24:10; 26:11

1 Samuele 26:23

Ditshupiso

  • +Pes. 7:8; 18:20
  • +1Sa 24:6; 26:9

1 Samuele 26:24

Ditshupiso

  • +Pes. 34:19

1 Samuele 26:25

Ditshupiso

  • +1Sa 24:19
  • +1Sa 24:22; 27:4

Ditemana Tse dingwe

1 Sam. 26:1Jos 15:20, 55
1 Sam. 26:1Baa 19:14; 1Sa 10:26
1 Sam. 26:11Sa 23:14, 19, 24; Pes. 54:Maf
1 Sam. 26:21Sa 24:2
1 Sam. 26:51Sa 14:50; 17:55; 2Sa 2:8; 3:27
1 Sam. 26:62Sa 16:9; 18:5; 23:18
1 Sam. 26:62Sa 2:18; 1Dt 2:15, 16
1 Sam. 26:6Ge 10:15
1 Sam. 26:81Sa 24:4; 26:23
1 Sam. 26:91Sa 10:1
1 Sam. 26:91Sa 24:6; 2Sa 1:14; 1Dt 16:22; Pes. 20:6
1 Sam. 26:10Dut 32:35; 1Sa 24:12; 25:38; Pes. 94:1, 23
1 Sam. 26:10Pes. 37:12, 13
1 Sam. 26:101Sa 31:3, 6
1 Sam. 26:11Lef 19:18; 1Sa 24:6; 1Dt 16:22; Pes. 105:15
1 Sam. 26:121Sa 24:4
1 Sam. 26:141Sa 14:50; 17:55; 2Sa 2:8; 3:8
1 Sam. 26:151Sa 26:8
1 Sam. 26:161Sa 9:16, 17; 10:1
1 Sam. 26:161Sa 26:11
1 Sam. 26:171Sa 24:8, 16
1 Sam. 26:18Pes. 35:7
1 Sam. 26:181Sa 24:9, 11
1 Sam. 26:191Sa 24:9
1 Sam. 26:19Ek 19:5; Dut 26:18
1 Sam. 26:201Sa 24:14
1 Sam. 26:211Sa 24:17
1 Sam. 26:211Sa 24:10; 26:11
1 Sam. 26:23Pes. 7:8; 18:20
1 Sam. 26:231Sa 24:6; 26:9
1 Sam. 26:24Pes. 34:19
1 Sam. 26:251Sa 24:19
1 Sam. 26:251Sa 24:22; 27:4
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Samuele 26:1-25

Samuele wa Ntlha

26 Fa nako e ntse e tsamaya, banna ba Siife+ ba ne ba tla kwa go Saulo kwa Gibea+ ba re: “Dafide o iphitlhile mo thoteng ya Hakila, e e lebaganeng le Jeshimone.”*+ 2 Ka jalo, Saulo o ne a tsamaya a ya kwa nageng ya Siife a na le banna ba le 3 000 ba ba tlhophilweng ba Iseraele gore ba ye go batla Dafide kwa nageng ya Siife.+ 3 Saulo o ne a kampa mo thoteng ya Hakila, e e lebaganeng le Jeshimone, fa tseleng. Ka nako eo, Dafide o ne a nna mo nageng mme o ne a utlwela gore Saulo o ne a tlile mo nageng a mo lateletse. 4 Ka jalo, Dafide o ne a romela ditlhola go tlhomamisa gore a ruri Saulo o ne a tlile. 5 Moragonyana Dafide o ne a ya kwa lefelong le Saulo a neng a kampile mo go lone, mme Dafide o ne a bona lefelo le Saulo le Abenere+ morwa Nere, molaodi wa masole a gagwe, ba neng ba robetse mo go lone; Saulo o ne a robetse mo gare ga kampa mme masole a ne a kampile go mo dikologa. 6 Foo Dafide o ne a raya Abishai+ morwarraagwe Joabe (mmaabone e ne e le Seruia)+ le Ahimeleke wa Mohite+ a re: “Ke mang yo o tla yang le nna kwa kampeng kwa go Saulo?” Abishai o ne a araba a re: “Ke tla tsamaya le wena.” 7 Ka jalo, Dafide le Abishai ba ne ba ya kwa masoleng ao go le bosigo, mme ba ne ba fitlhela Saulo a robetse mo gare ga kampa, lerumo la gagwe le tlhometswe fa fatshe gaufi le tlhogo ya gagwe; Abenere le masole ba ne ba robetse go mo dikologa.

8 Jaanong Abishai o ne a raya Dafide a re: “Gompieno Modimo o tsentse mmaba wa gago mo seatleng sa gago.+ Tsweetswee, mma jaanong ke mo tlhabele fa fatshe ka lerumo gangwe fela, mme ga nkitla ke tlhoka go dira jalo gabedi.” 9 Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a raya Abishai a re: “O se ka wa mo gobatsa, gonne ke mang yo o ka tsholeletsang motlodiwa wa ga Jehofa seatla+ a bo a tswelela a se na molato?”+ 10 Dafide o ne a tswelela a re: “Ke ikana ka Jehofa Modimo yo o tshelang, Jehofa ka boene o tla mo otlhaya+ kgotsa letsatsi la gagwe le tla tla+ mme o tla swa, kgotsa o tla ya kwa tlhabanong a bo a swela teng.+ 11 Go ya kafa Jehofa a lebang dilo ka gone, go ka se direge ka nna gore ke tsholeletse motlodiwa wa ga Jehofa seatla!+ Tsweetswee, jaanong tsaya lerumo le le gaufi le tlhogo ya gagwe le nkgwana ya metsi, mme re tsene mo tseleng.” 12 Ka jalo, Dafide o ne a tsaya lerumo le nkgwana ya metsi tse di fa tlhogong ya ga Saulo mme ba tsamaya. Ga go na ope yo o neng a ba bona+ kgotsa yo o neng a ba lemoga kgotsa yo o neng a thanya, ka gonne botlhe ba ne ba thulametse, ka ntlha ya gore ba ne ba wetswe ke boroko jo bogolo jo bo tswang kwa go Jehofa. 13 Foo Dafide o ne a kgabaganyetsa ka kwa letlhakoreng le lengwe a bo a ema mo godimo ga thaba a le kgakala, go na le sekgala se segolo fa gare ga bone.

14 Dafide o ne a tlhaeletsa kwa masoleng le kwa go Abenere+ morwa Nere, a re: “Abenere, a ga o kitla o araba?” Abenere o ne a araba a re: “O mang wena yo o tlhaeletsang kwa kgosing?” 15 Dafide o ne a raya Abenere a re: “A ga o monna yo o pelokgale? Mme ke mang yo o tshwanang le wena mo Iseraele? Ka jalo, ke ka ntlha yang fa o ne o sa dise morena wa gago kgosi? Gonne mongwe wa masole o ne a tsena koo a re o bolaya morena wa gago kgosi.+ 16 Se lo se dirileng ga se a siama. Ke ikana ka Jehofa Modimo yo o tshelang, lo tshwanelwa ke go swa ka gonne ga lo a ka lwa disa morena wa lona, motlodiwa wa ga Jehofa.+ Jaanong lebang go lo dikologa! Lerumo la kgosi le nkgwana ya metsi+ tse di neng di le gaufi le tlhogo ya gagwe di kae?”

17 Foo Saulo o ne a lemoga lentswe la ga Dafide mme a re: “A ke wena o buang, Dafide morwaaka?”+ Dafide o ne a araba a re: “Ke nna ke buang, morena wa me kgosi.” 18 O ne a oketsa ka go re: “Morena wa me, ke ka ntlha yang fa o ntelekisa, nna motlhanka wa gago,+ ke dirile eng, mme molato wa me ke ofe?+ 19 Tsweetswee, morena wa me kgosi, reetsa mafoko a me: Fa e le gore Jehofa ke ene a go tlhotlheleditseng gore o ntlhasele, a a amogele* setlhabelo sa me sa dijo tsa ditlhaka. Mme fa e le gore batho ke bone ba go tlhotlheleditseng,+ ba hutsegile fa pele ga ga Jehofa, ka gonne ba ntelekile gompieno gore ke se ka ka golagana le boswa jwa ga Jehofa,+ ba re, ‘Tsamaya o ye go direla medimo e mengwe!’ 20 Mme jaanong o se ka wa letla gore madi a me a tshologele fa fatshe kgakala le sefatlhego sa ga Jehofa ka gonne kgosi ya Iseraele e dule gore e ye go batla letsetse le le lengwe fela,+ jaaka e kete o ne a lelekisa nonyane ya lesogo mo dithabeng.”

21 Saulo o ne a mo raya a re: “Ke leofile.+ Boa, Dafide morwaaka, ka gonne ga nkitla ke go gobatsa, ka ntlha ya gore o ne wa tsaya botshelo jwa me bo le tlhwatlhwakgolo+ mo letsatsing leno. Ruri ke dirile bomatla e bile ke dirile phoso e kgolo.” 22 Dafide o ne a araba a re: “Lerumo la kgosi ke leno. A mongwe wa makawana a tle go le tsaya. 23 Jehofa ke ene a tla duelelang mongwe le mongwe tshiamo ya gagwe+ le boikanyegi jwa gagwe, ka gonne gompieno Jehofa o go tsentse mo seatleng sa me, le fa go ntse jalo, ke ne ke sa batle go tsholeletsa motlodiwa wa ga Jehofa seatla.+ 24 Fela jaaka botshelo jwa gago bo ne bo le tlhwatlhwakgolo mo go nna mo letsatsing leno, e kete botshelo jwa me bo ka nna tlhwatlhwakgolo jalo mo matlhong a ga Jehofa mme e kete a ka nkgolola mo matshwenyegong otlhe.”+ 25 Saulo o ne a araba Dafide a re: “E kete o ka segofala, Dafide morwaaka. Ruri o tla dira dilo tse dikgolo, mme ruri o tla fenya.”+ Go tswa foo, Dafide o ne a tsamaya, mme Saulo o ne a boela gae.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela