Dipesalema
Pina ya ga Dafide.
29 Nayang Jehofa se se mo tshwanetseng, lona bomorwa batho ba ba maatla,
Nayang Jehofa se se mo tshwanetseng ka ntlha ya kgalalelo le nonofo ya gagwe.+
2 Nayang Jehofa kgalalelo e e tshwanelang leina la gagwe.
Ikobeng fa pele ga ga* Jehofa lo apere diaparo tse di boitshepo.*
3 Lentswe la ga Jehofa le utlwala mo godimo ga metsi;
Modimo yo o galalelang o a duma.+
Jehofa o mo godimo ga metsi a mantsi.+
4 Lentswe la ga Jehofa le maatla;+
Lentswe la ga Jehofa le tlotlometse.
5 Lentswe la ga Jehofa le robaganya ditlhare tsa masedara;
Eleruri Jehofa o phatlola masedara a Lebanona.+
7 Lentswe la ga Jehofa le itaya ka dikgabo tsa molelo;+
8 Lentswe la ga Jehofa le roromisa naga;+
Jehofa o roromisa naga ya Kadeshe.+
9 Lentswe la ga Jehofa le dira gore kgama e rorome e bo e tsale
Gape le tlhotlhora dikgwa.+
Mme botlhe ba ba mo tempeleng ya gagwe ba re: “Kgalalelo!”
10 Jehofa o ntse mo setulong sa bogosi mo godimo ga metsi a mantsintsi;*+
Jehofa o ntse mo setulong sa bogosi e le Kgosi ka bosakhutleng.+
11 Jehofa o tla naya batho ba gagwe maatla.+
Jehofa o tla segofatsa batho ba gagwe ka kagiso.+