LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Duteronome 3
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Duteronome

      • Ba fenya Kgosi Oge wa kwa Bashana (1-7)

      • Go kgaoganngwa lefatshe le le kwa botlhaba jwa Joredane (8-20)

      • Joshua o bolelelwa gore a se ka a boifa (21, 22)

      • Moshe ga a letlelelwe go tsena mo lefatsheng (23-29)

Duteronome 3:1

Ditshupiso

  • +Dip 21:33-35

Duteronome 3:4

Ditshupiso

  • +Dip 32:33; Dut 29:7, 8; Jos 13:29, 30

Duteronome 3:6

Ditshupiso

  • +Lef 27:29
  • +Lef 18:25

Duteronome 3:8

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “Molapong.”

Ditshupiso

  • +Dip 32:33
  • +Jos 12:1, 2

Duteronome 3:10

Ditshupiso

  • +Dip 21:33

Duteronome 3:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “Bolawana.”

  • *

    Kgotsa gongwe “letlapa lengwe le lentsho.”

  • *

    Seheb., “dikubita di le di le robongwe.” Kubita e lekana le 44,5 cm. Bona Dintlha B14.

Duteronome 3:12

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “Molapong.”

Ditshupiso

  • +Dip 32:34
  • +Dip 32:33

Duteronome 3:13

Ditshupiso

  • +Dip 32:39; Jos 13:29-31; 1Dt 5:23

Duteronome 3:14

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Mo go kayang “Metsana ya Ditente ya ga Jaire.”

Ditshupiso

  • +1Dt 2:22
  • +Dut 3:4
  • +Jos 13:13
  • +Dip 32:40, 41

Duteronome 3:15

Ditshupiso

  • +Dip 32:39; Jos 17:1

Duteronome 3:16

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “Molapong.”

Ditshupiso

  • +Dip 32:33; Jos 22:9

Duteronome 3:17

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa Lewatle le le Suleng.

Ditshupiso

  • +Dip 34:11, 12

Duteronome 3:18

Ditshupiso

  • +Dip 32:20-22

Duteronome 3:20

Ditshupiso

  • +Jos 1:14, 15; 22:4, 8

Duteronome 3:21

Ditshupiso

  • +Dip 11:28; 14:30; 27:18
  • +Jos 10:25

Duteronome 3:22

Ditshupiso

  • +Ek 14:14; 15:3; Dut 1:30; 20:4; Jos 10:42

Duteronome 3:24

Ditshupiso

  • +Ek 15:16; Dut 11:2
  • +Ek 15:11; 2Sa 7:22; 1Dk 8:23; Pes. 86:8; Jer 10:6, 7

Duteronome 3:25

Ditshupiso

  • +Ek 3:8; Dut 1:7; 11:11, 12

Duteronome 3:26

Ditshupiso

  • +Dip 20:12; 27:13, 14; Dut 4:21; Pes. 106:32

Duteronome 3:27

Ditshupiso

  • +Dip 27:12
  • +Dut 34:1, 4

Duteronome 3:28

Ditshupiso

  • +Dip 27:18-20; Dut 1:38; 31:7
  • +Jos 1:1, 2

Duteronome 3:29

Ditshupiso

  • +Dut 4:45, 46; 34:5, 6

Ditemana Tse dingwe

Dute. 3:1Dip 21:33-35
Dute. 3:4Dip 32:33; Dut 29:7, 8; Jos 13:29, 30
Dute. 3:6Lef 27:29
Dute. 3:6Lef 18:25
Dute. 3:8Dip 32:33
Dute. 3:8Jos 12:1, 2
Dute. 3:10Dip 21:33
Dute. 3:12Dip 32:34
Dute. 3:12Dip 32:33
Dute. 3:13Dip 32:39; Jos 13:29-31; 1Dt 5:23
Dute. 3:141Dt 2:22
Dute. 3:14Dut 3:4
Dute. 3:14Jos 13:13
Dute. 3:14Dip 32:40, 41
Dute. 3:15Dip 32:39; Jos 17:1
Dute. 3:16Dip 32:33; Jos 22:9
Dute. 3:17Dip 34:11, 12
Dute. 3:18Dip 32:20-22
Dute. 3:20Jos 1:14, 15; 22:4, 8
Dute. 3:21Dip 11:28; 14:30; 27:18
Dute. 3:21Jos 10:25
Dute. 3:22Ek 14:14; 15:3; Dut 1:30; 20:4; Jos 10:42
Dute. 3:24Ek 15:16; Dut 11:2
Dute. 3:24Ek 15:11; 2Sa 7:22; 1Dk 8:23; Pes. 86:8; Jer 10:6, 7
Dute. 3:25Ek 3:8; Dut 1:7; 11:11, 12
Dute. 3:26Dip 20:12; 27:13, 14; Dut 4:21; Pes. 106:32
Dute. 3:27Dip 27:12
Dute. 3:27Dut 34:1, 4
Dute. 3:28Dip 27:18-20; Dut 1:38; 31:7
Dute. 3:28Jos 1:1, 2
Dute. 3:29Dut 4:45, 46; 34:5, 6
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Duteronome 3:1-29

Duteronome

3 “Go tswa foo, re ne ra tsamaya ka Tsela ya Bashana. Mme Oge, kgosi ya kwa Bashana, o ne a tswa le batho botlhe ba gagwe go tla go re kgatlhantsha gore a tlhabane le rona kwa Ederei.+ 2 Ka jalo, Jehofa o ne a nthaya a re, ‘O se ka wa mmoifa ka gonne ke tla mo tsenya mo seatleng sa gago, ene le batho botlhe ba gagwe le lefatshe la gagwe, mme o tla mo dira fela jaaka o dirile Sihone kgosi ya Baamore, yo o neng a nna kwa Heshebone.’ 3 Ka jalo, gape Jehofa, Modimo wa rona o ne a tsenya Kgosi Oge wa kwa Bashana le batho botlhe ba gagwe mo seatleng sa rona, mme re ne ra nna ra mo kgemetha go fitlha go se na ope wa batho ba gagwe yo o falotseng. 4 Go tswa foo, re ne ra gapa metse yotlhe ya gagwe. Go ne go se na motse ope o re neng ra se ka ra o tsaya mo go bone. Re ne ra gapa metse e le 60, kgaolo yotlhe ya Aregobe, bogosi jwa ga Oge kwa Bashana.+ 5 Metse eno yotlhe e ne e sireleditswe ka dipota tse di kwa godimo, ditswalo le mephakalego. Gape re ne ra gapa metse ya selegae e le mentsi. 6 Le fa go ntse jalo, re ne ra e senya,+ fela jaaka re ne re dirile ka Kgosi Sihone wa Heshebone, fa re ne re senya motse mongwe le mongwe, go akaretsa banna, basadi le bana.+ 7 Mme re ne ra itseela leruo lotlhe le dilo tsotlhe tse re neng re di gapile mo metseng eo.

8 “Ka nako eo, re ne ra gapa lefatshe la dikgosi tse pedi tsa Baamore+ tse di neng di le mo kgaolong ya Joredane, go simologa kwa Mokgatšheng* wa Arenone go ya go fitlha kwa Thabeng ya Heremone+ 9 (thaba e Basidona ba neng ba tle ba e bitse Sirione, mme Baamore bone ba ne ba tle ba e bitse Senire), 10 metse yotlhe ya naga e e kwa godimo e e sephaphathi, Gileade yotlhe le Bashana yotlhe go ya go fitlha kwa Saleka le Ederei,+ metse e e neng e le ya bogosi jwa ga Oge kwa Bashana. 11 Gonne Kgosi Oge wa kwa Bashana e ne e le ene wa bofelo yo o neng a setse wa Barefaime. Lekese* la gagwe le ne le dirilwe ka tshipi* mme le sa ntse le le kwa Raba wa Baamone. Boleele jwa lone ke dimetara di le nnê* mme bophara jwa lone ke disentimetara di le 89, go ya ka selekanyo se se tlhomameng. 12 Ka nako eo, re ne ra gapa lefatshe leno. Le simologa kwa Aroere,+ e e fa Mokgatšheng* wa Arenone, mme le akaretsa halofo ya kgaolo e e dithaba ya Gileade. Metse e e koo, ke ne ka e naya Barubene le Bagada.+ 13 Mme kgaolo e e setseng ya Gileade le Bashana yotlhe ya bogosi jwa ga Oge, ke di abetse halofo ya lotso lwa ga Manase.+ Kgaolo yotlhe ya Aregobe, ya Bashana, e ne e itsege e le lefatshe la Barefaime.

14 “Jaire+ morwa Manase o ne a tsaya kgaolo yotlhe ya Aregobe+ go ya go fitlha kwa molelwaneng wa Bageshure le Bamaakathe,+ mme o ne a bitsa metsana eo ya kwa Bashana ka leina la gagwe e leng Hafotha-jaire,*+ go tla go fitlha mo letsatsing leno. 15 Mme Makire ke mo neile Gileade.+ 16 Mme Barubene le Bagada+ bone ke ba abetse go tswa kwa Gileade go ya kwa Mokgatšheng* wa Arenone, karolo e e fa gare ya mokgatšha e le molelwane wa bone, go ya go fitlha kwa Jaboke, mokgatšha o e leng molelwane wa Baamone, 17 le Araba le Joredane le lotshitshi lwa yone, go simologa kwa Kinerethe go ya kwa Lewatleng la Araba, e leng Lewatle la Letswai,* kwa tlase ga mekgokolosa ya Pisega go ela kwa ntlheng ya botlhaba.+

18 “Morago ga moo, ke ne ka lo naya taelo eno: ‘Jehofa, Modimo wa lona o lo neile lefatshe leno gore lo nne mo go lone. Banna botlhe ba lona ba ba pelokgale ba tla tsaya dibetsa ba bo ba kgabaganya fa pele ga bomorwarraalona, e bong Baiseraele.+ 19 Basadi ba lona le bana ba lona ke bone fela ba ba tla tswelelang ba nna mo metseng e ke lo e neileng, mmogo le leruo la lona (ke itse sentle gore lo na le leruo le lentsi thata), 20 go fitlha Jehofa a naya bomorwarraalona boikhutso, fela jaaka a dira ka lona, mme le bone ba setse ba gapile lefatshe le Jehofa, Modimo wa lona a tla le ba nayang ka kwa ga Joredane. Morago ga moo, lo tla boela morago, mongwe le mongwe kwa bosweng jwa gagwe jo ke lo bo neileng.’+

21 “Ka nako eo, ke ne ka laela Joshua+ jaana: ‘O iponetse ka matlho a gago se Jehofa, Modimo wa lona a se dirileng dikgosi tse pedi tseno. Jehofa o tla dira se se tshwanang ka magosi otlhe a o tla kgabaganyetsang kwa go one.+ 22 Ga lo a tshwanela go ba boifa ka gonne Jehofa, Modimo wa lona ke ene yo o lo tlhabanelang.’+

23 “Ka nako eo, ke ne ka rapela Jehofa ka re, 24 ‘Ao tlhe Morena Molaodimogolo Jehofa, o setse o simolotse go bontsha motlhanka wa gago bogolo jwa gago le lebogo la gago le le nonofileng,+ gonne ke modimo ofe kwa magodimong kgotsa mo lefatsheng yo o dirang ditiro tse dikgolo jaaka wena?+ 25 Tsweetswee, mma ke kgabaganye mme ke bone lefatshe le le molemo le le ka kwa ga Joredane, kgaolo eno e ntle e e dithaba le Lebanona.’+ 26 Mme gone, Jehofa o ne a sa ntse a nkgalefetse ka ntlha ya lona,+ mme ga a ka a ntheetsa. Go na le moo, Jehofa o ne a nthaya a re, ‘Go lekane! O se ka wa tlhola o bua le nna gape ka kgang eno. 27 Tlhatlogela kwa godimo ga Pisega+ mme o lebe kwa bophirima le kwa bokone le kwa borwa le kwa botlhaba, mme o lebe lefatshe leno ka gonne ga o kitla o kgabaganya Joredane eno.+ 28 Tlhoma Joshua,+ o mo kgothatse o bo o mo nonotshe ka gonne ke ene yo o tla kgabaganyang+ kwa pele ga setšhaba seno e bile ke ene yo o tla dirang gore se nne mo lefatsheng le o tla le bonang.’ 29 Seno sotlhe se ne sa direga fa re ne re nna mo mokgatšheng o o fa pele ga Bethe-peore.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela