LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Duteronome 17
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Duteronome

      • Diphologolo tse di ntshiwang ditlhabelo di se ka tsa nna le bogole bope (1)

      • Go rarabolola dikgang tsa botlhanogi (2-7)

      • Dikgang tse go leng thata go di atlhola (8-13)

      • Ditaelo tsa fa go tlhomiwa kgosi (14-20)

        • Kgosi e kwalolole Molao (18)

Duteronome 17:1

Ditshupiso

  • +Lef 22:20; Dut 15:21; Mal 1:8

Duteronome 17:2

Ditshupiso

  • +Dut 4:23; 13:6-9

Duteronome 17:3

Ditshupiso

  • +Dut 4:19
  • +Dut 13:12-15

Duteronome 17:4

Ditshupiso

  • +Joh 7:51

Duteronome 17:5

Ditshupiso

  • +Dut 13:6, 10

Duteronome 17:6

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “molomo.”

Ditshupiso

  • +Mat 18:16; Joh 8:17; 1Ti 5:19; Bah 10:28
  • +Dip 35:30; Dut 19:15

Duteronome 17:7

Ditshupiso

  • +Dut 13:5; 1Bk 5:13

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 213

Duteronome 17:8

Ditshupiso

  • +Dip 35:11
  • +Dut 12:5; 1Dk 3:16, 28; Pes. 122:2, 5

Duteronome 17:9

Ditshupiso

  • +1Sa 7:15, 16
  • +Dut 19:17; 21:5

Duteronome 17:11

Ditshupiso

  • +Mal 2:7
  • +Dut 5:32; 12:32

Duteronome 17:12

Ditshupiso

  • +Dia 11:2; Bah 10:28
  • +Dut 13:5; 1Bk 5:13

Duteronome 17:13

Ditshupiso

  • +Dut 13:11; 19:20

Duteronome 17:14

Ditshupiso

  • +1Sa 8:5, 20; 10:19

Duteronome 17:15

Ditshupiso

  • +1Sa 9:17; 10:24; 16:12, 13

Duteronome 17:16

Ditshupiso

  • +Dut 20:1; 2Sa 8:4; Pes. 20:7; Dia 21:31
  • +Isa 31:1

Duteronome 17:17

Ditshupiso

  • +1Dk 11:1-3; Neh 13:26
  • +Job 31:24, 28; 1Ti 6:9

Duteronome 17:18

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “mo momenong.”

Ditshupiso

  • +Dut 31:9, 26; 2Dk 22:8

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    3/15/2007, ts. 20

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 36

Duteronome 17:19

Ditshupiso

  • +2Dt 34:18
  • +Pes. 1:2; 119:97

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    6/15/2002, ts. 12-17

    10/1/2000, ts. 8-⁠9

Ditemana Tse dingwe

Dute. 17:1Lef 22:20; Dut 15:21; Mal 1:8
Dute. 17:2Dut 4:23; 13:6-9
Dute. 17:3Dut 4:19
Dute. 17:3Dut 13:12-15
Dute. 17:4Joh 7:51
Dute. 17:5Dut 13:6, 10
Dute. 17:6Mat 18:16; Joh 8:17; 1Ti 5:19; Bah 10:28
Dute. 17:6Dip 35:30; Dut 19:15
Dute. 17:7Dut 13:5; 1Bk 5:13
Dute. 17:8Dip 35:11
Dute. 17:8Dut 12:5; 1Dk 3:16, 28; Pes. 122:2, 5
Dute. 17:91Sa 7:15, 16
Dute. 17:9Dut 19:17; 21:5
Dute. 17:11Mal 2:7
Dute. 17:11Dut 5:32; 12:32
Dute. 17:12Dia 11:2; Bah 10:28
Dute. 17:12Dut 13:5; 1Bk 5:13
Dute. 17:13Dut 13:11; 19:20
Dute. 17:141Sa 8:5, 20; 10:19
Dute. 17:151Sa 9:17; 10:24; 16:12, 13
Dute. 17:16Dut 20:1; 2Sa 8:4; Pes. 20:7; Dia 21:31
Dute. 17:16Isa 31:1
Dute. 17:171Dk 11:1-3; Neh 13:26
Dute. 17:17Job 31:24, 28; 1Ti 6:9
Dute. 17:18Dut 31:9, 26; 2Dk 22:8
Dute. 17:192Dt 34:18
Dute. 17:19Pes. 1:2; 119:97
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Duteronome 17:1-20

Duteronome

17 “Ga o a tshwanela go ntshetsa Jehofa, Modimo wa gago setlhabelo ka poo kgotsa nku e e nang le bogole kgotsa e e nang le sepe fela se se sa siamang, ka gonne e tla nna selo se se makgapha mo go Jehofa, Modimo wa gago.+

2 “A re re go fitlhelwa monna kgotsa mosadi, mo metseng mengwe e Jehofa, Modimo wa gago a e go nayang, yo o dirang se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, Modimo wa gago e bile a tlola kgolagano ya gagwe,+ 3 mme a fapoga a bo a obamela medimo e mengwe e bile a e ikobela kgotsa a ikobela letsatsi kgotsa ngwedi kgotsa lesomo lotlhe la magodimo,+ e leng selo se ke sa se go laelang.+ 4 Fa o begelwa kgotsa o utlwela ka gone, foo o batlisise kgang eo ka kelotlhoko. Fa go tlhomamisitswe+ gore ruri selo seno se se makgapha se dirilwe mo Iseraele, 5 o tshwanetse go ntshetsa monna yoo kgotsa mosadi yoo yo o dirileng selo seo se se bosula kwa ntle ga dikgoro tsa motse, mme monna yoo kgotsa mosadi yoo, o tshwanetse go kgobotlediwa ka maje gore a bo a swe.+ 6 Motho yo o tshwanetseng go bolawa, a bolawe ka bosupi* jwa basupi ba le babedi kgotsa ba le bararo.+ Ga a tshwanela go bolawa ka bosupi jwa mosupi a le mongwe fela.+ 7 Basupi bao e nne bone ba ntlha go mo kgobotletsa ka maje gore a swe, mme morago ga moo o tla kgobotlediwa ke batho botlhe. O tshwanetse go tlosa se se bosula mo go wena.+

8 “Fa go nna le kgang e go leng thata go e atlhola mo motseng mongwe wa gago, e ka tswa e le kgang e e akaretsang go bolaya motho+ kgotsa go dirilwe kopo e e ka fa molaong kgotsa go dirilwe tiro nngwe ya thubakanyo kgotsa dikgang tse dingwe tsa dikganetsano, o eme mme o ye kwa lefelong le Jehofa, Modimo wa gago a le tlhophang.+ 9 O ye kwa baperesiting ba Balefi le kwa moatlhoding+ yo o direlang mo malatsing ao, mme o ba botse, mme ba tla go itsise tshwetso e e dirilweng.+ 10 Go tswa foo, o dire go dumalana le tshwetso e ba e go boleletseng go tswa mo lefelong le Jehofa a le tlhophang. O tlhomamise gore o dira go ya ka fa go sotlhe se ba se go laelang. 11 O dire go dumalana le molao o ba go o bontshang le go dumalana le tshwetso e ba go e bolelelang.+ O se ka wa fapoga mo tshwetsong e ba tla go e bolelelang, wa tsaya tsela e e phoso.+ 12 Motho yo ka boikgogomoso a sa reetseng moperesiti yo o direlang Jehofa, Modimo wa gago kgotsa moatlhodi o tshwanetse go swa.+ O tshwanetse go tlosa se se bosula mo Iseraele.+ 13 Foo batho botlhe ba tla utlwa ba bo ba boifa, mme ba ka se tlhole ba nna boikgogomoso.+

14 “Fa o tsena mo lefatsheng le Jehofa, Modimo wa gago a le go nayang, mme o le gapile e bile o nna mo go lone, o bo o re, ‘Mma ke tlhome kgosi gore e mpuse jaaka ditšhaba tsotlhe tse di ntikologileng,’+ 15 mo maemong ao, o tshwanetse go tlhoma kgosi e Jehofa, Modimo wa gago a e tlhophang.+ O tlhome kgosi go tswa mo go bomorwarrago. Ga o a letlelelwa go tlhoma motswakwa yo e seng morwarrago gore a go okamele. 16 Le fa go ntse jalo, kgosi eo e se ka ya ikokoanyetsa dipitse di le dintsi+ kgotsa ya dira gore batho ba boele kwa Egepeto gore ba ye go tsaya dipitse tse di oketsegileng,+ ka gonne Jehofa o lo reile a re, ‘Le ka motlha ga lo a tshwanela go boela morago gape ka tsela eno.’ 17 Le gone e se ka ya nyala basadi ba bantsi, gore pelo ya gagwe e se ka ya fapoga;+ e bile e se ka ya ikokoanyetsa selefera le gauta e ntsi thata.+ 18 Fa e simolola go busa, e tshwanetse go ikwalela Molao ono mo bukeng,* e o kwalolole go tswa mo molaong o o bolokilweng ke baperesiti ba Balefi.+

19 “E nne mo go ene, mme o tshwanetse go e bala malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe,+ gore a ithute go boifa Jehofa, Modimo wa gagwe le go ikobela mafoko otlhe a Molao ono le melawana eno ka go e diragatsa.+ 20 Ka jalo, pelo ya gagwe ga e kitla e ikgodisetsa bomorwarraagwe e bile ga a kitla a fapoga taelo eo, a tsaya tsela e e phoso, gore a nne lobaka lo loleele mo bogosing jwa gagwe, ene le bomorwawe mo Iseraele.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela