LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Ditiragalo 33
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Ditiragalo

      • Manase, kgosi ya Juda (1-9)

      • Manase o ikwatlhaela dilo tse di bosula tse a di dirileng (10-17)

      • Loso lwa ga Manase (18-20)

      • Amone, kgosi ya Juda (21-25)

2 Ditiragalo 33:1

Ditshupiso

  • +Mat 1:10
  • +2Dk 21:1

2 Ditiragalo 33:2

Ditshupiso

  • +2Dk 21:2-6

2 Ditiragalo 33:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +2Dk 18:1, 4
  • +Dut 4:19; 2Dk 23:5

2 Ditiragalo 33:4

Ditshupiso

  • +2Dk 16:10, 11
  • +Dut 12:11; 2Dt 6:6

2 Ditiragalo 33:5

Ditshupiso

  • +1Dk 6:36; 7:12

2 Ditiragalo 33:6

Ditshupiso

  • +2Dk 16:1, 3
  • +Jos 15:8, 12; 2Dk 23:10
  • +Lef 19:26
  • +Lef 20:6; Dut 18:10, 11

2 Ditiragalo 33:7

Ditshupiso

  • +2Dk 23:6
  • +2Dk 21:7-9; 23:27; 2Dt 7:16

2 Ditiragalo 33:9

Ditshupiso

  • +Lef 18:24; Jos 24:8; 2Dk 21:11, 16

2 Ditiragalo 33:10

Ditshupiso

  • +2Dt 36:15, 16

2 Ditiragalo 33:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa gongwe “mo dikhuting.”

2 Ditiragalo 33:12

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “o ne a nolofatsa sefatlhego sa ga Jehofa, Modimo wa gagwe.”

2 Ditiragalo 33:13

Ditshupiso

  • +Isa 1:18
  • +Dan 4:25

2 Ditiragalo 33:14

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “mo molapong.”

Ditshupiso

  • +2Sa 5:9; 2Dt 32:2, 5
  • +2Dt 32:30
  • +Neh 3:3
  • +2Dt 27:1, 3

2 Ditiragalo 33:15

Ditshupiso

  • +2Dk 21:1, 7
  • +2Dk 21:1, 4, 5

2 Ditiragalo 33:16

Ditshupiso

  • +2Dt 29:18
  • +Lef 3:1
  • +Lef 7:12

2 Ditiragalo 33:19

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona polelwana “Kota e e boitshepo” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +2Dt 33:12, 13
  • +2Dk 21:2, 9
  • +2Dk 21:3, 7

2 Ditiragalo 33:20

Ditshupiso

  • +2Dk 21:18, 19

2 Ditiragalo 33:21

Ditshupiso

  • +Mat 1:10
  • +2Dk 21:19-24

2 Ditiragalo 33:22

Ditshupiso

  • +2Dt 33:1, 2
  • +2Dk 21:1, 7

2 Ditiragalo 33:23

Ditshupiso

  • +Jer 8:12
  • +2Dt 33:12, 13

2 Ditiragalo 33:24

Ditshupiso

  • +2Dk 12:20; 2Dt 25:27

2 Ditiragalo 33:25

Ditshupiso

  • +2Dt 25:1, 3
  • +2Dk 21:25, 26

Ditemana Tse dingwe

2 Ditir. 33:1Mat 1:10
2 Ditir. 33:12Dk 21:1
2 Ditir. 33:22Dk 21:2-6
2 Ditir. 33:32Dk 18:1, 4
2 Ditir. 33:3Dut 4:19; 2Dk 23:5
2 Ditir. 33:42Dk 16:10, 11
2 Ditir. 33:4Dut 12:11; 2Dt 6:6
2 Ditir. 33:51Dk 6:36; 7:12
2 Ditir. 33:62Dk 16:1, 3
2 Ditir. 33:6Jos 15:8, 12; 2Dk 23:10
2 Ditir. 33:6Lef 19:26
2 Ditir. 33:6Lef 20:6; Dut 18:10, 11
2 Ditir. 33:72Dk 23:6
2 Ditir. 33:72Dk 21:7-9; 23:27; 2Dt 7:16
2 Ditir. 33:9Lef 18:24; Jos 24:8; 2Dk 21:11, 16
2 Ditir. 33:102Dt 36:15, 16
2 Ditir. 33:13Isa 1:18
2 Ditir. 33:13Dan 4:25
2 Ditir. 33:142Sa 5:9; 2Dt 32:2, 5
2 Ditir. 33:142Dt 32:30
2 Ditir. 33:14Neh 3:3
2 Ditir. 33:142Dt 27:1, 3
2 Ditir. 33:152Dk 21:1, 7
2 Ditir. 33:152Dk 21:1, 4, 5
2 Ditir. 33:162Dt 29:18
2 Ditir. 33:16Lef 3:1
2 Ditir. 33:16Lef 7:12
2 Ditir. 33:192Dt 33:12, 13
2 Ditir. 33:192Dk 21:2, 9
2 Ditir. 33:192Dk 21:3, 7
2 Ditir. 33:202Dk 21:18, 19
2 Ditir. 33:21Mat 1:10
2 Ditir. 33:212Dk 21:19-24
2 Ditir. 33:222Dt 33:1, 2
2 Ditir. 33:222Dk 21:1, 7
2 Ditir. 33:23Jer 8:12
2 Ditir. 33:232Dt 33:12, 13
2 Ditir. 33:242Dk 12:20; 2Dt 25:27
2 Ditir. 33:252Dt 25:1, 3
2 Ditir. 33:252Dk 21:25, 26
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Ditiragalo 33:1-25

Ditiragalo wa Bobedi

33 Manase+ o ne a na le dingwaga di le 12 fa a nna kgosi, mme o ne a busa dingwaga di le 55 mo Jerusalema.+

2 O ne a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, a dira ditiro tse di makgapha tsa ditšhaba tse Jehofa a neng a di lelekile fa pele ga batho ba Iseraele.+ 3 O ne a aga sesha mafelo a a kwa godimo a a boitshepo a rraagwe e bong Hesekia a neng a a sentse,+ a tlhomela Baale dibeso a bo a dira kota e e boitshepo,* e bile o ne a ikobela lesomo lotlhe la magodimo le go le direla.+ 4 Gape o ne a aga dibeso mo ntlong ya ga Jehofa,+ e Jehofa a neng a buile jaana ka yone: “Leina la me le tla nna mo Jerusalema ka bosakhutleng.”+ 5 Mme o ne a agela lesomo lotlhe la magodimo dibeso mo malwapeng a mabedi a ntlo ya ga Jehofa.+ 6 Gape o ne a fisa bomorwawe mo molelong+ mo Mokgatšheng wa ga Morwa Hinoma;+ o ne a dira maselamose,+ a dirisa boitseanape, a dira ditiro tsa boloi a bo a tlhoma batho ba ba dirisanang le badimo le ba ba bolelelang ditiragalo pele.+ O ne a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa ka selekanyo se segolo, gore a mo kgopise.

7 O ne a tsaya setshwantsho se se betlilweng se a neng a se dirile a bo a se baya mo ntlong ya Modimo wa boammaaruri,+ e Modimo a neng a reile Dafide le morwawe e bong Solomone ka yone a re: “Ke tla baya leina la me ka bosakhutleng mo ntlong eno le mo Jerusalema, e leng motse o ke o tlhophileng mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele.+ 8 Mme ga nkitla ke tlhola ke tlosa dinao tsa Baiseraele mo lefatsheng le ke neng ka le naya borraabonemogolo fa fela ba ka ikobela sotlhe se ke se ba laetseng, e leng Molao otlhe, ditaelo le ditshwetso tsa boatlhodi tse ke neng ka di ba naya ke dirisa Moshe.” 9 Manase o ne a nna a faposa batho ba Juda le banni ba Jerusalema, a dira gore ba dire dilo tse di maswe thata go feta ditšhaba tse Jehofa a neng a di nyeleditse fa pele ga Baiseraele.+

10 Jehofa o ne a nna a bua le Manase le batho ba gagwe, mme ga ba a ka ba reetsa.+ 11 Ka jalo, Jehofa o ne a letla balaodi ba masole a kgosi ya Asiria gore ba ba tlhasele, mme ba ne ba tshwara Manase ka dihuku,* ba mmofa ka dikeetane tse pedi tsa kopore ba bo ba mo isa kwa Babelona. 12 E rile a le mo matshwenyegong, o ne a kopa Jehofa, Modimo wa gagwe gore a mo utlwele botlhoko* mme o ne a nna a ikokobetsa thata fa pele ga Modimo wa borraagwemogolo. 13 O ne a nna a mo rapela, mme Modimo o ne a amiwa ke thapelo e a neng a e dira ka tlhoafalo le kopo ya gagwe ya gore a mo utlwele botlhoko, mme o ne a mmusetsa kwa Jerusalema kwa bogosing jwa gagwe.+ Foo Manase o ne a itse gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri.+

14 Morago ga seno, o ne a agela Motse wa ga Dafide+ lobota lo lo ka fa ntle kwa bophirima jwa Gihone+ mo mokgatšheng* go ya go fitlha kwa Kgorong ya Ditlhapi,+ mme lo ne lo tswelela go ya go fitlha kwa Ofele,+ mme o ne a lo aga gore lo ye kwa godimo thata. Mo godimo ga moo, o ne a tlhoma balaodi ba masole mo metseng yotlhe e e sireletsegileng mo Juda. 15 Go tswa foo, o ne a tlosa medimo e sele le setshwantsho sa modingwana mo ntlong ya ga Jehofa+ le dibeso tsotlhe tse a neng a di agile mo thabeng ya ntlo ya ga Jehofa+ le mo Jerusalema, mme o ne a laela gore di latlhelwe kwa ntle ga motse. 16 Gape o ne a baakanya sebeso sa ga Jehofa+ mme a simolola go ntsha ditlhabelo tsa go abelana+ le ditlhabelo tsa go leboga+ mo go sone, mme o ne a laela batho ba Juda gore ba direle Jehofa, Modimo wa Iseraele. 17 Le fa go ntse jalo, batho ba ne ba sa ntse ba ntsha ditlhabelo mo mafelong a a kwa godimo a a boitshepo, mme gone ba ne ba di ntshetsa Jehofa, Modimo wa bone.

18 Mme pego yotlhe ya botshelo jwa ga Manase, thapelo e a neng a e rapela Modimo le mafoko a baboni ba diponatshegelo ba ba buileng le ene mo leineng la ga Jehofa, Modimo wa Iseraele, di kwadilwe mo pegong ya dikgosi tsa Iseraele. 19 Gape thapelo ya gagwe+ le kafa kopo ya gagwe e a neng a e dira ka tlhoafalo e neng ya arabiwa ka gone, maleo a gagwe otlhe le ditiro tsa gagwe tsa go sa ikanyege,+ mafelo a kwa go one a neng a aga mafelo a a kwa godimo a a boitshepo a bo a tlhoma dikota tse di boitshepo*+ le ditshwantsho tse di betlilweng pele ga a ikokobetsa, di kwadilwe mo mafokong a baboni ba gagwe ba diponatshegelo. 20 Go tswa foo, Manase o ne a swa jaaka borraagwemogolo, mme ba ne ba mo fitlha mo ntlong ya gagwe; mme morwawe e bong Amone o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.+

21 Amone+ o ne a na le dingwaga di le 22 fa a nna kgosi, mme o ne a busa dingwaga di le pedi mo Jerusalema.+ 22 O ne a tswelela a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, fela jaaka rraagwe e bong Manase a ne a dirile;+ mme Amone o ne a ntsha ditlhabelo a di ntshetsa ditshwantsho tsotlhe tse di betlilweng tse rraagwe e bong Manase a neng a di dirile,+ mme o ne a tswelela a di direla. 23 Le fa go ntse jalo, ga a ka a ikokobetsa fa pele ga ga Jehofa+ jaaka rraagwe e bong Manase a ile a ikokobetsa;+ go na le moo, Amone o ne a dira gore molato wa gagwe o oketsege thata. 24 La bofelo batlhanka ba gagwe ba ne ba mo logela leano la boferefere+ mme ba mmolaela mo ntlong ya gagwe. 25 Le fa go ntse jalo, batho ba lefatshe leo ba ne ba kgemetha botlhe ba ba neng ba logetse Kgosi Amone leano la boferefere,+ mme ba ne ba tlhoma morwawe e bong Josia+ gore a nne kgosi mo boemong jwa gagwe.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela