Dipesalema
Pesalema ya ga Dafide.
138 Ke tla go baka ka pelo ya me yotlhe.+
Ke tla go opelela dipako
Fa pele ga medimo e mengwe.*
2 Ke tla obama ke lebile ntlheng ya tempele ya gago e e boitshepo,*+
Mme ke tla baka leina la gago+
Ka ntlha ya lorato lwa gago lo lo sa kgaotseng le boammaaruri jwa gago.
Gonne o tlotlomaditse lefoko la gago le leina la gago go gaisa sengwe le sengwe.*
3 Mo letsatsing la fa ke ne ke goela kwa go wena, o ne wa nkaraba;+
O ne wa dira gore ke nne pelokgale ke bo ke nonofe.+
4 Dikgosi tsotlhe tsa lefatshe di tla go baka Jehofa,+
Gonne di tla bo di utlwile ditsholofetso tse o di solofeditseng.
5 Di tla opela ka ga ditsela tsa ga Jehofa,
Gonne kgalalelo ya ga Jehofa e kgolo.+
6 Le fa gone Jehofa a le kwa godimo, o ela tlhoko ba ba ikokobeditseng,+
Mme ga a atamalane le ba ba ikgodisang.+
7 Tota le fa ke le mo kotsing, o tla mpoloka ke tshela.+
O otlololela bogale jwa baba ba me seatla sa gago;
Seatla sa gago sa moja se tla mpoloka.
8 Jehofa o tla diragatsa dilo tsotlhe mo boemong jwa me.