LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Baatlhodi 1
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Baatlhodi

      • Diphenyo tsa ga Juda le Simeone (1-20)

      • Bajebuse ba tswelela ba le kwa Jerusalema (21)

      • Josefa o gapa Bethele (22-26)

      • Bakanana ga ba a lelekwa gotlhelele (27-36)

Baatlhodi 1:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “bomorwa Iseraele.”

Ditshupiso

  • +Jos 24:29
  • +Dip 27:18, 21; Baa 20:18

Baatlhodi 1:2

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “Ke tsentse.”

Ditshupiso

  • +Ge 49:8; Dut 33:7; 1Dt 5:2

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    1/15/2005, ts. 24

Baatlhodi 1:3

Ditshupiso

  • +Jos 15:1; 19:1, 9

Baatlhodi 1:4

Ditshupiso

  • +Dut 9:3

Baatlhodi 1:5

Ditshupiso

  • +Ge 10:6; Dut 20:17
  • +Ge 15:18-21; Ek 3:8; Baa 3:5; 1Dk 9:20, 21

Baatlhodi 1:6

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    Tora ya Tebelo,

    1/15/2005, ts. 24

Baatlhodi 1:7

Ditshupiso

  • +Jos 15:8, 12

Baatlhodi 1:8

Ditshupiso

  • +Jos 15:63; Baa 1:21

Baatlhodi 1:9

Ditshupiso

  • +Jos 11:16; 15:20, 33

Baatlhodi 1:10

Ditshupiso

  • +Jos 11:21; 15:13, 14

Baatlhodi 1:11

Ditshupiso

  • +Jos 10:38
  • +Jos 15:15

Baatlhodi 1:12

Ditshupiso

  • +Dip 13:3, 6; 14:24; Dut 1:35, 36; Jos 14:13
  • +Jos 15:16-19

Baatlhodi 1:13

Ditshupiso

  • +Baa 3:9
  • +1Dt 4:13

Baatlhodi 1:14

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa Kalebe.

  • *

    Kgotsa gongwe “o ne a opa diatla tsa gagwe a ntse a le mo tonking.”

Baatlhodi 1:15

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “Negebe.”

  • *

    Mo go kayang “Dijana (Dikotlele) Tsa Metsi.”

Baatlhodi 1:16

Ditshupiso

  • +Dip 24:21; Baa 4:11
  • +Ek 3:1; 4:18; 18:1; Dip 10:29
  • +Dut 34:3; Baa 3:13
  • +Dip 21:1
  • +Dip 10:29-32

Baatlhodi 1:17

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Mo go kayang “Go Neelwa Tshenyego.”

Ditshupiso

  • +Lef 27:29; Dut 20:16
  • +Jos 19:1, 4

Baatlhodi 1:18

Ditshupiso

  • +Ge 10:19; Jos 11:22
  • +Baa 14:19
  • +Jos 13:1-3; 15:20, 45

Baatlhodi 1:19

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “lebaleng le le kwa tlase.”

  • *

    Seheb., “dikara tsa tshipi.”

Ditshupiso

  • +Dut 20:1; Jos 17:16

Baatlhodi 1:20

Ditshupiso

  • +Dip 14:24; Jos 14:9
  • +Dip 13:22

Baatlhodi 1:21

Ditshupiso

  • +Jos 15:63; 2Sa 5:6

Baatlhodi 1:22

Ditshupiso

  • +Jos 14:4
  • +Ge 49:22, 24; Jos 16:1; Pes. 44:3

Baatlhodi 1:23

Ditshupiso

  • +Ge 35:6

Baatlhodi 1:24

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “go bontsha lorato lo lo sa kgaotseng.”

Baatlhodi 1:25

Ditshupiso

  • +Jos 6:25; 1Sa 15:6

Baatlhodi 1:27

Ditshupiso

  • +Jos 21:8, 25; Baa 5:19
  • +Jos 17:11, 12

Baatlhodi 1:28

Ditshupiso

  • +Ge 9:25; 1Dk 9:20, 21
  • +Dip 33:55; Dut 7:2; 20:16; Jos 17:13

Baatlhodi 1:29

Ditshupiso

  • +Jos 16:10; 1Dk 9:16

Baatlhodi 1:30

Ditshupiso

  • +Jos 19:15, 16
  • +Dut 20:17; Baa 2:2

Baatlhodi 1:31

Ditshupiso

  • +Jos 11:8; 19:28, 31
  • +Jos 19:29, 31
  • +Jos 19:30, 31
  • +Jos 21:8, 31

Baatlhodi 1:33

Ditshupiso

  • +Jos 19:38, 39
  • +Dut 7:2

Baatlhodi 1:34

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “lebaleng le le kwa tlase.”

Ditshupiso

  • +Jos 19:47; Baa 18:1

Baatlhodi 1:35

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “seatla.”

  • *

    Seheb., “se ne se nna boima.”

Ditshupiso

  • +Jos 10:12
  • +Jos 19:42, 48

Baatlhodi 1:36

Ditshupiso

  • +Dip 34:2, 4; Jos 15:3, 12

Ditemana Tse dingwe

Baatlh. 1:1Jos 24:29
Baatlh. 1:1Dip 27:18, 21; Baa 20:18
Baatlh. 1:2Ge 49:8; Dut 33:7; 1Dt 5:2
Baatlh. 1:3Jos 15:1; 19:1, 9
Baatlh. 1:4Dut 9:3
Baatlh. 1:5Ge 10:6; Dut 20:17
Baatlh. 1:5Ge 15:18-21; Ek 3:8; Baa 3:5; 1Dk 9:20, 21
Baatlh. 1:7Jos 15:8, 12
Baatlh. 1:8Jos 15:63; Baa 1:21
Baatlh. 1:9Jos 11:16; 15:20, 33
Baatlh. 1:10Jos 11:21; 15:13, 14
Baatlh. 1:11Jos 10:38
Baatlh. 1:11Jos 15:15
Baatlh. 1:12Dip 13:3, 6; 14:24; Dut 1:35, 36; Jos 14:13
Baatlh. 1:12Jos 15:16-19
Baatlh. 1:13Baa 3:9
Baatlh. 1:131Dt 4:13
Baatlh. 1:16Dip 24:21; Baa 4:11
Baatlh. 1:16Ek 3:1; 4:18; 18:1; Dip 10:29
Baatlh. 1:16Dut 34:3; Baa 3:13
Baatlh. 1:16Dip 21:1
Baatlh. 1:16Dip 10:29-32
Baatlh. 1:17Lef 27:29; Dut 20:16
Baatlh. 1:17Jos 19:1, 4
Baatlh. 1:18Ge 10:19; Jos 11:22
Baatlh. 1:18Baa 14:19
Baatlh. 1:18Jos 13:1-3; 15:20, 45
Baatlh. 1:19Dut 20:1; Jos 17:16
Baatlh. 1:20Dip 14:24; Jos 14:9
Baatlh. 1:20Dip 13:22
Baatlh. 1:21Jos 15:63; 2Sa 5:6
Baatlh. 1:22Jos 14:4
Baatlh. 1:22Ge 49:22, 24; Jos 16:1; Pes. 44:3
Baatlh. 1:23Ge 35:6
Baatlh. 1:25Jos 6:25; 1Sa 15:6
Baatlh. 1:27Jos 21:8, 25; Baa 5:19
Baatlh. 1:27Jos 17:11, 12
Baatlh. 1:28Ge 9:25; 1Dk 9:20, 21
Baatlh. 1:28Dip 33:55; Dut 7:2; 20:16; Jos 17:13
Baatlh. 1:29Jos 16:10; 1Dk 9:16
Baatlh. 1:30Jos 19:15, 16
Baatlh. 1:30Dut 20:17; Baa 2:2
Baatlh. 1:31Jos 11:8; 19:28, 31
Baatlh. 1:31Jos 19:29, 31
Baatlh. 1:31Jos 19:30, 31
Baatlh. 1:31Jos 21:8, 31
Baatlh. 1:33Jos 19:38, 39
Baatlh. 1:33Dut 7:2
Baatlh. 1:34Jos 19:47; Baa 18:1
Baatlh. 1:35Jos 10:12
Baatlh. 1:35Jos 19:42, 48
Baatlh. 1:36Dip 34:2, 4; Jos 15:3, 12
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
  • 32
  • 33
  • 34
  • 35
  • 36
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Baatlhodi 1:1-36

Baatlhodi

1 Morago ga loso lwa ga Joshua,+ Baiseraele* ba ne ba botsa Jehofa+ ba re: “Ke mang mo go rona yo o tla tsamayang pele go ya go tlhabana le Bakanana?” 2 Jehofa o ne a araba a re: “Go tla tsamaya Juda.+ Ke tsenya* lefatshe leo mo seatleng sa gagwe.” 3 Foo ba lotso lwa ga Juda ba ne ba raya ba lotso lwa ga Simeone morwarraabone ba re: “Tsamayang le rona kwa karolong ya naga e re e abetsweng+ gore re ye go tlhabana le Bakanana. Go tswa foo, re tla tsamaya le lona kwa karolong ya naga e lo e abetsweng.” Ka jalo, ba lotso lwa ga Simeone ba ne ba tsamaya le bone.

4 E rile ba lotso lwa ga Juda ba tsamaya, Jehofa o ne a tsenya Bakanana le Baperise mo diatleng tsa bone,+ mme ba ne ba fenya banna ba le 10 000 kwa Beseke. 5 Ba ne ba fitlhela Adoni-beseke kwa Beseke mme ba tlhabana le ene koo ba bo ba fenya Bakanana+ le Baperise.+ 6 Fa Adoni-beseke a tshaba, ba ne ba mo lelekisa ba bo ba mo tshwara mme ba kgaola menwana ya gagwe ya kgonotswe le menwana ya gagwe e metona ya dinao. 7 Go tswa foo, Adoni-beseke o ne a re: “Go na le dikgosi di le 70 tse di kgaotsweng menwana ya kgonotswe le menwana e metona ya dinao le tse di selang dijo ka fa tlase ga tafole ya me. Modimo o ntuetse fela jaaka ke dirile.” Morago ga moo, ba ne ba mo tlisa mo Jerusalema+ mme a swela gone.

8 Mo godimo ga moo, banna ba Juda ba ne ba tlhabana le Jerusalema+ ba bo ba e gapa; ba ne ba e kgemetha ka tšhaka ba bo ba tshuba motse ka molelo. 9 Morago ga moo, banna ba Juda ba ne ba ya go tlhabana le Bakanana ba ba nnang mo kgaolong e e dithaba le mo Negebe le mo Shefela.+ 10 Ka jalo, ba lotso lwa ga Juda ba ne ba ya go tlhabana le Bakanana ba ba neng ba nna mo Heberone (leina la Heberone pele e ne e le Kiriathe-areba), mme ba ne ba kgemetha Sheshai, Ahimane le Talemai.+

11 Fa ba tswa koo ba ne ba ya go tlhabana le banni ba kwa Debire.+ (Leina la Debire pele e ne e le Kiriathe-sefere.)+ 12 Morago ga moo, Kalebe+ o ne a re: “Monna yo o tla kgemethang Kiriathe-sefere a bo a e gapa, ke tla mo naya morwadiake e bong Akesa gore a mo nyale.”+ 13 Mme Otheniele+ morwa wa ga monnawe Kalebe yo o bidiwang Kenase,+ o ne a e gapa. Ka jalo, o ne a mo naya morwadie e bong Akesa gore a mo nyale. 14 Fa Akesa a ne a ya gae, o ne a tlhotlheletsa Otheniele gore a kope tshimo mo go rraagwe.* Go tswa foo, Akesa o ne a fologa tonki ya gagwe.* Kalebe o ne a mmotsa a re: “O batla eng?” 15 Akesa o ne a mo raya a re: “Tsweetswee, ntshegofatse, ka gonne o nneile karolo ya lefatshe kwa borwa;* nneye gape le Gulothe-maime.”* Ka jalo, Kalebe o ne a mo naya Gulothe yo o Kwa Godimo le Gulothe yo o Kwa Tlase.

16 Mme ditlogolwana tsa monna mongwe wa Mokene,+ mogwegadiagwe Moshe,+ di ne tsa tswa kwa motseng wa ditlhare tsa mokolane+ mmogo le batho ba Juda ba ya kwa nageng ya Juda kwa borwa jwa Arada.+ Ba ne ba ya koo mme ba aga le batho+ ba teng. 17 Mme ba lotso lwa ga Juda ba ne ba tsamaya le ba lotso lwa ga Simeone morwarraabone, mme ba tlhasela Bakanana ba ba neng ba nna kwa Sefathe ba bo ba e senya.+ Ka jalo, ba ne ba bitsa motse oo Horema.*+ 18 Go tswa foo, ba lotso lwa ga Juda ba ne ba gapa Gasa+ le naga e e e dikologileng, Ashekelona+ le naga e e e dikologileng le Ekerone+ le naga e e e dikologileng. 19 Jehofa o ne a ema ba lotso lwa ga Juda nôkeng mme ba ne ba gapa kgaolo e e dithaba, le fa go ntse jalo ba ne ba se ka ba kgona go leleka banni ba kwa lebaleng,* ka gonne ba ne ba na le dikara tsa ntwa tse di nang le disekele tsa tshipi.*+ 20 Ba ne ba naya Kalebe motse wa Heberone, fela jaaka Moshe a ne a solofeditse,+ mme o ne a leleka bomorwa Anake+ ba bararo koo.

21 Mme Babenjamine ba ne ba se ka ba leleka Bajebuse ba ba nnang mo Jerusalema, ka jalo Bajebuse ba tswelela ba nna le Babenjamine kwa Jerusalema go tla go fitlha mo letsatsing leno.+

22 Mo nakong eo, ditlogolwana tsa ga Josefa+ di ne tsa ya go tlhabana le Bethele, mme Jehofa o ne a na le bone.+ 23 Ditlogolwana tsa ga Josefa di ne tsa ya go tlhola Bethele (leina la motse oo pele e ne e le Luse),+ 24 mme ditlhola di ne tsa bona monna mongwe a tswa mo motseng. Ka jalo, di ne tsa mo raya tsa re: “Tsweetswee, re bontshe tsela ya go tsena mo motseng, mme re tla go direla bopelonomi.”* 25 Ka jalo, monna yoo o ne a ba bontsha tsela ya go tsena mo motseng, mme ba ne ba kgemetha motse ka tšhaka ba bo ba letla monna yoo le lelapa lotlhe la gagwe gore ba tsamaye.+ 26 Monna yoo o ne a ya kwa lefatsheng la Bahite, a aga motse gone a bo a o bitsa Luse, mme ke leina la one go tla go fitlha mo letsatsing leno.

27 Ba lotso lwa ga Manase ba ne ba se ka ba gapa Bethe-sheane le metse e e e dikologileng, Taanake+ le metse e e e dikologileng, banni ba Dora le metse e e e dikologileng, banni ba Ibeleame le metse e e e dikologileng le banni ba Megido le metse e e e dikologileng.+ Bakanana ba ne ba ganelela mo lefatsheng leno ba nna mo go lone. 28 Fa Baiseraele ba sena go nonofa, ba ne ba pateletsa Bakanana go dira tiro e e boima,+ le fa go ntse jalo ba ne ba se ka ba ba leleka gotlhelele.+

29 Baeferaime ga ba a ka ba leleka Bakanana ba ba neng ba nna mo Gesere. Bakanana ba ne ba tswelela ba nna le bone mo Gesere.+

30 Basebulone ga ba a ka ba leleka banni ba Kiterone le banni ba Nahalole.+ Bakanana ba ne ba tswelela ba nna le bone mme ba ne ba patelediwa go dira tiro e e boima.+

31 Baashera ga ba a ka ba leleka banni ba Ako le banni ba Sidona,+ Ahelabe, Akesibe,+ Heleba, Afike+ le Rehobe.+ 32 Ka jalo, Baashera ba ne ba tswelela ba nna le Bakanana ba ba nnang mo lefatsheng leo, ka gonne ba ne ba se ka ba ba leleka.

33 Ba lotso lwa ga Nafetali ga ba a ka ba leleka banni ba Bethe-shemeshe le banni ba Bethe-anathe,+ go na le moo ba ne ba tswelela ba nna le Bakanana ba ba nnang mo lefatsheng leo.+ Banni ba Bethe-shemeshe le Bethe-anathe ba ne ba nna badiri ba bone ba ba patelediwang go dira tiro e e boima.

34 Baamore ba ne ba pitlaganyetsa Badana kwa kgaolong e e dithaba, ka gonne ba ne ba ka se ba letle go fologela kwa lebaleng.*+ 35 Ka jalo, Baamore ba ne ba gana go tswa mo Thabeng ya Herese, mo Aijalona+ le mo Shaalabime.+ Mme fa maatla* a ditlogolwana tsa ga Josefa a ne a oketsega,* ba ne ba patelediwa go dira tiro e e boima. 36 Naga ya Baamore e ne e simologa kwa thotaneng ya Akarabime,+ go tswa kwa Sela go ya kwa godimo.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela