LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Baatlhodi 15
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa Baatlhodi

      • Samesone o ipusolosetsa mo Bafilisitieng (1-20)

Baatlhodi 15:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “kwa phaposing e e kwa teng.”

Baatlhodi 15:2

Ditshupiso

  • +Baa 14:17
  • +Baa 14:11, 20

Baatlhodi 15:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “diterebe; moretlwa.”

Baatlhodi 15:6

Ditshupiso

  • +Baa 14:11, 20
  • +Baa 14:15

Baatlhodi 15:7

Ditshupiso

  • +Baa 14:4

Baatlhodi 15:8

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “o ne a ba kgemetha leoto mo godimo ga serope.”

  • *

    Kgotsa “kwa lopharong.”

Baatlhodi 15:9

Ditshupiso

  • +2Sa 23:11, 12

Baatlhodi 15:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “bofa.”

Baatlhodi 15:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “kwa lopharong.”

Ditshupiso

  • +Baa 13:1

Baatlhodi 15:12

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “bofa.”

Baatlhodi 15:14

Ditshupiso

  • +Baa 13:24, 25; 14:5, 6
  • +Baa 16:9, 12

Baatlhodi 15:15

Ditshupiso

  • +Baa 3:31

Baatlhodi 15:16

Ditshupiso

  • +Baa 16:30

Baatlhodi 15:17

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Mo go kayang “Lefelo le le Tsholetsegileng la Lerapo la Lotlhaa.”

Ditshupiso

  • +Baa 15:9

Baatlhodi 15:19

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Mo go kayang “Motswedi Wa yo O Bitsang.”

Ditshupiso

  • +Ek 17:6

Baatlhodi 15:20

Ditshupiso

  • +Ge 49:16; Baa 2:16; 13:1, 5; 16:31; Bah 11:32

Ditemana Tse dingwe

Baatlh. 15:2Baa 14:17
Baatlh. 15:2Baa 14:11, 20
Baatlh. 15:6Baa 14:11, 20
Baatlh. 15:6Baa 14:15
Baatlh. 15:7Baa 14:4
Baatlh. 15:92Sa 23:11, 12
Baatlh. 15:11Baa 13:1
Baatlh. 15:14Baa 13:24, 25; 14:5, 6
Baatlh. 15:14Baa 16:9, 12
Baatlh. 15:15Baa 3:31
Baatlh. 15:16Baa 16:30
Baatlh. 15:17Baa 15:9
Baatlh. 15:19Ek 17:6
Baatlh. 15:20Ge 49:16; Baa 2:16; 13:1, 5; 16:31; Bah 11:32
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Baatlhodi 15:1-20

Baatlhodi

15 Morago ga lobakanyana, mo malatsing a thobo ya korong, Samesone o ne a etela mosadi wa gagwe a tshotse potsane. O ne a re: “Ke eletsa go tsena kwa mosading wa me kwa phaposing ya borobalo.”* Mme rraagwe mosadi o ne a se ka a mo letlelela go tsena. 2 Rraagwe mosadi o ne a re: “Ke ne ka akanya gore, ‘Ruri o tshwanetse wa bo o mo tlhoile.’+ Ka jalo, ke ne ka mo naya mopati+ wa gago. A monnawe ga a montle go mo gaisa? Tsweetswee, tsaya ene mo boemong jwa gagwe.” 3 Le fa go ntse jalo, Samesone o ne a ba raya a re: “Mo nakong eno Bafilisitia ga ba ka ke ba mpona molato fa ke ba utlwisa botlhoko.”

4 Ka jalo, Samesone o ne a tsamaya mme a tshwara bophokoje ba le 300. Morago ga moo, o ne a tsaya dikgong a retolola bophokoje bao a bo a bofaganya megatla ya bone mme a tsenya logong lo le longwe fa gare ga megatla mengwe le mengwe e mebedi. 5 Go tswa foo, o ne a tshuba dikgong tseo a bo a romela bophokoje bao kwa masimong a Bafilisitia a dijo tsa ditlhaka tse di iseng di rojwe. O ne a tshuba sengwe le sengwe ka molelo go simolola ka ngata go fitlha ka dijo tsa ditlhaka tse di iseng di rojwe, mmogo le masimo a morara* le masimo a motlhware.

6 Bafilisitia ba ne ba botsa jaana: “Ke mang yo o dirileng seno?” Ba ne ba bolelelwa jaana: “Ke Samesone, mogwe wa monna wa Motimena, ka gonne monna yoo o tsere mosadi wa ga Samesone a bo a mo naya mopati+ wa gagwe.” Foo Bafilisitia ba ne ba ya go fisa mosadi yoo le rraagwe.+ 7 Go tswa foo, Samesone o ne a ba raya a re: “Fa e le gore eno ke tsela e lo dirang ka yone, ga nkitla ke lo tlogela go fitlha ke ipusolosetsa mo go lona.”+ 8 Go tswa foo, o ne a ba kgemetha ka go latelana* mme a bolaya ba le bantsi, morago ga moo o ne a tsamaya a ya go nna kwa logageng* mo lefikeng la Etame.

9 Moragonyana Bafilisitia ba ne ba tla mme ba kampa mo Juda mme ba ne ba tsamayatsamaya mo Lehi.+ 10 Foo banna ba Juda ba ne ba re: “Ke ka ntlha yang fa lo tlile go re tlhasela?” mme bone ba ne ba araba jaana: “Re tlile go tshwara* Samesone, gore re mo dire fela jaaka a re dirile.” 11 Ka jalo, banna ba Juda ba le 3 000 ba ne ba ya kwa logageng* mo lefikeng la Etame mme ba raya Samesone ba re: “A ga o itse gore Bafilisitia ba a re busa?+ Jaanong ke ka ntlha yang fa o re dirile seno?” O ne a ba raya a re: “Ke ba dirile fela jaaka ba ntirile.” 12 Mme ba ne ba mo raya ba re: “Re tlile go go tshwara* re bo re go isa kwa Bafilisitieng.” Foo Samesone o ne a re: “Inkaneleng gore ga lo kitla lo ntlhasela.” 13 Ba ne ba mo raya ba re: “Nnyaa, re tla go bofa fela re bo re go isa kwa go bone mme ga re kitla re go bolaya.”

Ka jalo, ba ne ba mmofa ka megala e mebedi e mesha ba bo ba mo ntsha mo lefikeng. 14 Fa a fitlha kwa Lehi, Bafilisitia ba ne ba goa ka boitumelo fa ba kopana le ene. Foo moya wa ga Jehofa o ne wa mo naya maatla,+ mme megala e a neng a bofilwe ka yone mo mabogong e ne ya nna jaaka ditlhale tse di boleta tse di babotsweng ke molelo mme e ne ya nyerologa mo diatleng+ tsa gagwe. 15 Jaanong o ne a bona lerapo la lotlhaa lwa tonki e tonanyana e e suleng bosheng; o ne a otlolola seatla, a le tsaya a bo a kgemetha banna ba le 1 000 ka lone.+ 16 Foo Samesone o ne a re:

“Ka lerapo la lotlhaa lwa tonki ke bolaile baba, ka kokoanya ditopo tsa bone ka di dira mekoa.

Ka lerapo la lotlhaa lwa tonki ke kgemethile banna ba le 1 000.”+

17 Fa a fetsa go bua, o ne a latlha lerapo leo la lotlhaa mme o ne a bitsa lefelo leo Ramathe-lehi.*+ 18 Go tswa foo, o ne a tshwarwa ke lenyora thata, mme o ne a bitsa Jehofa a bo a re: “Ke wena yo o neng wa tsenya poloko eno e kgolo mo seatleng sa motlhanka wa gago. Mme jaanong a ke tla swa ka ntlha ya lenyora ke bo ke wela mo diatleng tsa batho ba ba sa rupang?” 19 Ka jalo, Modimo o ne a bula khuti e e neng e le kwa Lehi, mme metsi a ne a elela a tswa mo go yone.+ Fa a nwa, nonofo ya gagwe e ne ya boa mme a nna le maatla. Ke gone ka moo a neng a bitsa lefelo leo Ene-hakore,* le le kwa Lehi go fitlha mo letsatsing leno.

20 Mme o ne a atlhola Baiseraele mo metlheng ya Bafilisitia dingwaga di le 20.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela