Baatlhodi
15 Morago ga lobakanyana, mo malatsing a thobo ya korong, Samesone o ne a etela mosadi wa gagwe a tshotse potsane. O ne a re: “Ke eletsa go tsena kwa mosading wa me kwa phaposing ya borobalo.”* Mme rraagwe mosadi o ne a se ka a mo letlelela go tsena. 2 Rraagwe mosadi o ne a re: “Ke ne ka akanya gore, ‘Ruri o tshwanetse wa bo o mo tlhoile.’+ Ka jalo, ke ne ka mo naya mopati+ wa gago. A monnawe ga a montle go mo gaisa? Tsweetswee, tsaya ene mo boemong jwa gagwe.” 3 Le fa go ntse jalo, Samesone o ne a ba raya a re: “Mo nakong eno Bafilisitia ga ba ka ke ba mpona molato fa ke ba utlwisa botlhoko.”
4 Ka jalo, Samesone o ne a tsamaya mme a tshwara bophokoje ba le 300. Morago ga moo, o ne a tsaya dikgong a retolola bophokoje bao a bo a bofaganya megatla ya bone mme a tsenya logong lo le longwe fa gare ga megatla mengwe le mengwe e mebedi. 5 Go tswa foo, o ne a tshuba dikgong tseo a bo a romela bophokoje bao kwa masimong a Bafilisitia a dijo tsa ditlhaka tse di iseng di rojwe. O ne a tshuba sengwe le sengwe ka molelo go simolola ka ngata go fitlha ka dijo tsa ditlhaka tse di iseng di rojwe, mmogo le masimo a morara* le masimo a motlhware.
6 Bafilisitia ba ne ba botsa jaana: “Ke mang yo o dirileng seno?” Ba ne ba bolelelwa jaana: “Ke Samesone, mogwe wa monna wa Motimena, ka gonne monna yoo o tsere mosadi wa ga Samesone a bo a mo naya mopati+ wa gagwe.” Foo Bafilisitia ba ne ba ya go fisa mosadi yoo le rraagwe.+ 7 Go tswa foo, Samesone o ne a ba raya a re: “Fa e le gore eno ke tsela e lo dirang ka yone, ga nkitla ke lo tlogela go fitlha ke ipusolosetsa mo go lona.”+ 8 Go tswa foo, o ne a ba kgemetha ka go latelana* mme a bolaya ba le bantsi, morago ga moo o ne a tsamaya a ya go nna kwa logageng* mo lefikeng la Etame.
9 Moragonyana Bafilisitia ba ne ba tla mme ba kampa mo Juda mme ba ne ba tsamayatsamaya mo Lehi.+ 10 Foo banna ba Juda ba ne ba re: “Ke ka ntlha yang fa lo tlile go re tlhasela?” mme bone ba ne ba araba jaana: “Re tlile go tshwara* Samesone, gore re mo dire fela jaaka a re dirile.” 11 Ka jalo, banna ba Juda ba le 3 000 ba ne ba ya kwa logageng* mo lefikeng la Etame mme ba raya Samesone ba re: “A ga o itse gore Bafilisitia ba a re busa?+ Jaanong ke ka ntlha yang fa o re dirile seno?” O ne a ba raya a re: “Ke ba dirile fela jaaka ba ntirile.” 12 Mme ba ne ba mo raya ba re: “Re tlile go go tshwara* re bo re go isa kwa Bafilisitieng.” Foo Samesone o ne a re: “Inkaneleng gore ga lo kitla lo ntlhasela.” 13 Ba ne ba mo raya ba re: “Nnyaa, re tla go bofa fela re bo re go isa kwa go bone mme ga re kitla re go bolaya.”
Ka jalo, ba ne ba mmofa ka megala e mebedi e mesha ba bo ba mo ntsha mo lefikeng. 14 Fa a fitlha kwa Lehi, Bafilisitia ba ne ba goa ka boitumelo fa ba kopana le ene. Foo moya wa ga Jehofa o ne wa mo naya maatla,+ mme megala e a neng a bofilwe ka yone mo mabogong e ne ya nna jaaka ditlhale tse di boleta tse di babotsweng ke molelo mme e ne ya nyerologa mo diatleng+ tsa gagwe. 15 Jaanong o ne a bona lerapo la lotlhaa lwa tonki e tonanyana e e suleng bosheng; o ne a otlolola seatla, a le tsaya a bo a kgemetha banna ba le 1 000 ka lone.+ 16 Foo Samesone o ne a re:
“Ka lerapo la lotlhaa lwa tonki ke bolaile baba, ka kokoanya ditopo tsa bone ka di dira mekoa.
Ka lerapo la lotlhaa lwa tonki ke kgemethile banna ba le 1 000.”+
17 Fa a fetsa go bua, o ne a latlha lerapo leo la lotlhaa mme o ne a bitsa lefelo leo Ramathe-lehi.*+ 18 Go tswa foo, o ne a tshwarwa ke lenyora thata, mme o ne a bitsa Jehofa a bo a re: “Ke wena yo o neng wa tsenya poloko eno e kgolo mo seatleng sa motlhanka wa gago. Mme jaanong a ke tla swa ka ntlha ya lenyora ke bo ke wela mo diatleng tsa batho ba ba sa rupang?” 19 Ka jalo, Modimo o ne a bula khuti e e neng e le kwa Lehi, mme metsi a ne a elela a tswa mo go yone.+ Fa a nwa, nonofo ya gagwe e ne ya boa mme a nna le maatla. Ke gone ka moo a neng a bitsa lefelo leo Ene-hakore,* le le kwa Lehi go fitlha mo letsatsing leno.
20 Mme o ne a atlhola Baiseraele mo metlheng ya Bafilisitia dingwaga di le 20.+