LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Dikgosi 8
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Dikgosi

      • Mosadi wa Moshunema o busediwa lefatshe la gagwe (1-6)

      • Elisha, Bene-hadade le Hasaele (7-15)

      • Jehorame, kgosi ya Juda (16-24)

      • Ahasia, kgosi ya Juda (25-29)

2 Dikgosi 8:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “yo a neng a rudisitse morwawe.”

Ditshupiso

  • +2Dk 4:32-35
  • +Lef 26:19; Dut 28:15, 23; 1Dk 17:1

2 Dikgosi 8:2

Ditshupiso

  • +Jos 13:2, 3

2 Dikgosi 8:4

Ditshupiso

  • +2Dk 2:14, 20, 21; 3:17; 4:4, 7; 6:5-7; 7:1

2 Dikgosi 8:5

Ditshupiso

  • +2Dk 4:32-35
  • +Dip 36:9

2 Dikgosi 8:7

Ditshupiso

  • +Isa 7:8
  • +1Dk 20:1; 2Dk 6:24
  • +1Dk 17:24

2 Dikgosi 8:8

Ditshupiso

  • +1Dk 19:15
  • +1Sa 9:8; 1Dk 14:2, 3

2 Dikgosi 8:10

Ditshupiso

  • +2Dk 8:15

2 Dikgosi 8:12

Ditshupiso

  • +2Dk 10:32; 12:17; 13:3; Amo 1:3
  • +Dut 28:63; Amo 1:13

2 Dikgosi 8:13

Ditshupiso

  • +1Dk 19:15

2 Dikgosi 8:14

Ditshupiso

  • +2Dk 8:10

2 Dikgosi 8:15

Ditshupiso

  • +1Dk 16:8, 10; 2Dk 11:1; 15:8, 10
  • +1Dk 19:15

2 Dikgosi 8:16

Ditshupiso

  • +2Dk 1:17
  • +1Dk 22:50; 2Dt 21:3, 5

2 Dikgosi 8:18

Ditshupiso

  • +1Dk 12:28-30
  • +1Dk 16:32, 33; 21:25
  • +2Dk 8:26, 27; 2Dt 18:1
  • +2Dt 21:6, 7

2 Dikgosi 8:19

Ditshupiso

  • +Ge 49:10; 2Sa 7:16, 17
  • +1Dk 11:36; Pes. 132:17

2 Dikgosi 8:20

Ditshupiso

  • +Ge 27:40; 2Sa 8:14
  • +1Dk 22:47; 2Dt 21:8-10

2 Dikgosi 8:22

Ditshupiso

  • +Jos 21:13; 2Dk 19:8

2 Dikgosi 8:24

Ditshupiso

  • +1Dk 2:10; 2Dt 21:18-20
  • +1Dt 3:10, 11; 2Dt 21:16, 17; 22:1, 2

2 Dikgosi 8:25

Ditshupiso

  • +2Dk 9:29

2 Dikgosi 8:26

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “morwadie.”

Ditshupiso

  • +2Dk 11:1, 13, 16
  • +1Dk 16:16, 23

2 Dikgosi 8:27

Ditshupiso

  • +1Dk 16:33
  • +2Dk 8:16, 18; 2Dt 22:3, 4

2 Dikgosi 8:28

Ditshupiso

  • +Jos 21:38; 1Dk 22:2, 3
  • +1Dk 19:17; 2Dt 22:5

2 Dikgosi 8:29

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “o ne a lwala.”

Ditshupiso

  • +Jos 19:17, 18; 1Dk 21:1; 2Dt 22:6
  • +2Dk 9:15

Ditemana Tse dingwe

2 Dikg. 8:12Dk 4:32-35
2 Dikg. 8:1Lef 26:19; Dut 28:15, 23; 1Dk 17:1
2 Dikg. 8:2Jos 13:2, 3
2 Dikg. 8:42Dk 2:14, 20, 21; 3:17; 4:4, 7; 6:5-7; 7:1
2 Dikg. 8:52Dk 4:32-35
2 Dikg. 8:5Dip 36:9
2 Dikg. 8:7Isa 7:8
2 Dikg. 8:71Dk 20:1; 2Dk 6:24
2 Dikg. 8:71Dk 17:24
2 Dikg. 8:81Dk 19:15
2 Dikg. 8:81Sa 9:8; 1Dk 14:2, 3
2 Dikg. 8:102Dk 8:15
2 Dikg. 8:122Dk 10:32; 12:17; 13:3; Amo 1:3
2 Dikg. 8:12Dut 28:63; Amo 1:13
2 Dikg. 8:131Dk 19:15
2 Dikg. 8:142Dk 8:10
2 Dikg. 8:151Dk 16:8, 10; 2Dk 11:1; 15:8, 10
2 Dikg. 8:151Dk 19:15
2 Dikg. 8:162Dk 1:17
2 Dikg. 8:161Dk 22:50; 2Dt 21:3, 5
2 Dikg. 8:181Dk 12:28-30
2 Dikg. 8:181Dk 16:32, 33; 21:25
2 Dikg. 8:182Dk 8:26, 27; 2Dt 18:1
2 Dikg. 8:182Dt 21:6, 7
2 Dikg. 8:19Ge 49:10; 2Sa 7:16, 17
2 Dikg. 8:191Dk 11:36; Pes. 132:17
2 Dikg. 8:20Ge 27:40; 2Sa 8:14
2 Dikg. 8:201Dk 22:47; 2Dt 21:8-10
2 Dikg. 8:22Jos 21:13; 2Dk 19:8
2 Dikg. 8:241Dk 2:10; 2Dt 21:18-20
2 Dikg. 8:241Dt 3:10, 11; 2Dt 21:16, 17; 22:1, 2
2 Dikg. 8:252Dk 9:29
2 Dikg. 8:262Dk 11:1, 13, 16
2 Dikg. 8:261Dk 16:16, 23
2 Dikg. 8:271Dk 16:33
2 Dikg. 8:272Dk 8:16, 18; 2Dt 22:3, 4
2 Dikg. 8:28Jos 21:38; 1Dk 22:2, 3
2 Dikg. 8:281Dk 19:17; 2Dt 22:5
2 Dikg. 8:29Jos 19:17, 18; 1Dk 21:1; 2Dt 22:6
2 Dikg. 8:292Dk 9:15
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Dikgosi 8:1-29

Dikgosi wa Bobedi

8 Elisha o ne a raya mosadi yo a neng a tsositse morwawe yo o neng a sule,*+ a re: “Tsamaya, wena le ba lelapa la gago, mme o ye go nna motswakwa gongwe le gongwe kwa o batlang teng, ka gonne Jehofa o boletse gore go tla nna le leuba,+ mme le tla tla mo lefatsheng ka dingwaga di le supa.” 2 Ka jalo, mosadi yoo o ne a dira se monna wa Modimo wa boammaaruri a se buileng. O ne a tsamaya le ba lelapa la gagwe mme a nna kwa lefatsheng la Bafilisitia+ dingwaga di le supa.

3 Kwa bokhutlong jwa dingwaga tse supa, mosadi yoo o ne a boa kwa lefatsheng la Bafilisitia mme o ne a ya go ikuela kwa kgosing mabapi le ntlo ya gagwe le tshimo ya gagwe. 4 Jaanong kgosi e ne e ntse e bua le Gehasi motlhokomedi wa monna wa Modimo wa boammaaruri e re: “Tsweetswee mpolelela dilo tsotlhe tse dikgolo tse Elisha a di dirileng.”+ 5 Fela fa a sa ntse a bolelela kgosi kafa Elisha a tsositseng moswi ka teng,+ mosadi yo morwawe a neng a tsositswe o ne a tla mo kgosing, a tlile go ikuela ka ntlo ya gagwe le tshimo ya gagwe.+ Foo Gehasi o ne a re: “Morena wa me kgosi, mosadi yoo ke ene yo, mme yono ke morwawe yo Elisha a mo tsositseng.” 6 Foo kgosi e ne ya botsa mosadi yoo, mme o ne a mmolelela kgang ya gagwe. Go tswa foo, kgosi e ne ya laela modiredimogolo wa ntlo ya kgosi ya mo raya ya re: “Busa dilo tsotlhe tsa mosadi yono mme o mo duele madi otlhe a a neng a ka bo a a dirile mo tshimong ya gagwe go tloga ka letsatsi le a neng a tswa mo nageng eno ka lone go fitlha jaanong.”

7 Elisha o ne a tla mo Damaseko+ fa Bene-hadade+ kgosi ya Siria a ne a lwala. Ka jalo, o ne a begelwa jaana: “Monna wa Modimo wa boammaaruri+ o tlile fano.” 8 Foo kgosi e ne ya raya Hasaele+ ya re: “Tsaya mpho mme o tsamaye o ye go kgatlhantsha monna wa Modimo wa boammaaruri.+ O mo kope gore a go boletse mo go Jehofa, a re, ‘A ke tla fola mo bolwetseng jono?’” 9 Hasaele o ne a ya go mo kgatlhantsha mme o ne a tshotse mpho, sengwe le sengwe se se molemo sa Damaseko, e le morwalo wa dikamela di le 40. O ne a tla mme a ema fa pele ga gagwe a bo a re: “Morwao, Bene-hadade kgosi ya Siria, o nthometse kwa go wena o botsa gore, ‘A ke tla fola mo bolwetseng jono?’” 10 Elisha o ne a mo araba a re: “Tsamaya mme o mo reye o re, ‘Ruri o tla fola,’ mme gone Jehofa o mpontshitse gore ruri o tla swa.”+ 11 Mme o ne a nna a mo tlhomile matlho mo a neng a tlhabiwa ke ditlhong. Go tswa foo, monna wa Modimo wa boammaaruri o ne a lela. 12 Hasaele o ne a mmotsa jaana: “Morena wa me, ke ka ntlha yang fa o lela?” Ene o ne a araba a re: “Ka gonne ke itse bosula jo o tla bo direlang batho ba Iseraele.+ O tla fisa mafelo a bone a a sireletsegileng, o tla bolaya banna ba bone ba ba nonofileng ka tšhaka, o tla thubaganya bana ba bone e bile basadi ba bone ba ba imileng o tla ba phunya dimpa.”+ 13 Hasaele o ne a re: “Motlhanka wa gago yo e leng ntša fela, a ka dira jang selo se se ntseng jalo?” Le fa go ntse jalo, Elisha o ne a re: “Jehofa o mpontshitse gore o tla nna kgosi ya Siria.”+

14 Go tswa foo, o ne a tlogela Elisha mme a boela kwa moreneng wa gagwe, yo a neng a mo raya a re: “Elisha o go reile a reng?” O ne a araba a re: “O mpoleletse gore ruri o tla fola.”+ 15 Le fa go ntse jalo, mo letsatsing le le latelang Hasaele o ne a tsaya kobo, a e ina mo metsing a bo a e baya mo sefatlhegong sa morena wa gagwe go fitlha a swa.+ Mme Hasaele o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.+

16 Mo ngwageng wa botlhano wa ga Jehorame+ morwa Ahabe kgosi ya Iseraele, fa Jehoshafate e ne e le kgosi ya Juda, Jehorame+ morwa Kgosi Jehoshafate wa Juda o ne a nna kgosi. 17 O ne a na le dingwaga di le 32 fa a nna kgosi, mme o ne a busa dingwaga di le robedi mo Jerusalema. 18 O ne a tsamaya mo ditseleng tsa dikgosi tsa Iseraele,+ fela jaaka ba lelapa la ga Ahabe ba ne ba dirile,+ ka gonne o ne a nyetse morwadia Ahabe;+ mme o ne a tswelela a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa.+ 19 Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a sa batle go nyeletsa Juda ka ntlha ya ga Dafide motlhanka wa gagwe,+ ka gonne a ile a mo solofetsa gore o tla naya ene+ le bomorwawe lobone ka metlha.

20 Mo motlheng wa gagwe Baedoma ba ne ba tlhanogela Juda+ ba bo ba itlhomela kgosi ya bone.+ 21 Ka jalo, Jehorame o ne a ya kwa Saire a na le dikara tsotlhe tsa gagwe, mme o ne a tswa go le bosigo a bo a fenya Baedoma ba ba neng ba dikologile ene le balaodi ba dikara; mme masole a ne a tshabela kwa ditenteng tsa one. 22 Le fa go ntse jalo, Baedoma ba ne ba tswelela ba tlhanogetse Juda go fitlha mo letsatsing leno. Ka yone nako eo, Libena+ le yone e ne ya tlhanoga.

23 Mme pego yotlhe ya botshelo jwa ga Jehorame, sotlhe se a se dirileng, a ga e a kwalwa mo bukeng ya dipego tsa metlha ya dikgosi tsa Juda? 24 Go tswa foo, Jehorame o ne a swa jaaka borraagwemogolo mme o ne a fitlhwa le borraagwemogolo mo Motseng wa ga Dafide.+ Mme morwawe e bong Ahasia+ o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.

25 Mo ngwageng wa bo12 wa ga Jehorame morwa Ahabe kgosi ya Iseraele, Ahasia morwa Kgosi Jehorame wa Juda o ne a nna kgosi.+ 26 Ahasia o ne a na le dingwaga di le 22 fa a nna kgosi, mme o ne a busa ngwaga o le mongwe mo Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Athalia,+ setlogolwana sa ga* Kgosi Omeri+ wa Iseraele. 27 O ne a tsamaya mo tseleng ya ba lelapa la ga Ahabe+ mme a nna a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa fela jaaka ba lelapa la ga Ahabe, ka gonne e ne e le wa losika lwa lelapa la ga Ahabe.+ 28 Ka jalo, o ne a tsamaya le Jehorame morwa Ahabe ba ya go tlhabana le Kgosi Hasaele wa Siria kwa Ramothe-gileade,+ mme Basiria ba ne ba gobatsa Jehorame.+ 29 Ka jalo, Kgosi Jehorame o ne a boela kwa Jesereele+ gore a ye go ikoka dintho tse Basiria ba neng ba di mo ntshitse kwa Rama fa a ne a tlhabana le Kgosi Hasaele wa Siria.+ Ahasia morwa Jehorame kgosi ya Juda o ne a ya kwa Jesereele go ya go tlhola Jehorame morwa Ahabe, ka gonne o ne a gobetse.*

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela