LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 1 Ditiragalo 14
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 1 Ditiragalo

      • Dafide o tlhomiwa go nna kgosi (1, 2)

      • Lelapa la ga Dafide (3-7)

      • Bafilisitia ba a fenngwa (8-17)

1 Ditiragalo 14:1

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “baagi ba dipota.”

  • *

    Kgotsa “ntlo ya segosi.”

Ditshupiso

  • +1Dk 5:6, 8
  • +2Sa 5:11, 12

1 Ditiragalo 14:2

Ditshupiso

  • +Pes. 89:20, 21
  • +2Sa 7:8

1 Ditiragalo 14:3

Ditshupiso

  • +Dut 17:17
  • +2Sa 5:13-16

1 Ditiragalo 14:4

Ditshupiso

  • +1Dt 3:5-9
  • +Luk 3:23, 31
  • +1Dk 1:47; Mat 1:6

1 Ditiragalo 14:8

Ditshupiso

  • +1Dt 11:3
  • +2Sa 5:17; Pes. 2:2

1 Ditiragalo 14:9

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “mo Lebaleng le le Kwa Tlase.”

Ditshupiso

  • +2Sa 5:18, 22; 23:13

1 Ditiragalo 14:10

Ditshupiso

  • +2Sa 5:19-21

1 Ditiragalo 14:11

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Mo go kayang “Mong yo o Thubaganyang.”

Ditshupiso

  • +Isa 28:21

1 Ditiragalo 14:12

Ditshupiso

  • +Dut 7:25

1 Ditiragalo 14:13

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “mo lebaleng le le kwa tlase.”

Ditshupiso

  • +2Sa 5:22-25

1 Ditiragalo 14:14

Ditshupiso

  • +Jos 8:2; Pes. 18:34

1 Ditiragalo 14:15

Ditshupiso

  • +Dut 23:14; Baa 4:14

1 Ditiragalo 14:16

Ditshupiso

  • +Ge 6:22; Ek 39:32
  • +Jos 16:10

1 Ditiragalo 14:17

Ditshupiso

  • +Dut 2:25; 11:25; Jos 2:9

Ditemana Tse dingwe

1Ditir. 14:11Dk 5:6, 8
1Ditir. 14:12Sa 5:11, 12
1Ditir. 14:2Pes. 89:20, 21
1Ditir. 14:22Sa 7:8
1Ditir. 14:3Dut 17:17
1Ditir. 14:32Sa 5:13-16
1Ditir. 14:41Dt 3:5-9
1Ditir. 14:4Luk 3:23, 31
1Ditir. 14:41Dk 1:47; Mat 1:6
1Ditir. 14:81Dt 11:3
1Ditir. 14:82Sa 5:17; Pes. 2:2
1Ditir. 14:92Sa 5:18, 22; 23:13
1Ditir. 14:102Sa 5:19-21
1Ditir. 14:11Isa 28:21
1Ditir. 14:12Dut 7:25
1Ditir. 14:132Sa 5:22-25
1Ditir. 14:14Jos 8:2; Pes. 18:34
1Ditir. 14:15Dut 23:14; Baa 4:14
1Ditir. 14:16Ge 6:22; Ek 39:32
1Ditir. 14:16Jos 16:10
1Ditir. 14:17Dut 2:25; 11:25; Jos 2:9
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
1 Ditiragalo 14:1-17

Ditiragalo wa Ntlha

14 Kgosi Hirame+ wa Ture o ne a romela barongwa kwa go Dafide, mmogo le dikota tsa mosedara, babetli ba maje* le babetli ba logong gore ba mo agele ntlo.*+ 2 Mme Dafide o ne a itse gore Jehofa o ne a mo nonotshitse thata gore a nne kgosi ya Iseraele,+ ka gonne bogosi jwa gagwe bo ne bo tlotlomaditswe thata ka ntlha ya batho ba Gagwe ba Iseraele.+

3 Dafide o ne a nyala basadi ba bangwe gape+ mo Jerusalema, mme Dafide o ne a tsholelwa bana ba bangwe gape ba basimane le ba basetsana.+ 4 Ano ke maina a bana ba a neng a ba tsholelwa kwa Jerusalema:+ Shammua, Shobabe, Nathane,+ Solomone,+ 5 Ibehare, Elishua, Elepelete, 6 Noga, Nefege, Jafia, 7 Elishama, Beeliada le Elifelete.

8 Fa Bafilisitia ba utlwa gore Dafide o ne a tloditswe gore a nne kgosi ya Iseraele yotlhe,+ Bafilisitia botlhe ba ne ba tla go batla Dafide.+ E rile Dafide a utlwa ka gone, o ne a ya go ba tlhasela. 9 Foo Bafilisitia ba ne ba tla mme ba nna ba tlhasela baagi ba mo Mokgatšheng* wa Refaime.+ 10 Dafide o ne a botsa Modimo a re: “A ke ye go tlhasela Bafilisitia? A o tla ba tsenya mo seatleng sa me?” Foo Jehofa o ne a mo raya a re: “Tsamaya, ka gonne ruri ke tla ba tsenya mo seatleng sa gago.”+ 11 Ka jalo, Dafide o ne a ya kwa Baale-perasime+ mme o ne a ba kgemetha gone koo. Foo Dafide o ne a re: “Modimo wa boammaaruri o thubagantse baba ba me ka seatla sa me, fela jaaka phatlha e e dirilweng ke metsi.” Ke gone ka moo ba neng ba bitsa lefelo leo Baale-perasime.* 12 Bafilisitia ba ne ba tlogela medimo ya bone gone koo, mme Dafide o ne a laela gore e fisiwe ka molelo.+

13 Moragonyana Bafilisitia ba ne ba boa gape ba tlhasela mo mokgatšheng.*+ 14 Dafide o ne a botsa Modimo gape, mme Modimo wa boammaaruri o ne a mo raya a re: “O se ka wa ba sala morago. Go na le moo, dikologa o ye kwa morago ga bone mme o ba tlhasele o tswa kwa pele ga ditlhatshana tsa bakha.+ 15 Mme fa o utlwa modumo wa go gwanta mo godimo ga ditlhatshana tsa bakha, o tlhasele ka gonne Modimo wa boammaaruri o tla bo a dule a le kwa pele ga gago gore a kgemethe masole a Bafilisitia.”+ 16 Ka jalo, Dafide o ne a dira fela jaaka Modimo wa boammaaruri a ne a mo laetse,+ mme ba ne ba kgemetha masole a Bafilisitia go simologa kwa Gibeone go ya kwa Gesere.+ 17 Go tuma ga ga Dafide go ne ga anamela mo mafatsheng otlhe, mme Jehofa o ne a dira gore ditšhaba tsotlhe di mmoife.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela