LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Dikgosi 11
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Dikgosi

      • Athalia o busa ka dikgoka (1-3)

      • Jehoashe o dirwa kgosi mo sephiring (4-12)

      • Athalia o a bolawa (13-16)

      • Jehoiada o dira diphetogo mo motseng (17-21)

2 Dikgosi 11:1

Ditshupiso

  • +2Dk 8:26; 11:20; 2Dt 21:5, 6; 24:7
  • +2Dk 9:27
  • +2Dt 21:4; 22:10-12

2 Dikgosi 11:2

Ditshupiso

  • +2Dk 12:1

2 Dikgosi 11:4

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “batabogi.”

  • *

    Kgotsa “kgolagano.”

Ditshupiso

  • +1Dk 14:27
  • +2Dt 23:1-3

2 Dikgosi 11:5

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “ntlo ya segosi.”

Ditshupiso

  • +1Dk 7:1; 2Dt 23:4-7

2 Dikgosi 11:8

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “fa e tswa le fa e tsena.”

2 Dikgosi 11:9

Ditshupiso

  • +2Dk 11:4
  • +2Dt 23:8-11

2 Dikgosi 11:11

Ditshupiso

  • +1Dk 14:27
  • +1Dk 8:22; 2Dt 4:1

2 Dikgosi 11:12

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “a bo a baya Tshupo.”

Ditshupiso

  • +2Dk 11:2
  • +Ek 25:21; 31:18
  • +1Dk 1:39, 40

2 Dikgosi 11:13

Ditshupiso

  • +2Dt 23:12-15

2 Dikgosi 11:14

Ditshupiso

  • +2Dk 23:3
  • +2Dt 5:12

2 Dikgosi 11:15

Ditshupiso

  • +2Dk 11:4; 2Dt 23:9

2 Dikgosi 11:16

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “mo ntlong ya segosi.”

Ditshupiso

  • +1Dk 7:1

2 Dikgosi 11:17

Ditshupiso

  • +1Sa 10:25; 2Sa 5:3
  • +2Dt 23:16, 17

2 Dikgosi 11:18

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “mo tempeleng.”

Ditshupiso

  • +Dut 12:3
  • +Dut 7:25
  • +Dut 13:5
  • +2Dt 23:18-21

2 Dikgosi 11:19

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “kwa ntlong ya segosi.”

Ditshupiso

  • +2Dk 11:4, 15
  • +1Dk 14:27
  • +2Sa 7:8, 16

2 Dikgosi 11:21

Ditshupiso

  • +2Dk 11:2
  • +2Dt 24:1

Ditemana Tse dingwe

2 Dikg. 11:12Dk 8:26; 11:20; 2Dt 21:5, 6; 24:7
2 Dikg. 11:12Dk 9:27
2 Dikg. 11:12Dt 21:4; 22:10-12
2 Dikg. 11:22Dk 12:1
2 Dikg. 11:41Dk 14:27
2 Dikg. 11:42Dt 23:1-3
2 Dikg. 11:51Dk 7:1; 2Dt 23:4-7
2 Dikg. 11:92Dk 11:4
2 Dikg. 11:92Dt 23:8-11
2 Dikg. 11:111Dk 14:27
2 Dikg. 11:111Dk 8:22; 2Dt 4:1
2 Dikg. 11:122Dk 11:2
2 Dikg. 11:12Ek 25:21; 31:18
2 Dikg. 11:121Dk 1:39, 40
2 Dikg. 11:132Dt 23:12-15
2 Dikg. 11:142Dk 23:3
2 Dikg. 11:142Dt 5:12
2 Dikg. 11:152Dk 11:4; 2Dt 23:9
2 Dikg. 11:161Dk 7:1
2 Dikg. 11:171Sa 10:25; 2Sa 5:3
2 Dikg. 11:172Dt 23:16, 17
2 Dikg. 11:18Dut 12:3
2 Dikg. 11:18Dut 7:25
2 Dikg. 11:18Dut 13:5
2 Dikg. 11:182Dt 23:18-21
2 Dikg. 11:192Dk 11:4, 15
2 Dikg. 11:191Dk 14:27
2 Dikg. 11:192Sa 7:8, 16
2 Dikg. 11:212Dk 11:2
2 Dikg. 11:212Dt 24:1
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Dikgosi 11:1-21

Dikgosi wa Bobedi

11 Jaanong e rile Athalia,+ mmaagwe Ahasia, a bona gore morwawe o ne a sule,+ o ne a bolaya losika lotlhe lwa segosi.+ 2 Le fa go ntse jalo, Jehosheba morwadia Kgosi Jehorame, kgaitsadia Ahasia, o ne a tsaya Jehoashe+ morwa Ahasia mme a mo utswa mo go bomorwa kgosi ba ba neng ba tlile go bolawa, o ne a mmaya le mmelegi wa gagwe mo phaposing e e kwa teng ya borobalo. Ba ne ba kgona go mo fitlhela Athalia, ka jalo o ne a se ka a bolawa. 3 Mosadi yoo o ne a nna le ene dingwaga di le thataro, a fitlhilwe kwa ntlong ya ga Jehofa, fa Athalia ene a ne a busa lefatshe leo.

4 Mo ngwageng wa bosupa, Jehoiada o ne a laela gore go bidiwe baokamedi ba makgolo ba bafemedi ba Bakari le baokamedi ba bafemedi* ba ntlo ya segosi+ mme a laela gore ba tle kwa go ene kwa ntlong ya ga Jehofa. O ne a dira tumalano* le bone kwa ntlong ya ga Jehofa a bo a dira gore ba ikane gore ba tla e diragatsa, go tswa foo o ne a ba bontsha morwa kgosi.+ 5 O ne a ba laela jaana: “Seno ke se lo tla se dirang: Setlhopha se le sengwe mo ditlhopheng tsa lona tse tharo, se tla bereka ka Sabata mme se tla nna se disitse ntlo ya kgosi*+ ka kelotlhoko, 6 setlhopha sa bobedi se tla nna kwa Kgorong ya Motheo, mme setlhopha sa boraro se tla nna kwa kgorong e e fa morago ga bafemedi ba ntlo ya segosi. Lo tla refosana go disa ntlo eo. 7 Ditlhopha tsa lona tse pedi tse di tla bong di sa bereke ka Sabata di tshwanetse go nna di disitse ntlo ya ga Jehofa ka kelotlhoko gore di sireletse kgosi. 8 Lo tshwanetse go ema go dikologa kgosi mo matlhakoreng otlhe, mongwe le mongwe a tshotse dibetsa tsa gagwe. Ope fela yo o tsenang mo meleng o tla bolawa. Lo tsamaye le kgosi gongwe le gongwe kwa e yang gone.”*

9 Baokamedi ba makgolo+ ba ne ba dira fela jaaka moperesiti Jehoiada a ne a ba laetse. Ka jalo, mongwe le mongwe wa bone o ne a tsaya banna ba gagwe ba ba neng ba bereka ka Sabata, mmogo le ba ba neng ba sa bereke ka Sabata, mme ba ne ba ya kwa go moperesiti Jehoiada.+ 10 Go tswa foo, moperesiti o ne a naya baokamedi ba makgolo marumo le dithebe tse di kgolokwe tse e neng e le tsa ga Kgosi Dafide, tse di neng di le mo ntlong ya ga Jehofa. 11 Mme bafemedi ba ntlo ya segosi+ ba ne ba ema mo maemong a bone, mongwe le mongwe a tshotse dibetsa tsa gagwe, go tswa ka fa letlhakoreng la moja la ntlo go ya kwa letlhakoreng la molema la ntlo, fa thoko ga sebeso+ le fa thoko ga ntlo, go dikologa kgosi gotlhe fela. 12 Go tswa foo, Jehoiada o ne a ntsha morwa kgosi+ mme a mo rwesa serwalo sa segosi a bo a baya momeno o o nang le Molao wa Modimo*+ mo tlhogong ya gagwe, mme ba ne ba mo dira kgosi ba bo ba mo tlotsa. Ba ne ba simolola go opa diatla mme ba re: “A kgosi e tshele lobaka lo loleele!”+

13 E rile Athalia a utlwa modumo wa batho ba siana, ka yone nako eo o ne a ya kwa bathong kwa ntlong ya ga Jehofa.+ 14 Foo o ne a bona kgosi e eme fa pilareng go ya ka fa tlwaelong.+ Baokamedi le baletsi ba diterompeta+ ba ne ba na le kgosi, mme batho botlhe ba lefatshe leo ba ne ba itumela e bile ba letsa diterompeta. Fa Athalia a bona seo, o ne a gagoganya diaparo tsa gagwe mme a goa a re: “Leano la boferefere! Leano la boferefere!” 15 Le fa go ntse jalo, moperesiti Jehoiada o ne a laela baokamedi ba makgolo,+ ba ba neng ba tlhomilwe go okamela masole, mme a ba raya a re: “Mo ntsheng mo meleng, mme fa mongwe a mo sala morago, lo mmolaye ka tšhaka!” Gonne moperesiti o ne a rile: “Lo se ka lwa mmolaela mo ntlong ya ga Jehofa.” 16 Ka jalo, ba ne ba mo tshwara, mme fa a fitlha kwa lefelong le dipitse di neng di tsena mo ntlong ya kgosi*+ kwa go lone, o ne a bolaelwa gone koo.

17 Go tswa foo, Jehoiada o ne a dira kgolagano le Jehofa le kgosi le batho,+ gore ba tla tswelela e le batho ba ga Jehofa, mme gape o ne a dira kgolagano fa gare ga kgosi le batho.+ 18 Morago ga moo, batho botlhe ba lefatshe leo ba ne ba tla mo ntlong* ya ga Baale mme ba senya dibeso+ tsa gagwe, ba thubaganya ditshwantsho tsa gagwe gotlhelele+ ba bo ba bolaela Matane moperesiti wa ga Baale+ fa pele ga dibeso tseo.

Go tswa foo, moperesiti Jehoiada o ne a tlhoma balebedi gore ba okamele ntlo ya ga Jehofa.+ 19 Mo godimo ga moo, o ne a tsaya baokamedi ba makgolo,+ bafemedi ba Bakari, bafemedi ba ntlo ya segosi,+ le batho botlhe ba lefatshe leo gore ba dise kgosi fa e tswa mo ntlong ya ga Jehofa, mme ba ne ba ya kwa ntlong ya kgosi* ka tsela ya kgoro ya bafemedi ba ntlo ya segosi. Go tswa foo, kgosi e ne ya nna mo setulong sa bogosi sa dikgosi.+ 20 Ka jalo, batho botlhe ba lefatshe leo ba ne ba itumela, mme motse o ne wa iketla, ka gonne ba ne ba bolaile Athalia ka tšhaka kwa ntlong ya kgosi.

21 Jehoashe+ o ne a na le dingwaga di le supa fa a nna kgosi.+

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela