LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Dikgosi 17
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Dikgosi

      • Hoshea, kgosi ya Iseraele (1-4)

      • Iseraele e a fenngwa (5, 6)

      • Iseraele e isiwa botshwarwa ka ntlha ya botlhanogi (7-23)

      • Batswakwa ba isiwa kwa metseng ya Samarea (24-26)

      • Madumedi a a farologaneng a Basamarea (27-41)

2 Dikgosi 17:1

Ditshupiso

  • +2Dk 15:30

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 149

2 Dikgosi 17:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +2Dk 18:9; Isa 10:5, 6; Hos 10:14, 15
  • +2Dk 18:14

2 Dikgosi 17:4

Ditshupiso

  • +Isa 31:1

2 Dikgosi 17:6

Ditshupiso

  • +Hos 13:16
  • +Lef 26:32, 33; Dut 4:27; 28:64; 1Dk 14:15
  • +1Dt 5:26
  • +2Dk 18:9-11

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 145, 156

2 Dikgosi 17:7

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “boifa.”

Ditshupiso

  • +Ek 20:2
  • +Ek 20:5

2 Dikgosi 17:9

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa mo lefelong lengwe le lengwe, le ka tswa le na le batho ba le mmalwa kgotsa ba le bantsi.

Ditshupiso

  • +Hos 12:11

2 Dikgosi 17:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona polelwana “Kota e e boitshepo” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +Ek 34:13; Dut 16:21, 22
  • +Dut 12:2; Isa 57:5

2 Dikgosi 17:11

Ditshupiso

  • +Lef 20:23

2 Dikgosi 17:12

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Polelwana eno ka Sehebera e ka tswa e amana le lefoko le le kayang “boloko” mme e dirisitswe e le go bontsha letlhoo.

Ditshupiso

  • +1Dk 12:28-30; 21:25, 26
  • +Ek 20:3-5; Lef 26:1; Dut 4:23

2 Dikgosi 17:13

Ditshupiso

  • +2Dt 24:18, 19; 36:15, 16; Jer 25:4
  • +Isa 55:7

2 Dikgosi 17:14

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ba ne ba kgwaralatsa melala ya bone jaaka melala ya.”

Ditshupiso

  • +Dut 1:32; 31:27

2 Dikgosi 17:15

Ditshupiso

  • +Dut 5:2; 29:12
  • +Hos 4:6
  • +Dut 32:21; 1Sa 12:21
  • +Pes. 115:4-8; Isa 44:9
  • +Dut 12:30

2 Dikgosi 17:16

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Ditshupiso

  • +1Dk 12:28-30
  • +1Dk 14:15; 16:33
  • +Dut 4:19; Jer 8:2
  • +1Dk 16:30, 31; 22:51, 53; 2Dk 10:21; 23:4, 5

2 Dikgosi 17:17

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ba ne ba ralatsa bomorwaabone le bomorwadiabone molelo.”

  • *

    Seheb., “ithekisetsa.”

Ditshupiso

  • +2Dk 16:1, 3
  • +Dut 18:10; Mik 5:12

2 Dikgosi 17:18

Ditshupiso

  • +Jos 23:12, 13; Isa 42:24

Dikgatiso Tse di Farologaneng

  • Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

    “Lokwalo Longwe le Longwe,” ts. 145

2 Dikgosi 17:19

Ditshupiso

  • +1Dk 14:22; Jer 3:8
  • +Esk 23:4, 11

2 Dikgosi 17:21

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “gagola.”

Ditshupiso

  • +1Dk 12:20

2 Dikgosi 17:22

Ditshupiso

  • +1Dk 12:28-30

2 Dikgosi 17:23

Ditshupiso

  • +Dut 28:45, 63; 1Dk 14:16; Hos 1:4; Amo 5:27; Mik 1:6
  • +2Dk 18:11

2 Dikgosi 17:24

Ditshupiso

  • +2Dk 19:11, 13

2 Dikgosi 17:25

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “obamele.”

Ditshupiso

  • +Ek 23:29

2 Dikgosi 17:26

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “mekgwa ya bodumedi.”

2 Dikgosi 17:28

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “obamela.”

Ditshupiso

  • +Ge 28:18, 19; Jos 16:1; 1Dk 12:28, 29
  • +Joh 4:20-22

2 Dikgosi 17:29

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “medimo.”

2 Dikgosi 17:30

Ditshupiso

  • +2Dk 17:24

2 Dikgosi 17:31

Ditshupiso

  • +2Dk 18:34

2 Dikgosi 17:32

Ditshupiso

  • +1Dk 12:31, 32; 13:33

2 Dikgosi 17:33

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “mekgwa ya bodumedi.”

Ditshupiso

  • +2Dk 17:24, 41

2 Dikgosi 17:34

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “mekgwa ya bodumedi.”

  • *

    Seheb., “boifang.”

Ditshupiso

  • +Ge 32:28

2 Dikgosi 17:35

Ditshupiso

  • +Ek 19:5; 24:7; Dut 29:1
  • +Ek 20:3-5; 23:24; 34:14; Dut 5:9

2 Dikgosi 17:36

Ditshupiso

  • +Ek 6:6
  • +Dut 6:12, 13

2 Dikgosi 17:37

Ditshupiso

  • +Dut 31:9

2 Dikgosi 17:38

Ditshupiso

  • +Dut 4:23

2 Dikgosi 17:40

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “mekgwa ya bodumedi.”

Ditshupiso

  • +2Dk 17:34

2 Dikgosi 17:41

Ditshupiso

  • +Esr 4:1, 2

Ditemana Tse dingwe

2 Dikg. 17:12Dk 15:30
2 Dikg. 17:32Dk 18:9; Isa 10:5, 6; Hos 10:14, 15
2 Dikg. 17:32Dk 18:14
2 Dikg. 17:4Isa 31:1
2 Dikg. 17:6Hos 13:16
2 Dikg. 17:6Lef 26:32, 33; Dut 4:27; 28:64; 1Dk 14:15
2 Dikg. 17:61Dt 5:26
2 Dikg. 17:62Dk 18:9-11
2 Dikg. 17:7Ek 20:2
2 Dikg. 17:7Ek 20:5
2 Dikg. 17:9Hos 12:11
2 Dikg. 17:10Ek 34:13; Dut 16:21, 22
2 Dikg. 17:10Dut 12:2; Isa 57:5
2 Dikg. 17:11Lef 20:23
2 Dikg. 17:121Dk 12:28-30; 21:25, 26
2 Dikg. 17:12Ek 20:3-5; Lef 26:1; Dut 4:23
2 Dikg. 17:132Dt 24:18, 19; 36:15, 16; Jer 25:4
2 Dikg. 17:13Isa 55:7
2 Dikg. 17:14Dut 1:32; 31:27
2 Dikg. 17:15Dut 5:2; 29:12
2 Dikg. 17:15Hos 4:6
2 Dikg. 17:15Dut 32:21; 1Sa 12:21
2 Dikg. 17:15Pes. 115:4-8; Isa 44:9
2 Dikg. 17:15Dut 12:30
2 Dikg. 17:161Dk 12:28-30
2 Dikg. 17:161Dk 14:15; 16:33
2 Dikg. 17:16Dut 4:19; Jer 8:2
2 Dikg. 17:161Dk 16:30, 31; 22:51, 53; 2Dk 10:21; 23:4, 5
2 Dikg. 17:172Dk 16:1, 3
2 Dikg. 17:17Dut 18:10; Mik 5:12
2 Dikg. 17:18Jos 23:12, 13; Isa 42:24
2 Dikg. 17:191Dk 14:22; Jer 3:8
2 Dikg. 17:19Esk 23:4, 11
2 Dikg. 17:211Dk 12:20
2 Dikg. 17:221Dk 12:28-30
2 Dikg. 17:23Dut 28:45, 63; 1Dk 14:16; Hos 1:4; Amo 5:27; Mik 1:6
2 Dikg. 17:232Dk 18:11
2 Dikg. 17:242Dk 19:11, 13
2 Dikg. 17:25Ek 23:29
2 Dikg. 17:28Ge 28:18, 19; Jos 16:1; 1Dk 12:28, 29
2 Dikg. 17:28Joh 4:20-22
2 Dikg. 17:302Dk 17:24
2 Dikg. 17:312Dk 18:34
2 Dikg. 17:321Dk 12:31, 32; 13:33
2 Dikg. 17:332Dk 17:24, 41
2 Dikg. 17:34Ge 32:28
2 Dikg. 17:35Ek 19:5; 24:7; Dut 29:1
2 Dikg. 17:35Ek 20:3-5; 23:24; 34:14; Dut 5:9
2 Dikg. 17:36Ek 6:6
2 Dikg. 17:36Dut 6:12, 13
2 Dikg. 17:37Dut 31:9
2 Dikg. 17:38Dut 4:23
2 Dikg. 17:402Dk 17:34
2 Dikg. 17:41Esr 4:1, 2
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
  • 18
  • 19
  • 20
  • 21
  • 22
  • 23
  • 24
  • 25
  • 26
  • 27
  • 28
  • 29
  • 30
  • 31
  • 32
  • 33
  • 34
  • 35
  • 36
  • 37
  • 38
  • 39
  • 40
  • 41
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Dikgosi 17:1-41

Dikgosi wa Bobedi

17 Mo ngwageng wa bo12 wa ga Kgosi Ahase wa Juda, Hoshea+ morwa Ela o ne a nna kgosi ya Iseraele mo Samarea; o ne a busa dingwaga di le robongwe. 2 O ne a tswelela a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, mme gone e seng ka selekanyo sa dikgosi tsa Iseraele tse di nnileng teng pele ga gagwe. 3 Kgosi Shalemanesere wa Asiria o ne a tla go tlhabana le ene,+ mme Hoshea o ne a nna motlhanka wa gagwe a bo a simolola go mo duela sehuba.*+ 4 Le fa go ntse jalo, kgosi ya Asiria e ne ya utlwa gore Hoshea o ne a na le seabe mo leanong la boferefere, ka gonne o ne a rometse barongwa kwa go Kgosi So wa Egepeto+ mme o ne a se ka a tlisa sehuba kwa kgosing ya Asiria jaaka mo dingwageng tsa pele. Ka jalo, kgosi ya Asiria e ne ya mo tswalela mo kgolegelong a bofilwe.

5 Kgosi ya Asiria e ne ya tlhasela lefatshe leo lotlhe, mme e ne ya ya kwa Samarea e bo e kampa go e dikologa dingwaga di le tharo. 6 Mo ngwageng wa borobongwe wa ga Hoshea, kgosi ya Asiria e ne ya gapa Samarea.+ Go tswa foo, e ne ya isa batho ba Iseraele botshwarwa+ kwa Asiria mme ya dira gore ba nne kwa Hala le kwa Habore kwa nokeng ya Gosane+ le mo metseng ya Bameda.+

7 Seno se ne sa direga ka gonne batho ba Iseraele ba ne ba leofetse Jehofa, Modimo wa bone, yo o neng a ba ntshitse kwa lefatsheng la Egepeto mo taolong ya ga Faro kgosi ya Egepeto.+ Ba ne ba obamela* medimo e mengwe,+ 8 ba ne ba latela mekgwa ya ditšhaba tse Jehofa a neng a di lelekile fa pele ga Baiseraele, e bile ba ne ba latela mekgwa e dikgosi tsa Iseraele di neng di e tlhomile.

9 Baiseraele ba ne ba dira dilo tse di neng di sa siama mo matlhong a ga Jehofa, Modimo wa bone. Ba ne ba nna ba aga mafelo a a kwa godimo a a boitshepo mo metseng yotlhe ya bone,+ go simologa kwa toreng ya go lebelela go fitlha kwa motseng o o sireletsegileng.* 10 Ba ne ba nna ba itlhomela dipilara tse di boitshepo le dikota tse di boitshepo*+ mo thoteng nngwe le nngwe e e kwa godimo le ka fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se segolo;+ 11 mme ba ne ba tle ba kuise mosi wa ditlhabelo mo mafelong otlhe a a kwa godimo a a boitshepo fela jaaka go ne go dira ditšhaba tse Jehofa a neng a di isitse botshwarwa a di ntsha fa pele ga bone.+ Ba ne ba nna ba dira dilo tse di bosula gore ba kgopise Jehofa.

12 Ba ne ba tswelela ba direla medingwana e e ferosang sebete,*+ e Jehofa a neng a ba boleletse jaana ka yone: “Ga lo a tshwanela go dira seno!”+ 13 Jehofa o ne a nna a tlhagisa Iseraele le Juda a dirisa baporofeti botlhe ba gagwe le mmoni mongwe le mongwe wa diponatshegelo,+ a re: “Boang mo ditseleng tsa lona tse di bosula!+ Bolokang ditaelo tsa me le melao ya me go ya ka molao otlhe o ke o laetseng borraalonamogolo le o ke o lo romeletseng ka batlhanka ba me e bong baporofeti.” 14 Le fa go ntse jalo, ba ne ba se ka ba reetsa, mme ba ne ba tswelela ba le tlhogoethata jaaka* borraabonemogolo ba ba neng ba se ka ba bontsha tumelo mo go Jehofa, Modimo wa bone.+ 15 Ba ne ba tswelela ba gana melao ya gagwe le kgolagano ya gagwe+ e a neng a e dirile le borraabonemogolo le dikgakololo tsa gagwe tse a neng a di ba neile gore a ba tlhagise,+ mme ba ne ba nna ba latelela medingwana e e se nang mosola+ mme le bone ba ne ba nna ba ba se nang mosola,+ ba etsa ditšhaba tse di neng di ba dikologile tse Jehofa a neng a ba laetse gore ba se ka ba di etsa.+

16 Ba ne ba nna ba tlogela ditaelo tsotlhe tsa ga Jehofa, Modimo wa bone, mme ba dira difikantswe tse di bopilweng tsa dinamane tse pedi+ le kota e e boitshepo,*+ mme ba ne ba ikobela masomosomo otlhe a magodimo+ e bile ba ne ba direla Baale.+ 17 Gape ba ne ba fisa bomorwaabone le bomorwadiabone mo molelong,*+ ba ne ba dira boitseanape+ e bile ba batla ditshupo, mme ba ne ba nna ba ineelela* go dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, gore ba mo kgopise.

18 Ka jalo, Jehofa o ne a galefela Baiseraele fela thata, mo a neng a ba tlosa fa pele ga gagwe.+ O ne a se ka a letla ope gore a sale fa e se lotso lwa ga Juda fela.

19 Tota le Juda ga e a ka ya boloka ditaelo tsa ga Jehofa, Modimo wa bone;+ le bone ba ne ba tsamaya mo mekgweng e Iseraele e neng e e latetse.+ 20 Jehofa o ne a latlha ditlogolwana tsotlhe tsa Iseraele mme o ne a ba kokobetsa a bo a ba tsenya mo seatleng sa baba ba bone, go fitlha a ba ntshitse fa pele ga gagwe. 21 O ne a tsaya* Iseraele a e ntsha mo lelapeng la ga Dafide, mme ba ne ba dira Jeroboame morwa Nebate kgosi.+ Le fa go ntse jalo, Jeroboame o ne a faposa Iseraele gore e se ka ya sala Jehofa morago, mme o ne a dira gore ba dire boleo jo bogolo. 22 Mme batho ba Iseraele ba ne ba nna ba tsamaya mo maleong otlhe a Jeroboame a neng a a dirile.+ Ba ne ba se ka ba fapoga mo go one 23 go fitlha Jehofa a tlosa Iseraele fa pele ga gagwe, fela jaaka a ne a buile ka batlhanka ba gagwe botlhe e bong baporofeti.+ Ka jalo, Iseraele e ne ya tsewa mo lefatsheng la yone ya isiwa botshwarwa kwa Asiria,+ kwa ba neng ba nna gone go fitlha mo letsatsing leno.

24 Go tswa foo, kgosi ya Asiria e ne ya tlisa batho go tswa kwa Babelona, Kutha, Afa, Hamathe le Sefarefaime+ mme ya ba baya mo metseng ya Samarea mo boemong jwa Baiseraele; mme ba ne ba rua Samarea ba bo ba nna mo metseng ya yone. 25 Fa ba ne ba simolola go nna koo, ba ne ba sa boife* Jehofa. Ka jalo, Jehofa o ne a ba romelela ditau,+ mme di ne tsa bolaya bangwe ba bone. 26 Kgosi ya Asiria e ne ya begelwa jaana: “Ditšhaba tse o di dirileng batshwarwa mme wa di baya mo metseng ya Samarea ga di itse bodumedi* jwa Modimo wa lefatshe leo. Ka jalo, o nna a ba romelela ditau mme di a ba bolaya, ka gonne ga go na ope wa bone yo o itseng bodumedi jwa Modimo wa lefatshe leo.”

27 Foo kgosi ya Asiria e ne ya laela jaana: “Tsayang mongwe wa baperesiti yo lo mo dirileng motshwarwa yo o tswang teng, gore a boe a ye go nna teng mme a ba rute bodumedi jwa Modimo wa lefatshe leo.” 28 Ka jalo, mongwe wa baperesiti yo ba neng ba mo dirile motshwarwa go tswa kwa Samarea o ne a boa a ya go nna kwa Bethele,+ mme o ne a simolola go ba ruta gore ba tshwanetse go boifa* Jehofa jang.+

29 Le fa go ntse jalo, setšhaba sengwe le sengwe se ne sa itirela modimo* wa sone, o se neng sa o baya mo matlong a kobamelo a a mo mafelong a a kwa godimo a a boitshepo a Basamarea ba neng ba a dirile; setšhaba sengwe le sengwe se ne sa dira jalo mo metseng ya sone. 30 Ka jalo, banna ba Babelona ba ne ba dira modimo Sukotha-benothe, banna ba Kuthe ba ne ba dira modimo Neregale, banna ba Hamathe+ ba ne ba dira modimo Ashima, 31 mme Baafa ba ne ba dira modimo Nibehase le modimo Taratake. Basefarefaime ba ne ba tle ba fise bomorwaabone mo molelong, ba ba fisetsa Aderameleke le Anameleke, e leng medimo ya kwa Sefarefaime.+ 32 Le fa gone ba ne ba boifa Jehofa, ba ne ba tlhoma baperesiti ba mafelo a a kwa godimo a a boitshepo go tswa mo bathong ba bone, mme bano ba ne ba ba direla mo matlong a kobamelo mo mafelong ao a a kwa godimo.+ 33 Ka jalo, ba ne ba boifa Jehofa, mme gone ba ne ba obamela medimo ya bone go ya ka bodumedi* jwa ditšhaba tse ba neng ba tswa kwa go tsone.+

34 Go tla go fitlha mo letsatsing leno, ba ntse ba latela madumedi* a bone a pele. Ga go ope wa bone yo o obamelang* Jehofa, e bile ga go ope yo o ikobelang melao ya gagwe, dikatlholo tsa gagwe, Molao, le ditaelo tse Jehofa a neng a di neile bomorwa Jakobe, yo leina la gagwe le neng la fetolwa gore e nne Iseraele.+ 35 Fa Jehofa a ne a dira kgolagano le Baiseraele,+ o ne a ba laela a re: “Ga lo a tshwanela go boifa medimo e mengwe e bile ga lo a tshwanela go e ikobela kgotsa go e direla kgotsa go e ntshetsa ditlhabelo.+ 36 Mme Jehofa, yo o lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto ka maatla a magolo le ka lebogo le le otlolotsweng,+ ke Ene yo lo tshwanetseng go mmoifa,+ mme lo tshwanetse go mo ikobela, e bile lo tshwanetse go mo ntshetsa ditlhabelo. 37 Mme ka metlha lo latele ka kelotlhoko melawana, dikatlholo, Molao, le ditaelo tse a di lo kwaletseng,+ e bile ga lo a tshwanela go boifa medimo e mengwe. 38 Ga lo a tshwanela go lebala kgolagano e ke e dirileng le lona,+ e bile ga lo a tshwanela go boifa medimo e mengwe. 39 Jehofa, Modimo wa lona ke ene yo lo tshwanetseng go mmoifa, ka gonne ke ene yo o tla lo gololang mo seatleng sa baba botlhe ba lona.”

40 Le fa go ntse jalo, batho ba ditšhaba tseno ga ba a ka ba reetsa, mme ba ne ba latela bodumedi* jwa bone jwa pele.+ 41 Ka jalo, ba ne ba boifa Jehofa,+ mme gape ba ne ba direla ditshwantsho tsa bone tse di betlilweng. Bomorwaabone le ditlogolwana tsa bone tsa basimane, ba ne ba dira fela jaaka borraabonemogolo ba dirile go tla go fitlha mo letsatsing leno.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela