Jobe
27 Jobe o ne a tswelela ka puo* ya gagwe a re:
2 “Ke ikana ka Modimo yo o tshelang, yo o nkamogileng tshiamiso,+
Ke ikana ka Mothatayotlhe, yo o nkutlwisitseng botlhoko,+
3 Fa fela ke sa ntse ke hema
Le moya o o tswang kwa Modimong o le mo marobeng a dinko tsa me,+
4 Ga nkitla ke bua se se sa siamang;
Loleme lwa me le lone ga lo kitla lo ngunanguna tsietso!
5 Le ka motlha, nka se re lo batho ba ba siameng!
Ke tla tswelela ke ikanyega* mo Modimong go fitlha ke swa!+
6 Ke tla tswelela ka tshiamo ya me, mme ga nkitla ke e tlogela;+
Pelo ya me e ka se mpone molato* fa fela ke sa ntse ke tshela.*
7 E kete mmaba wa me a ka nna jaaka batho ba ba bosula,
Ba ba ntlhaselang ba ka nna jaaka batho ba ba sa siamang.
8 Gonne motho yo o sa dumeleng mo Modimong* o na le tsholofelo efe fa a senngwa,+
Fa Modimo a fedisa botshelo* jwa gagwe?
9 A Modimo o tla utlwa selelo sa gagwe
Fa a tlelwa ke matshwenyego?+
10 A Mothatayotlhe o tla dira gore a itumele?
A motho yoo o tla biletsa kwa Modimong ka dinako tsotlhe?
11 Ke tla lo ruta ka maatla* a Modimo;
Nka se fitlhe sepe ka Mothatayotlhe.
12 Fa e le gore lotlhe lo bone diponatshegelo,
Goreng se lo se buang se se na mosola jaana?
13 Eno ke kabelo ya motho yo o bosula e e tswang kwa Modimong,+
Boswa jo bagateledi ba bo amogelang go tswa kwa go Mothatayotlhe.
14 Fa bomorwawe ba nna bantsi, ba tla bolawa ka tšhaka,+
Mme ditlogolwana tsa gagwe ga di kitla di nna le dijo tse di lekaneng.
15 Bomorwawe ba ba salang ba tla bolawa ke bolwetse,
Mme basadi ba bone ga ba kitla ba ba lelela.
16 Tota le fa a ka kgobokanya selefera jaaka lorole
A bo a kokoanya diaparo tse dintle fela jaaka letsopa,
17 Le fa gone a ka di phutha,
Mosiami o tla di apara,+
Mme ba ba se nang molato ba tla kgaogana selefera ya gagwe.
18 Ntlo e a e agang e bokoa fela jaaka ntlo ya motoutwane,*
19 O tla ya go robala a humile, mme khumo ya gagwe e tla nyelela;*
Fa a bula matlho, ga a kitla a fitlhela sepe.
20 O welwa ke letshogo jaaka morwalela;
Setsuatsue se mo phamola bosigo.+
21 Phefo ya botlhaba e tla mo tsaya, mme o tla bo a seyo;
E mo pheula go tswa mo lefelong la gagwe.+
22 E tla itatlhela mo go ene e sa mo utlwele botlhoko+
Fa a ntse a kgaratlha a leka go tshaba maatla a yone.+