Jobe
8 Go tswa foo, Biledade+ wa Moshuha+ o ne a araba a re:
2 “O tla nna o bua jaana ka lobaka lo lo kae?+
Mafoko a gago a tshwana le phefo e e maatla!
3 A Modimo o tla sokamisa tshiamiso,
Kgotsa a Mothatayotlhe o tla sokamisa tshiamo?
4 Fa e le gore bomorwao ba mo leofetse,
O dira gore ba otlhaelwe go bo ba tlhanogile;*
5 Mme gone, fa o ka leba kwa Modimong+
E bile wa kopa Mothatayotlhe gore a go utlwele botlhoko,
6 Mme fa e le gore tota o ne o itshekile e bile o siame,+
O ne a tla go ela tlhoko,
A bo a go busetsa kwa lefelong la gago le le tshwanetseng.
7 Le fa gone o simolotse o le mo seemong se se kwa tlase,
O tla atlega thata mo nakong e e tlang.+
8 Tsweetswee, botsa kokomana ya pele,
Mme o tseye tsia dilo tse borraabone ba di fitlheletseng.+
9 Gonne re tshotswe maabane fela jaana, mme ga re itse sepe,
Ka gonne malatsi a rona mo lefatsheng a tshwana le moriti.
10 A ga ba kitla ba go ruta
Ba bo ba go bolelela se ba se itseng?*
11 A semela sa papirase se ka golela kwa godimo kwa go se nang bongola gone?
A lotlhaka lo ka golela kwa godimo go se na metsi?
12 Fa lo sa ntse lo tlhoga, lo ise lo kgetlwe,
Lo tla omelela pele ga dijalo tse dingwe.
13 Tseno ke diphelelo* tsa botlhe ba ba lebalang Modimo,
Gonne tsholofelo ya motho yo o sa dumeleng mo Modimong* e tla nyelela,
14 Yo tshepo ya gagwe e leng ya lefela
Le yo se a se ikantseng se leng bokoa jaaka bobi* jwa segokgo.
15 O tla ikaega ka ntlo ya gagwe, mme e tla wa;
O tla leka go e ngangatlela, mme ga e kitla e nnela ruri.
16 Ke semela se se bongola mo letsatsing,
Mme matlhogela a gagwe a aname mo tshingwaneng.+
17 Medi ya gagwe e logagana mo mokoeng wa maje;
O batla ntlo mo gare ga maje.*
18 Mme fa a kumolwa* mo lefelong la gagwe,
Lefelo leo le tla mo itatola le bo le re, ‘Ga ke ise nke ke go bone.’+
20 Eleruri Modimo a ka se gane ba ba tswelelang ba se na molato;
E bile a ka se eme nôkeng* batho ba ba bosula,
21 O tla dira gore o tshege
Le gore o goe gape ka boitumelo.
22 Batho ba ba go tlhoileng ba tla swabisiwa,
Mme tente ya ba ba bosula ga e kitla e nna teng.”