Dipesalema
Go mokaedi. Pina ya ga Dafide.
2 O mo neile se a se eletsang,+
E bile ga o a gana go mo naya se a se kopileng. (Selah)
4 O ne a go kopa botshelo, mme o ne wa bo mo naya,+
Botshelo jo boleele,* ka bosakhutleng le go ya go ile.
5 O tlotliwa thata ka gonne o a mmoloka.+
O mo naya seriti le bontlentle.
7 Gonne kgosi e ikanya Jehofa;+
Ka ntlha ya lorato lo lo sa kgaotseng lwa Mogodimodimo, ga e kitla e tshikinngwa.*+
8 Seatla sa gago se tla tshwara baba ba gago botlhe;
Seatla sa gago sa moja se tla tshwara ba ba go tlhoileng.
9 Ka nako e o e tlhomileng fa o tla bo o ba tlhatlhoba, o tla ba senya jaaka e kete o ba latlhela mo molelong.
Jehofa o tla ba kometsa a galefile, mme molelo o tla ba laila.+
10 O tla fedisa ditlogolwana* tsa bone,
E bile o tla nyeletsa bana ba bone.
13 Dira sengwe tlhe Jehofa, mme o bontshe nonofo ya gago.
Re tla go opelela dipako* ka ntlha ya maatla a gago.